Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Tshenolo 10 - BAEBELE e e Boitshepo


Moengele le lokwalonyana lo lo menaganeng

1 Ka bona moengele yo mongwe yo o thata, a fologa mo legodimong, a apere leru; mme motshe wa godimo wa bo o le mo tlhogong ya gagwe, sefatlhogo sa gagwe sa bo se ntse jaaka letsatsi, le maoto a gagwe a ntse jaaka dithogomosi tsa molelo;

2 a bo a tshotse lokwalonyana ka seatla lo menolotswe; lonao lwa gagwe lo logolo a lo tlhoma mo lewatleng, le lwa molema a lo tlhoma mo lefatsheng;

3 mme a goa ka lentswe le legolo, jaaka fa tau e duma; ya re a goa, ditumo di supa tsa maru tsa ntsha dikodu tsa tsone.

4 Mme ya re ditumo tse supa tsa maru di ntsha dikodu tsa tsone, ka bo ke re ke a kwala; mme ka utlwa lentswe le tswa legodimong le re: “Kanela dilo tse ditumo tse di supang tsa maru di di boletseng, o se ka wa di kwala.”

5 Mme moengele yo ke mmonyeng a eme mo lewatleng le mo lefatsheng, a tsholeletsa letsogo la gagwe le legolo kwa legodimong.

6 A ikana ka ene yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae, yo o tlhodileng legodimo le dilo tse di mo go lone, le lefatshe le dilo tse di mo go lone, le lewatle le dilo tse di mo go lone, a re: “Lobaka ga lo ketla lo tlhola lo le gone;

7 mme e tlaa re mo metlheng ya lentswe la moengele wa bosupa, fa a tlaa tloga a letsa, foo go bo go wediwa bosaitsiweng jwa Modimo, ka fa mafokong a a molemo a o a boleletseng baperofeti batlhanka ba one.”

8 Lentswe le ke le utlwileng le tswa legodimong, ka ba ka le utlwa gape le mpuisa le re: “Ya o tseye lokwalo lo lo menolotsweng, lo lo mo seatleng sa moengele yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng.”

9 Mme ka ya kwa moengeleng, ka mo raya ka re, a nneye lokwalonyana loo. Mme a nthaya a re: “Lo tseye, o lo je o lo swetse; lo tlaa fetola mala a gago a nna bogalaka, mo ganong la gago lo tlaa nna monate jaaka dinotshe.”

10 Mme ka tsaya lokwalonyana mo seatleng sa moengele, ka lo ja ka lo swetsa; mme mo ganong la me lwa bo lo le monate jaaka dinotshe; ya re ke sena go lo ja, mala a me a fetoga a nna bogalaka.

11 Ba nthaya ba re: “O na le go ba o perofesa gape ka ga batho ba le bantsi le merafe, le dipuo, le dikgosi.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan