Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Tshenolo 19 - BAEBELE e e Boitshepo

1 E rile morago ga dilo tse ka utlwa e kete lošalaba lo logolo lwa boidiidi jo bogolo jwa batho mo legodimong, le re: “Haleluja! Poloka, le kgalalelo, le thata, ke tsa Modimo wa rona.

2 Gonne dikatlholo tsa one di boammaaruri le tshiamo; gonne o sekisitse seaka se segolo, se se kileng sa bodisa lefatshe ka kgokafalo ya sone, mme o lefeditse madi a batlhanka ba one mo seatleng sa sone.”

3 Mme ba fela ba bua lwa bobedi ba re: “Haleluja! Mosi wa gagwe o tlhatloga ka bosakhutleng le ka bosaengkae.”

4 Bagolwane ba ba 24, le ditshedi tse nne, ba wela fa fatshe, ba obamela Modimo o o dutseng mo setulong sa bogosi ba re: “Amen! Haleluja!”

5 Lentswe la tswa mo setulong sa bogosi la re: “Bakang Modimo wa rona, lona lotlhe batlhanka ba one, lona ba lo o boifang, bannye le bagolo.”


Moletlo wa Kwana

6 Ka utlwa e kete lošalaba lwa boidiidi jo bogolo jwa batho, lo bile lo ntse jaaka mosumo wa metsi a le mantsi, lo bile lo ntse jaaka ditumo tse dikgolo tsa maru lo re: “Haleluja! Gonne Morena Modimo wa rona, Mothatayotlhe, o a busa.

7 A re itumeleng, re ipeleng thata, a re o galaletse; gonne nyalo ya Kwana e fitlhile, le mosadi wa gagwe o ipaakantse.

8 Mme mosadi a neelwa gore a ikapese ka leloba le le boleta, le le phatsimang, le lentle.” Gonne leloba le le boleta ke ditiro tse di siameng tsa baitshepi.

9 Mme a nthaya a re: “Kwala o re: ‘Go sego ba ba lalelediwang selalelo sa nyalo ya Kwana!’ ” A nthaya a re: “A ke mafoko a ammaaruri a Modimo.”

10 Ka wela fa pele ga dinao tsa gagwe ka re ke a mo obamela. A nthaya a re: “O se ka wa ba wa go dira moo; ke motlhanka ka wena, le ka ba gaeno ba ba bolokileng tshupo ya ga Jesu. Obamela Modimo; gonne tshupo ya ga Jesu ke mowa wa thuto.”


Mopalami wa pitse e tshweu

11 Ka bona legodimo le atlhamologile. Bonang, ga bo go le pitse e tshweu, le yo o e pagameng go twe, Boikanngo le Boammaaruri; o a atlhola, o bile o dira ntwa mo tshiamong.

12 Matlho a gagwe ke kgabo ya molelo, mo tlhogong ya gagwe go dirwalo di le dintsi tsa mekgabo; o kwadilwe leina le go seng ope yo o le itseng fa e se ene esi fela.

13 O apere seaparo se se kgatshegileng madi; mme leina la gagwe go twe, Lefoko la Modimo.

14 Dintwa tse di mo legodimong tsa mo sala morago, di pagame dipitse tse ditshweu, ba apere leloba le le boleta, le le lesweu le lentle.

15 Mo ganong la gagwe ga tswa tšhaka e e bogale, gore a kgemethe merafe ka yone; mme o tlaa di busa ka tsamma ya tshipi; o gata segatisetso sa bojalwa sa bogale jwa tšhakgalo ya Modimo Mothatayotlhe.

16 Mo seaparong sa gagwe le ka fa seropeng sa gagwe, go kwadilwe leina go twe: KGOSI YA DIKGOSI, LE MORENA WA BARENA.

17 Mme ka bona moengele mongwe a eme mo letsatsing; mme a kua ka lentswe le legolo, a raya dinonyane tsotlhe tse di fofang fa gare ga loapi lwa legodimo a re: “Tlang lo phuthegele selalelo se segolo sa Modimo;

18 gore lo je nama ya dikgosi, le nama ya beng ba mephato, le nama ya banna ba ba thata, le nama ya dipitse, le ya ba ba di pagameng, le nama ya batho botlhe, ba e leng bana ba motse le batlhanka, bannye le bagolo.”

19 Ka bona sebatana, le dikgosi tsa lefatshe, le dintwa tsa tsone, di kokoanetse ene yo o pagameng pitse le ntwa ya gagwe, go tlhabana nae.

20 Mme sebatana sa tshwarwa, se na le moperofeti yo e seng ene, yo o dirileng ditshupo mo ponong ya sone, tse o tsieditseng ka tsone ba ba tshwailweng lotshwao lwa sebatana, le ba ba obamelang setshwantsho sa sone; mme ka bobedi jwa bone ba latlhelwa ba sa tshedile, mo bodibeng jwa molelo jo bo šang ka sulefura.

21 Ba bangwe ba bolawa ka tšhaka ya yo o pagameng pitse, e bong ka tšhaka e e tswang mo ganong la gagwe; mme dinonyane tsotlhe tsa kgora nama ya bone.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan