Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Sehela 1 - BAEBELE e e Boitshepo

1 Sefela sa difela, se e leng sa ga Solomone.


SEFELA SA NTLHA Sa Mosadi

2 A a nkatle ka dikatlo tsa molomo wa gagwe; gonne lorato lwa gago lo molemo bogolo go bojalwa jwa mofine.

3 Ditlolo tsa gago di na le monko o o monate; leina la gago le ntse jaaka setlolo se se itshelwang; ke gone ka moo makgarebane a go ratang.

4 Nkgoga, re tlaa siana re go setse morago; kgosi e nkisitse mo matlwaneng a yone; re tlaa itumela re ipela mo go wena, re tlaa umaka lorato lwa gago bogolo go bojalwa jwa mofine; ba go rata ka tshiamo.

5 Ke montsho, mme ke montle, lona bomorwadia Jerusalema, jaaka megope ya Ketare, jaaka disiro tse di lepelelang tsa ga Solomone.

6 Lo se ka lwa nteba, ka gobo ke le montsho, ka gobo letsatsi le mpabotse. Bomorwa mme ba ne ba nkgakaletse, ba ntira molebedi wa masimo a mafine; mme e leng tshimo ya me ya mafine ga ke a e lebela.

7 Mpolelela, wena yo mowa wa me o go ratang, kwa o hudisang letsomane la gago gone, kwa o le bothisang gone go le motshegare; gonne ke tlaa bo ke nnelang jaaka mongwe yo o kailang mo matsomaneng a bankane ba gago?


Sa Monna

8 Fa o sa itse, wena yo montlentle bogolo mo basading, tswa le motlhala wa matsomane, mme o hudise dipotsane tsa gago fa megopeng ya badisa.

9 Moratwa wa me, ke go tshwantshitse le pitse mo dikareng tsa ga Faro.

10 Marama a gago a mantle ka metshopho ya moriri, le thamo ya gago ka majana a a tlhokegang a a fololetsweng.

11 Re tlaa go direla metsila ya gouta e na le kgotlwana tsa selefera.


Sa Mosadi

12 E rile kgosi e dutse fa bojelong jwa yone, bolao jwa me jwa nareto jwa utlwatsa monko wa jone.

13 Mo go nna moratwa wa me o ntse jaaka ngatana ya mera, e e lalang fa gare ga mabele ame.

14 Mo go nna moratwa wa me o ntse jaaka lerose la dithunya tsa motlhatswameno mo masimong a mafine a Enegedi.


Sa Monna

15 Bona, o montle, moratwa wa me; bona, o montle; matlho a gago a ntse jaaka matseba.


Sa Mosadi

16 Bona o montle, moratwa wa me, ee, o natefo; bolao jwa rona bo bile bo botala.

17 Mesipuri ya ntlo ya rona ke masetara, le ditlhomeso tsa rona ke marukuru.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan