Tshenolo 3 - BAEBELE e e BoitshepoMolaetsa go phuthego ya Saredise 1 “O kwalele moengele wa phuthego e e mo Saredise, o re: ‘Yo o nang le Mewa e supa ya Modimo, le dinaledi di supa, o bua dilo tse, a re: Ke a di itse ditiro tsa gago, jaaka o na le leina la gore o tshedile, mme o sule. 2 O nne tiso, o tlhomamise dilo tse di setseng, tse di ne di iketleeleditse go swa; gonne ga ke a fitlhela ditiro dipe tsa gago di weditswe fa pele ga Modimo wa me. 3 Ke gone, o gakologelwe ka fa o amogetseng wa utlwa ka teng; o go tshegetse, o bo o ikwatlhaye. Ka re, fa o sa dise, ke tlaa tla jaaka legodu, mme ga o ketla o itse nako e ke tlaa go welang ka yone. 4 O na le mainanyana mo Saredise, a ba ba se kang ba leswefatsa diaparo tsa bone; mme ba tlaa tsamaya le nna ba apere bosweu, gonne ba tshwanetse. 5 Yo o fenyang, o tlaa apesiwa jalo diaparo tse ditshweu; mme ga nketla ke phimola leina la gagwe gope mo lokwalong lwa botshelo, ke tlaa ipolela leina la gagwe fa pele ga Rre, le fa pele ga baengele ba gagwe. 6 “ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.’ Molaetsa go phuthego ya Filatelefia 7 “O kwalele moengele wa phuthego e e mo Filatelefia; o re: ‘Yo o boitshepo, yo o boammaaruri, yo o tshotseng sekopololo sa ga Dafite, yo o bulang, go bo go se ope yo o tlaa tswalang, a tswale, go bo go se ope yo o ka bulang, o bua dilo tse, a re: 8 Ke a di itse ditiro tsa gago. Bona, ke go kaetse mojako o o bulegileng, o go seng ope yo o ka o tswalang. Ke a itse fa o na le nonofonyana, mme wa boloka lefoko la me, wa se ka wa itatola leina la me. 9 Bona, ke tlisa bangwe ba phuthego ya ga Satane, bone ba ba ikayang gore ke Bajuta, mme e se bone, ba aka. Bona, ke tlaa dira gore ba tle ba obamele fa naong tsa gago, le gore ba itse fa ke go ratile. 10 E re ka o bolokile lefoko la bopelotelele jwa me, le nna ke tlaa go dibelela nako ya teko, e bong nako e e tlang go wela lefatshe lotlhe, go leka ba ba agileng mo lefatsheng. 11 Ke a tla ka bonako; se o nang naso o se tshware thata, gore ope a se ka a go tseela serwalo sa gago. 12 Yo o fenyang ke tlaa mo dira lokotwana mo tempeleng ya Modimo wa me, ga a ketla a tlhola a tswa gone gope; ke tlaa kwala mo go ene leina la Modimo wa me, le leina la motse wa Modimo wa me, e bong Jerusalema o moša, o o fologang mo legodimong kwa Modimong wa me, le leina le e leng la me le leša. 13 “ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.’ Molaetsa go phuthego ya Laodikea 14 “O kwalele moengele wa phuthego e e mo Laodikea, o re: ‘Yo e leng Amene, yo e leng mosupi yo o boikanngo le boammaaruri, tshimologo ya lobopo lwa Modimo, o bua dilo tse, a re: 15 Ke a di itse ditiro tsa gago, jaaka o se tsididi, o bile o se molelo. Ke rata wa bo o le tsididi kgotsa molelo. 16 E re ka o le motlha fela, o e molelo, o bile o se tsididi, ke tlaa go tlhatsa mo ganong la me. 17 Ka o tle o bue o re: “Ke humile, ke bapetse dikhumo, ga ke tlhoke sepe,” mme o sa itse fa o le ene mmenyana, o bile o le serorobi, le lehuma, le bofofu, le bosaikatega. 18 Ke a go gakolola ka re, o reke mo go nna gouta e e ntlafaditsweng ke molelo, gore o tle o hume; le diaparo tse ditshweu gore o tle o ikapese, le gore ditlhong tsa bosaikategang jwa gago di se senolwe; o reke le molemo wa matlho go itogetsa ka one, gore o tle o bone. 19 Botlhe ba ke ba ratang, ke a tle ke ba kgalemele, ke ba otlhaye; ka re, o tlhoafale, o bo o ikwatlhaye. 20 Bona, ke eme fa mojako ke kgwanyakgwanya; fa motho mongwe, le fa e le mang a utlwa lentswe la me, a mpulela, ke tlaa tsena kwa go ene ke ja selalelo nae, le ene le nna. 21 Yo o fenyang, ke tlaa mo naya gore a dule le nna mo setulong sa me sa bogosi, fela jaaka le nna ke fentse, mme ke dutse le Rre mo setulong sa gagwe sa bogosi. 22 “ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.’ ” |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa