Tshenolo 20 - BAEBELE e e BoitshepoDingwaga tse di sekete 1 Ka bona moengele mongwe a fologa mo legodimong, mme ka seatla a tshotse sekopololo sa molete o o se nang bolekeletso, le keetane e kgolo. 2 Mme a tshwara kgogela, noga ya bogologolo, e e leng Diabolo le Satane, a mo golega kgolego ya dinyaga di le sekete. 3 A mo latlhela mo moleteng o o se nang bolekeletso, mme a o tswala, a ba a o kana mo godimo ga gagwe, gore a se ka a tlhola a tsietsa merafe, go tsamaya dinyaga tse di sekete di feta pele; morago ga moo o tlaa bona go gololwa ka lobakanyana. 4 Ka bona ditulo tsa bogosi, batho ba dula mo go tsone, ba neelwa katlholo; ka bona mewa ya ba ba kgaotsweng ditlhogo ka ntlha ya tshupo ya ga Jesu, le ka ntlha ya lefoko la Modimo, le ba ba se kang ba obamela sebatana, le fa e le setshwantsho sa sone, le gone ba se ka ba iteseletsa go tshwaiwa lotshwao mo diphatleng, le mo diatleng tsa bone; mme ba tshela ba ba ba busa le Keresete ka dinyaga di le sekete. 5 Baswi ba ba setseng ba se ka ba tshela, ga ba ga tla ga tsamaya dinyaga tse di sekete tsa feta pele. E ke yone tsogo ya ntlha. 6 Go sego, go bile go boitshepo yo o nang le kabelo mo tsogong ya ntlha; bao, loso lwa bobedi ga lo na thata mo go bone; ba tlaa nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, mme ba tlaa busa nae ka dinyaga di le sekete. Go fenngwa ga Satane 7 E tlaa re dinyaga tse di sekete di sena go feta, Satane o tlaa gololwa mo ntlong ya kgolegelo ya gagwe. 8 Mme o tlaa tswa a ya go tsietsa merafe e e mo dintlheng tsoo nne tsa lefatshe, Goge le Magoge, go ba phuthela kwa ntweng; ba palo ya bone e ntseng jaaka ya mošawa wa lewatle. 9 Ba saila, ba ralala boatlhamo jwa lefatshe, ba dika botlhaolelo jwa baitshepi, le one motse o o rategang; mme molelo wa fologa mo legodimong, wa ba laila. 10 Diabolo yo o ba tsieditseng a latlhelwa mo bodibeng jwa molelo le sulefura, kwa sebatana le moperofeti yo e seng ene le bone ba leng teng; mme ba tlaa tlhokofadiwa motshegare le bosigo, ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Katlholo ya bofelo ya baswi 11 Ka bona setulo se segolo se sesweu sa bogosi, le ene yo o dutseng mo go sone, yo lefatshe le tshabileng sefatlhogo sa gagwe, le legodimo; mme ga se ka ga fitlhelwa fa a ka nnang teng. 12 Ka bona baswi, bagolo le bannye, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi; mme dikwalo dingwe tsa menololwa; lokwalo lo longwe lwa menololwa, lo e leng lokwalo lwa botshelo; mme baswi ba atlholwa ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalong, ka fa ditirong tsa bone. 13 Lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso lwa ntsha baswi ba ba mo go lone, le Bobipo jalo; ba atlholwa botlhe ka fa ditirong tsa bone. 14 Loso lwa latlhelwa mo bodibeng jwa molelo, le Bobipo jalo. Lo ke lone loso lwa bobedi, e bong bodiba jwa molelo. 15 Mme fa mongwe a ne a fitlhelwa a sa kwalwa mo lokwalong lwa botshelo, o ne a latlhelwa mo bodibeng jwa molelo. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa