Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Nehemie 4 - BAEBELE e e Boitshepo


Nehemia o fenya baba ba ba kgatlhanong le kago

1 Ga dirala e rile Sanebalate a utlwa fa re aga lorako, a nna bogale, a šakgala thata, a sotla Bajuta.

2 A bua fa pele ga bomorwa rraagwe le ntwa ya Samaria, a re: “Bajutanyana ba ba seng thata ba, ba dirang? A ba tlaa ithatafatsa? A ba tlaa isa ditlhabelo? A ba tlaa swetsa ka tsatsi le le lengwe fela? A ba tlaa tsosolosa maje ba a ntsha mo mekoeng ya matlakala, jaaka go fisitswe jaana?”

3 Jaana Tobia wa Moamone o ne a le fa go ene, mme a re: “Le se ba se agang, fa phokoje a se palama, o ka thuba lorako lwa bone.”

4 A ko o utlwe, Modimo wa rona, gonne re a nyadiwa; o busetse dikgobo tsa bone mo tlhogong ya bone, o ba neele go thopiwa mo lefatsheng la botshwaro.

5 O se ka wa bipa boikepo jwa bone, a boleo jwa bone bo se phimolwe go tloga fa pele ga gago; gonne ba go tlhotlheleditse bogaleng fa pele ga baagi.

6 Jalo ra aga lorako; lorako lotlhe lwa kopanngwa, e seng bogodimo jotlhe, mme e leng fa gare ga lone; gonne batho ba ne ba na le pelo ya go dira.

7 Mme ga dirala e rile Sanebalate le Tobia le Baarabia le Baamone, le Baašetote ba utlwa fa mamatlelelo ya dithako tsa Jerusalema e tswelela kwa pele, le gore dithubego di simolola go thibala, ba nna bogale thata;

8 botlhe ba rera mmogo, gore ba tle ba ye go tlhasela Jerusalema, le go dira kgoberego gone.

9 Rona ra direla Modimo wa rona thapelo, ra ba beela ditlhola motshegare le bosigo, ka ntlha ya bone.

10 Mme Juta a re: “Thata ya barwadi ba merwalo e ngotlegile, mme go sa na le matlakala a le magolo; jalo ga re a nonofa go aga lorako.”

11 Baganetsi ba rona ba re: “Ga ba ketla ba itse le fa e le go bona, re be re tle re fitlhe mo gare ga bone, mme re khutlise tiro.”

12 Ga dirala ya re Bajuta ba ba agileng fa go bone ba tla, ba re raya gasome, ba bua ba tswa mafelong otlhe, ba re: “Lo tshwanetse go boela kwa go rona.”

13 Ke gone ka moo ya re mo mafelong a a kwa tlase a sebaka se se fa morago ga lorako, mo dipatlelong, ka baya batho ka fa ditshikeng tsa bone, ba tshotse ditšhaka tsa bone, le marumo a bone, le mara a bone.

14 Ka leba, ka nanoga, ka raya magosana, le balaodi, le batho ba bangwe ka re: “Lo se ka lwa ba boifa; gakologelwang Morena, yo mogolo, le yo o boitshegang, lo tlhabanele bana ba ga rraeno, le bana ba lona ba basimane le ba basetsana, le basadi ba lona, le matlo a lona.”

15 Ga dirala ya re baba ba rona ba utlwa fa go itsiwe ke rona, le go re Modimo o tsupueditse kgakololano ya bone, ra boela rotlhe kwa lorakong, mongwe le mongwe kwa tirong ya gagwe.

16 E sa le go tswa mo lobakeng loo, bontlhanngwe jwa batlhanka ba me ba dira mo tirong, bontlhanngwe jwa bone ba bo ba tshotse marumo, dithebe, mara le maitshomelo a phemelo, balaodi ba bo ba le fa morago ga botlhe ba ntlo ya Juta.

17 Ba ba agang lorako le ba ba rwalang merwalo ba ipelesa, mongwe le mongwe ka letsogo le lengwe a dira mo tirong, ka le lengwe a tshotse sebolao sa gagwe.

18 Le baagi, mongwe le mongwe a ikgatlhile ka tšhaka ka fa nokeng ya gagwe, mme a age jalo. Yo o letsang lonaka a bo a le fa go nna.

19 Ka raya magosana, le balaodi, le batho ba bangwe, ka re: “Tiro e kgolo, e bile a ntsintsi bobe, le rona re katoganye mo lorakong, mongwe o kgakala le yo mongwe.

20 Kwa lo utlwang go lela ga lonaka teng, lo phuthegele teng kwa go rona; Modimo wa rona o tlaa re tlhabanela.”

21 Jalo ra dira mo tirong: bontlhanngwe jwa bone ba bo ba tshotse marumo go tswa lobakeng lwa mahube a moso go tsamaya dinaledi di bonala.

22 Le gone ka lobaka loo ka raya batho ka re: “A mongwe le mongwe le motlhanka wa gagwe a lale mo teng ga Jerusalema, gore e tle e re bosigo boo ba re lebelela, e re motshegare ba itse go nna kwa tirong.”

23 Jalo go ne go le nna, go le bana ba ga rre, go le batlhanka ba me, go le banna ba tebelo ba ba ntshetseng morago, ga go a ka ga dira le ope wa rona yo o apolang diaparo, le gone mongwe le mongwe a ya nokeng a tshotse sebolao sa gagwe.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan