Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ruthe 1 - BAEBELE e e Boitshepo


Elimeleke le bantlo ya gagwe ba hudugela kwa Moabe

1 Ga dirala e rile mo metlheng ya fa baatlhodi ba atlhola, ga bo go le leuba mo lefatsheng. Monna mongwe wa Bethelehema wa Juta a ya go jaka mo lefatsheng la Moabe, ene le mosadi wa gagwe, le bomorwawe ba le babedi.

2 Leina la monna yoo e ne e le Elimeleke, leina la mosadi wa gagwe e le Naomi, maina a bomorwawe ba babedi e le Mahelone, le Kilione, e le Baeferatha ba Bethelehema wa Juta. Ba tla mo lefatsheng la Moabe, ba agaaga gone.

3 Elimeleke monna wa ga Naomi a swa; mme mosadi a tlogelwa, le bomorwawe ba babedi.

4 Mme ba itseela basadi mo basading ba Moabe; leina la mongwe e ne e le Orepa, leina la yo mongwe e le Ruthe. Ba aga gone e ka ne e le dinyaga di le some.

5 Mahelone le Kilione ba swa boo babedi; mme mosadi a tlogelwa ke bana ba gagwe ba babedi, le ke monna wa gagwe.

6 Foo a nanoga le betsi ba gagwe, a re o boa kwa lefatsheng la Moabe, gonne e ne ya re a le mo lefatsheng la Moabe a utlwa fa Jehofa a lekotse batho ba ga gabo ka go ba naya dijo.

7 A tswa felong fa o ne a le gone, le betsi ba gagwe ba babedi ba na nae; ba tswelela mo tseleng, ba re ba boela lefatsheng la Juta.

8 Naomi a raya betsi ba gagwe ba babedi a re: “Tsamayang, mongwe le mongwe wa lona a boele kwa ga mmaagwe; a Jehofa a lo direle ka pelonomi, jaaka lona lo diretse baswi le nna.

9 A Jehofa a lo neye gore lo bone boikhutso, mongwe le mongwe wa lona mo ntlong ya monna wa gagwe.” Foo a ba atla; mme ba tsholetsa mantswe ba lela.

10 Ba mo raya ba re: “Nnyaa, re tlaa boa nao re ya kwa bathong ba gaeno.”

11 Naomi a re: “Bang lo boe bomorwadiaka; lo bo lo elang le nna? A ke sa na le bana ba basimane mo sebopelong sa me, gore ba tle ba nne banna ba lona?

12 Bang lo boe bomorwadiaka, lo tsamaye; gonne nna ke tsofetse bobe, ga ke na go bona monna. Fa nka bo ke re, ke na le tsholofelo, fa nka bo ke ne ke ka bona monna fela bosigong jono, ka bona bana ba basimane,

13 ka re: A lo ne lo tlaa ba leta go tsamaya ba gola? A lo ne lo tlaa ithiba mo go tseweng ke banna ka ntlha ya moo? Nnyaa, bomorwadiaka; gonne go a nkhutsafatsa thata ka ntlha ya lona, gonne letsogo la ga Jehofa le nkwetse go tlhabana le nna.”

14 Ba tsholetsa mantswe ba lela gape; Orepa a atla matsalaagwe; mme Ruthe ene a mo ngaparela.

15 A re: “Bona, mogwakao o boetse kwa bathong ba ga gabo, le kwa modimong wa gagwe; boa le wena o latele mogwakao.”

16 Ruthe a re: “O se ka wa nthapela gore ke go tlogele, ke boe, ke kgaogane le go go sala morago; gonne kwa o yang gone, ke tlaa ya gone; kwa o lalang gone, ke tlaa lala gone; batho ba gaeno e tlaa nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tlaa nna Modimo wa me;

17 kwa o swelang gone ke tlaa swela gone, ke ba ke fitlhwa gone; a Jehofa a ntirele jalo, a ba a fetise, fa sengwe se ka nkgaoganya nao fa e se loso fela.”

18 E rile a bona fa a itlhomamiseditse ruri go ya nae, a lesa go tlhola a bua nae.

19 Jalo ba babedi bao ba tsamaya fela ba fitlha mo Bethelehema. Ga dirala ya re ba tla mo Bethelehema, motse otlhe wa huduega ka ga bone, mme basadi ba re: “A ke ene Naomi?”

20 A ba raya a re: “Lo se ka lwa mpitsa Naomi, mme lo mpitse Mara: gonne Mothatayotlhe o ntiretse mo go botlhoko thata.

21 Ka tswa ke tletse, mme Jehofa o mpuseditse gae ke iphotlhere fela; lo mpiletsang Naomi, ka e le fa Jehofa a ntshupile ka go nnyatsa, le Mothatayotlhe o nkutlwisitse botlhoko?”

22 Jalo Naomi a boa, le Ruthe wa Momoabe, ngwetsi wa gagwe a nna nae, yo o boileng kwa lefatsheng la Moabe; mme ba tla mo Bethelehema ka tshimologo ya thobo ya barele.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan