Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Tshenolo 13 - BAEBELE e e Boitshepo


Dibatana tse pedi

1 Ka bona sebatana sengwe se tlhatloga mo lewatleng, se na le dinaka di le some le ditlhogo di supa, mo dinakeng tsa sone ga bo go le dirwalo tsa mekgabo di le some, mo ditlhogong tsa sone ga bo go le maina a tlhapatso.

2 Sebatana se ke se bonyeng sa bo se tshwana le nkwe, maroo a sone a bo a ntse jaaka maroo a bera, molomo wa sone o ntse jaaka molomo wa tau; mme kgogela ya se naya thata ya yone, le setulo sa yone sa bogosi, le taolo e kgolo.

3 Ka bona tlhogo nngwe ya sone, e kete e kile ya rengwa ya swa; mme go rengwa ga yone ga loso ga bo go fodile; mme lefatshe lotlhe la gakgamalela sebatana se, la se sala morago;

4 mme ba obamela kgogela, ka e neile sebatana taolo ya yone; ba obamela sebatana ba re: “Mang yo o tshwanang le sebatana? Mang yo o nonofileng go tlhabana le sone?”

5 Mme sa newa molomo o o buang dilo tse dikgolo le ditlhapatso; sa newa taolo ya go tswelela pele ka dikgwedi di le 42.

6 Mme sa tswa molomo sa tlhapatsa Modimo, sa tlhapatsa leina la one, le bonno jwa one, e bong bone ba ba ntseng mo legodimong.

7 Sa newa go epela baitshepi dira, le go ba fenya; sa newa taolo mo lotsong longwe le longwe, le tšhaba, le puo, le morafe.

8 Mme botlhe ba ba agileng mo lefatsheng ba tlaa se obamela, e bong mongwe le mongwe yo leina la gagwe le se kang la kwalwa mo lokwalong lwa botshelo lwa Kwana, yo o sa leng ka a tlhajwa lefatshe le thaiwa.

9 Fa motho le fa e le mang a na le tsebe, a a utlwe.

10 Fa motho le fa e le mang a rata go isa ba bangwe botshwarong, ene o ya botshwarong; fa motho a rata go bolaya ka tšhaka, ene o na le go bolawa ka tšhaka. Mo ke gone mo go bonalang bopelotelele jwa baitshepi, le tumelo ya bone.

11 Ka bona sebatana se sengwe se tlhatloga mo lefatsheng; sa bo se na le dinaka di le pedi jaaka kwana, sa bo se bua jaaka kgogela.

12 Se dira ka taolo yotlhe ya sebatana sa pele mo ponong ya sone. Se patelela lefatshe le ba ba agileng mo go lone, gore ba obamele sebatana sa pele, se go rengwa ga sone ga loso go ne go fodile.

13 Se dira ditshupo tse dikgolo, se be se tle se folose molelo kwa legodimong, o tle mo lefatsheng mo ponong ya batho.

14 Se tsietsa ba ba agileng mo lefatsheng, ka ntlha ya ditshupo tse se neilweng thata ya go di dira mo ponong ya sebatana; se reye ba ba agileng mo lefatsheng se re, ba direle sebatana setshwantsho, e bong sone se se nang le lobadi lwa tšhaka, mme se tshedile.

15 Sa newa thata ya go se tsenya mowa, e bong setshwantsho sa sebatana, gore se bue, se be se dire gore botlhe ba ba sa obameleng setshwantsho sa sebatana ba bolawe.

16 Mme se patelele botlhe, bannye le bagolo, bahumi le bahumanegi, ba e leng bana ba motse le batlhanka, gore ba bewe lotshwao mo seatleng se segolo, kgotsa mo phatleng;

17 le gore go se nne motho ope yo o ka rekang le fa e le go bapatsa, fa e se yo o nang le lotshwao, e bong leina la sebatana, kgotsa palo ya leina la sone.

18 Botlhale ke jo. Yo o nang le tlhaloganyo, a a bale palo ya sebatana; gonne ke palo ya motho: palo ya sone ke 666.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan