Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Sekarie 1 - BAEBELE e e Boitshepo


Jehofa o bitsa batho go boela kwa go ene

1 E rile ka kgwedi ya bofera mebedi, ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario, lefoko la ga Jehofa la tla kwa go Sekaria morwa Berekia, morwa Ido moperofeti, la re:

2 “Jehofa o ntse a itumologetse borraeno thata.

3 Ke gone jaana o ba reye o re: ‘Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: Boelang mo go nna, go bua Jehofa wa masomosomo, mme ke tlaa boela mo go lona,’ go bua Jehofa wa masomosomo.

4 Lo se ka lwa nna jaaka borraeno, ba baperofeti ba pele ba ne ba kua mo go bone, ba re: ‘Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: Boang jaana mo ditseleng tsa lona tse di bosula, le mo ditirong tsa lona tse di bosula;’ mme ga ba a ka ba utlwa, le fa e le go ntheetsa, go bua Jehofa.

5 Borraeno ba kae? Le baperofeti a ba tshela ka bosakhutleng?

6 Mafoko a me le ditao tsa me tse ke di laoletseng baperofeti, batlhanka ba me, a ga di a ka tsa latela borraeno tsa ba tshwara? Mme ba boa, ba re: ‘Fela jaaka Jehofa wa masomosomo a ne a gopotse go re direla, ka fa mekgweng ya rona le ka fa ditirong tsa rona, o re diretse fela jalo.’ ”


Ponatshegelo ya moperofeti, ya dipitse

7 E rile ka letsatsi la 24 la kgwedi ya 11, e e leng kgwedi ya Sebate, ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario, lefoko la ga Jehofa, la tla kwa go Sekaria morwa Berekia, morwa Ito moperofeti la re:

8 Ka leba bosigo, mme bonang, motho a palame pitse e le khunou, mme a bo a eme mo gare ga ditlhare tsa maretela tse di kwa tlase; morago ga gagwe go ne go le dipitse tse di khunou, le tse dikwebu, le tse di tshweu.

9 Foo ka re: “Morena wa me, ke eng tse?” Mme moengele yo o buang le nna a nthaya, a re: “Ke tlaa go supetsa gore dilo tse ke eng.”

10 Mme monna yo o ne a eme mo gare ga ditlhare tsa maretela a mphetola, a re: “Ba ke bone ba Jehofa o ba romileng, ba tlaa go ya kwa le kwa ba ralale lefatshe.”

11 Mme ba fetola moengele wa ga Jehofa yo o emeng mo ditlhareng tsa maretela ba re: “Re sepeletse kwa le kwa re raletse lefatshe, mme bonang, lefatshe lotlhe le dutse fela, le mo boiketlong.”

12 Foo moengele wa ga Jehofa a fetola, a re: “Jehofa wa masomosomo, e tlaa nna lobaka lo lokae o ntse o sa utlwele Jerusalema botlhoko le metse ya Juta, e o ntseng o le bogale nayo ka dinyaga tse di 70 tse?”

13 Mme Jehofa a fetola moengele yo o buang le nna ka mafoko a a molemo, e bong mafoko a a gomotsang.

14 Jalo moengele yo o buang le nna a nthaya a re: “Kua, o re: Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: ‘Ke lefufa le legolo ka ga Jerusalema le Sione.

15 Ke itumologetse thata merafe e e ntseng ka boiketlo fela; gonne ke ne ke itumologile go le gonnye, mme ya tlhotlheletsa patiko.’

16 “Ke gone ka moo, go bua Jehofa, a re: ‘Ke boetse mo Jerusalema ka mautlwelobotlhoko; ntlo ya me e tlaa agiwa mo go one.’ Go bua Jehofa wa masomosomo; mme mogala o tlaa namalalediwa Jerusalema.

17 “Kua gape, o re: Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: ‘Metse ya me e tlaa nama e anama ka ntlha ya go tlhogonolofala; Jehofa o tlaa nama a gomotsa Sione, o tlaa nama a itshenkela Jerusalema.’ ”


Ponatshegelo ya moperofeti ya dinaka

18 Mme ka tsholetsa matlho a me, ka leba, mme bonang, ga bo go le dinaka di le nne.

19 Ka raya moengele yo o buang le nna, ka re: “Ke eng tse?” Mme a mphetola, a re: “Tse ke dinaka tse di phatlaladitseng Juta, le Iseraele le, Jerusalema.”

20 Jehofa a ntshupetsa bathudi ba le bane.

21 Foo ka re: “Bao ba tla go dirang?” Mme a bua a re: “Tseo ke dinaka tse di phatlaladitseng Juta, ga tsamaya ga se ka ga sala motho ope yo o tsholetsang tlhogo; mme bao ba tsile go di kgobola go latlhela fa fatshe dinaka tsa merafe e e kileng ya tsholeletsa lefatshe la Juta lonaka go le phatlalatsa.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan