Tshenolo 21 - BAEBELE e e BoitshepoLegodimo le leša le lefatshe le leša 1 Ka bona legodimo le leša le lefatshe le leša; gonne legodimo la ntlha le fetile, le lefatshe la pele; le lewatle ga le tlhole le le yo. 2 Ka bona motse o o boitshepo, Jerusalema o moša, o fologa mo legodimong o tswa kwa Modimong, o etleeditswe jaaka monyadwi yo o kgabetseng monna wa gagwe. 3 Ka utlwa lentswe le legolo le tswa mo setulong sa bogosi le re: “Bonang, boago jwa Modimo bo mo bathong, o tlaa aga nabo, ba tlaa nna batho ba one, le Modimo ka osi o tlaa nna nabo, o tlaa nna Modimo wa bone. 4 O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.” 5 Yo o dutseng mo setulong sa bogosi a re: “Bonang, dilo tsotlhe ke di dira seša.” Mme a re: “Kwala! Gonne mafoko a, a boikanngo le boammaaruri.” 6 A nthaya a re: “A dirafetse. Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo. Yo o nyorilweng ke tlaa mo nosa fela metsi a motswedi wa metsi a botshelo, a se na theko. 7 Yo o fenyang o tlaa rua dilo tse, mme ke tlaa nna Modimo wa gagwe, le ene o tlaa nna morwaake. 8 Ka ga ba ba magatlapa, le ba ba sa dumelang, le ba ba maswe, le babolai, le bagokafadi, le baloi, le ba ba direlang medimo ya disetwa, le baaki botlhe, kabelo ya bone e tlaa nna mo bodibeng jo bo šang ka molelo wa sulefura; mo e leng loso lwa bobedi.” Jerusalema yo moša 9 Ga tla mongwe wa baengele ba supa, ba ba neng ba tshotse megotšana e supa, ba ba rweleng dipetso di supa tsa bofelo; mme a nthaya a re: “Tla kwano, ke tlaa go bontsha monyadwi, mosadi wa ga Kwana.” 10 Mme a ntsaya ke le mo Moweng, a nkisa mo thabeng e kgolo e e godileng, a mpontsha motse o o boitshepo, Jerusalema, o fologa mo legodimong kwa Modimong. 11 O na le kgalalelo ya Modimo; go phatsima ga one ga bo go tshwana le lentswe le le tlhokegang thata, e kete lentswe la jasepere, le le phepa jaaka legakwa. 12 O na le lorako lo logolo lo lo godileng; o na le dikgoro di le 12, go le baengele ba le 12 fa dikgorong; tsone tsa bo di kwadilwe maina, a e leng maina a ditso tse 12 tsa bana ba Iseraele. 13 Ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi ga bo go le dikgoro di le tharo; ka fa ntlheng ya botsheka go le dikgoro di le tharo; ka fa ntlheng ya borwa go le dikgoro di le tharo; ka fa ntlheng ya bophirimatsatsi go le dikgoro di le tharo. 14 Lorako lwa motse lwa bo lo na le metheo e le 12, mo go lone go le maina a le 12 a baaposetole ba ba 12 ba Kwana. 15 Yo o buang le nna a bo a tshotse lotlhaka lwa gouta, e le selekanyo sa go lekanya motse, le mejako ya one, le lorako lwa one. 16 Motse wa bo a agilwe o le dintlha di le nne di lekalekanye fela, mme boleele jwa one bo le kana ka boatlhamo. Mme a lekanya motse ka lotlhaka, wa fitlhelwa o le dikilometara di le 2 400, go le boleele, le boatlhamo, le bogodimo jwa one, ga bo go lekalekanye fela. 17 A lekanya lorako lwa one, lwa fitlhelwa lo le bogodimo jwa dimetara di le 60 ka fa selekanyong sa motho, ke go re, sa moengele. 18 Mo go agiweng, lorako lwa one lo ne lo agilwe ka jasepere; motse o le gouta fela e e itshekileng, e tshwana le galase e e itshekileng. 19 Metheo ya lorako lwa motse e ne e kgabisitswe ka majana mangwe le mangwe a a tlhokegang. Motheo wa ntlha e le jasepere; wa bobedi, safire; wa boraro, kalesetone; wa bone emerelete; 20 wa botlhano, saretonikese; wa borataro saredio; wa bosupa kerisolete; wa bo 8, berile; wa bo 9, topase; wa bosome, kerisoperase; wa bo 11, jasinthe; wa bo 12, amethesete. 21 Ditswalo tsa dikgoro tse di 12 e ne e le diperela di le 12; setswalo sengwe le sengwe e le perela e le nngwe fela; mmila wa motse e le gouta fela e e itshekileng, e kete galase e e phepa gotlhe fela. 22 Ga ke a ka ka bona tempele mo go one, gonne Morena Modimo Mothatayotlhe, le Kwana, ke tempele ya one. 23 Mme motse ga o batle gore letsatsi le o phatsimele, le fa e le kgwedi; gonne kgalalelo ya Modimo e ne e o bonesa, le lampa ya one ke Kwana. 24 Merafe e tlaa tsamaya mo gare ga lesedi la one; le dikgosi tsa lefatshe di tlisa kgalalelo ya tsone mo go one. 25 Dikgoro tsa one ga di ketla di tswalwa gope go le motshegare, gonne ga go ketla go nna bosigo teng. 26 Mme ba tlaa tlisa kgalalelo le tlotlo ya merafe mo go one. 27 Ga go ketla go tsena mo go one sepe se se itshekologileng gope, le fa e le ene yo o dirang se se makgapha le maaka; fa e se ba ba kwadilweng mo lokwalong lwa botshelo lwa ga Kwana fela. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa