Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Obadie 1 - BAEBELE e e Boitshepo


Morena o tlaa otlhaya Etome

1 Ponatshegelo ya ga Obadia. Go bua jaana Morena Modimo ka ga Etome; a re: “Re utlwile mafoko a a tswang mo go Jehofa, mme morongwa mongwe o romilwe mo merafeng a re: ‘Nanogang, a re nanogeng re yeng go tlhabana nae.’

2 Bona, ke go dirile mmotlana mo merafeng, o nyatsegile thata.

3 Mabela a pelo ya gago a go tsieditse, wena yo o agileng mo dipharong tsa lefika, yo bonno jwa gago bo leng kwa godimo, yo o buang mo pelong, o re: ‘E mang yo o tlaa mpholosetsang fa fatshe?’

4 Le fa o palamela kwa godimodimo jaaka ntswi yo motona, le fa setlhaga sa gago se ka bo se tlhomilwe mo dinaleding, ke tlaa go folosa teng,” go bua Jehofa.

5 Fa magodu a ka tla mo go wena, le fa e le dinokwane bosigo (ana o ka bo o kgaotswe jang!) a ba ne ba se ketla ba utswa go tsamaya ba kgora? Fa bahudi ba difine ba ka tla mo go wena, a ba ne ba se ketla ba sia maronopo mangwe a difine.

6 Ana dilo tsa ga Esau di hukuditswe jang! Dikhumo tsa gagwe tse di fitlhilweng di batlilwe jang!

7 Banna botlhe ba kgolagano nao ba go buledisitse, ba ya nao fela kwa molelwaneng; banna ba ba neng ba le kagiso nao ba go tsieditse, mme ba go fentse; ba ba jang dijo tsa gago ba go beela seru; ga go na tlhaloganyo epe mo go ene.

8 “A ga nketla ke senya matlhale a tloga mo Etome mo motlheng oo, le tlhaloganyo ya tswa mo thabeng ya ga Esau,” go bua Jehofa?

9 “Le diganka tsa gago, wena Temane, di tlaa rerega, e le ka boikaelelo jwa go re, mongwe le mongwe a kgaolwe mo thabeng ya ga Esau ka polao.”


Mabaka a kwatlhao ya ga Etome

10 “Ditlhong di tlaa go khurumetsa ka ntlha ya thubako e e diretsweng monnao Jakobe, mme o tlaa kgaolwa ka bosakhutleng.

11 E rile mo motlheng o o ne wa ema ka one kwa thoko, ka letsatsi le baeng ba ne ba gapa thoto ya gagwe ka lone, le batho ba ditšhaba ba tsena mo dikgorong tsa gagwe, mme ba thelela Jerusalema bola, le e leng wena o ne o ntse jaaka mongwe wa bone.

12 O se ka wa leba letsatsi la ga monnao mo motlheng wa tatlhego ya gagwe, o bo o se ka wa itumelela bana ba Juta mo tsatsing la tshenyego ya bone; o se ka wa bua ka pelafalo mo motlheng wa pitlagano.

13 O se ka wa tsena mo kgorong ya batho ba me mo motlheng wa tshenyegelo ya bone; ee, o se ka wa leba patikego ya bone, mo motlheng wa tshenyegelo ya bone, le gone lo se ka lwa baya diatla mo dilong tsa bone mo motlheng wa tshenyegelo ya bone.

14 Le gone o se ka wa ema fa tsela e tlolaganyang e nngwe teng, go kgaola ba gagwe ba ba falolang; o se ka wa neela baba, bone ba ba setseng, mo go ba gagwe, mo motlheng wa pitlagano.

15 “Gonne letsatsi la ga Jehofa le gaufi mo merafeng yotlhe. Jaaka o dirile, go tlaa direlwa wena jalo; tiro ya gago e tlaa boela mo tlhogong ya gago.

16 Gonne jaaka lo nole mo thabeng ya me e e boitshepo, merafe yotlhe e tlaa nwa jalo ka metlha yotlhe ee, e tlaa nwa e ba e kodumetsa, mme e tlaa nna jaaka e kete, ga e ise e be e nne gope.”


Phenyo ya Baiseraele

17 “Mme mo thabeng ya Sione go tlaa nna ba ba falolang, mme e tlaa nna boitshepo; ba ntlo ya ga Jakobe ba tlaa rua dithuo tsa bone.

18 Ba ntlo ya ga Jakobe ba tlaa nna molelo, le ba ntlo ya ga Josefe ba tlaa nna kgabo, ba ntlo ya ga Esau ba tlaa nna dirite, ba tlaa fisa mo gare ga bone, ba tlaa ba laila; mme ga go ketla go nna le ope yo o tlaa salelang ntlo ya ga Esau.” Gonne Jehofa o go buile.

19 Bone ba Borwa ba tlaa rua thaba ya ga Esau; ba lefatshe la melapo ba tlaa rua Bafilisitia, ba tlaa rua naga ya Eferaime, le naga ya Samaria; le Benjamine o tlaa rua Gileate.

20 Ba botshwaro jwa lesomosomo le la bana ba Iseraele, ba ba mo gare ga Bakanana, ba tlaa rua go ya fela kwa Sarefate; mme ba botshwaro jwa Jerusalema jo bo mo Sefarate, ba tlaa rua metse ya Borwa.

21 Bagolodi ba tlaa tlhatloga mo thabeng ya Sione ba tla go sekisa thaba ya ga Esau; mme bogosi e tlaa nna jwa ga Jehofa.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan