Nehemie 3 - BAEBELE e e BoitshepoNehemia o tlhotlheletsa batho go aga dithako tsa Jerusalema 1 Foo Eliašibe moperesiti yo mogolo a nanoga le bomonnawe ba baperesiti, mme ba aga kgoro ya dinku; ba e itshepisa, ba tsenya ditswalo tsa yone; go ya fela kwa kagong e e godileng ya Hamea, ba e itshepisa, go ya kagong e e godileng ya Hananele. 2 Mme ga aga banna ba Jeriko ba rulaganye nae. Ga aga Sakure morwa Imeri a rulaganye le bao. 3 Bomorwa Hasenaa ba aga kgoro ya ditlhapi; ba tlhoma mesipuri ya yone, ba tsenya ditswalo tsa yone le dikopelo tsa yone le mephakalego ya yone. 4 Meremothe morwa Uria, morwa Hakose a mamatlelela a rulaganye le bao. Mešulame morwa Berekia morwa Mešesabele a mamatlelela a rulaganye nabo. Satoke morwa Baane a mamatlelela a rulaganye nabo. 5 Ga mamatlelela Batekoa ba rulaganye nabo; mme magosana a bone a se ka a tsenya thamo mo tirong ya morena wa bone. 6 Joiata morwa Pasea, le Mešulame morwa Besoteia, ba mamatlelela kgoro e kgologolo; ba tlhoma mesipuri ya yone, ba tsenya ditswalo tsa yone le dikopelo tsa yone le mephakalego ya yone. 7 Melatia wa Mogibeone, le Jatone wa Momeronothe, banna ba Gibeone le ba Misepa ba e ne e le ba setulo sa bogosi ba molaodi kwa moseja ga noka, ba mamatlelela ba rulaganye le bao. 8 Usiele morwa Harehaia, bathudi ba gouta, a mamatlelela a rulaganye le yoo. Hanania mongwe wa baepa melemo a mamatlelela a rulaganye nae, mme ba thatafatsa Jerusalema go ya fela kwa lorakong lo lo atlhameng. 9 Refaia morwa Hure molaodi wa bontlhanngwe jwa kgaolo ya Jerusalema a mamatlelela a rulaganye le bao. 10 Jetaia morwa Harumafe a mamatlelela a rulaganye nabo, e bong bolebagana le ntlo ya gagwe. Hatuše morwa Hašabeneia a mamatlelela a rulaganye nae. 11 Malekia morwa Harime le Hašube morwa Pahathe-moabe ba mamatlelela tema a nngwe le kago e e godileng ya maubelo. 12 Shalume morwa Haloheše molaodi wa bontlhanngwe jwa kgaolo ya Jerusalema, ene le bomorwadie ba mamatlelela ba rulaganye nabo. 13 Hanune le banni ba Sanoa ba mamatlelela kgoro ya molapo; ba e aga ba ba ba tsenya ditswalo tsa yone le dikopelo tsa yone le mephakalego ya yone, le boleele jwa dimetara di le 440 jwa lorako go ya go fitlha kwa kgorong ya letshotelo. 14 Malekia morwa Rekabe, molaodi wa kgaolo ya Bethe-hakereme a mamatlelela kgoro ya letshotelo; a e aga, a ba a tsenya ditswalo tsa yone, le dikopelo tsa yone, le mephakalego ya yone. 15 Shalune morwa Kolehose, molaodi wa kgaolo ya Misepa a mamatlelela kgoro ya motswedi; a e aga a ba a e khurumetsa, a tsenya ditswalo tsa yone le dikopelo tsa yone le mephakalego ya yone, le lorako lwa lekadiba la Shela fa tshimong ya kgosi, go ya fela kwa direpuding tse di fologelang kwa motseng wa ga Dafite. 16 Morago ga yoo ga baakanya Nehemia morwa Asebuke, molaodi wa bontlhanngwe jwa kgaolo ya Bethesure, go ya kwa felong fa go lebaganyeng le diphupu tsa ga Dafite le kwa lekadibeng le le dirilweng ka mabogo le kwa ntlong ya banna ba diganka. Balefi ba ba thusitseng go aga dithako 17 Morago ga yoo ga mamatlelela Balefi, Rehume morwa Bani. Go rulagana le yo ga mamatlelela Hašabia molaodi wa bontlhanngwe jwa kgaolo ya motse wa Keila, a direla kgaolo ya gagwe ya motse. 18 Morago ga gagwe ga mamatlelela bomonnaa bone, Bafai morwa Henatate molaodi wa bontlha jo bongwe jwa kgaolo ya motse wa Keila. 19 Go rulagana le yoo, ga mamatlelela Esere morwa Ješua, molaodi wa Misepa, tema e nngwe, bolebagana le botlhatlogo jo bo isang kwa ntlong ya dibolao ka fa tshokologong ya lorako. 20 Morago ga yo Baruke morwa Sabai a mamatlelela tema e nngwe ka tlhoafalo, go tswa fa tshokologong ya lorako go ya kwa kgorong ya ntlo ya ga Eliašibe moperesiti yo mogolo. 21 Morago ga yoo Meremothe morwa Uria morwa Hakose a mamatlelela tema e nngwe go tswa fa kgorong ya ntlo ya ga Eliašibe, go ya fela kwa bokhutlong jwa ntlo ya ga Eliašibe. Baperesite ba ba thusitseng go aga dithako 22 Morago ga yoo ga mamatlelela baperesiti, banna ba Madibogo. 23 Morago ga bao ga mamatlelela Benjamine le Hašube bolebagana le ntlo ya bone. Morago ga bao ga mamatlelela Asaria morwa Maaseia morwa Anania bobapa le ntlo ya gagwe. 24 Morago ga yo ga mamatlelela Binnui morwa Henatate tema e nngwe, go tswa fa ntlong ya ga Asaria go ya kwa tshokologong ya lorako, le kwa kgokgotshong. 25 Palale morwa Usai a mamatlelela bolebagana le tshokologo ya lorako, le kago e e godileng e e emeng e katogile ntlo ya godimo ya kgosi, e e fa lwapeng lwa balebedi. Morago ga eo Petaia morwa Paroše a mamatlelela. 26 Mme jaana Banethinime ba ne ba agile mo Ofele, go ya felong fa go lebaganyeng le kgoro ya metsi, ntlheng ya botlhabatsatsi, le kago e e godileng e e katoganyeng le tse dingwe. Baagi ba bangwe 27 Morago ga yoo Batekoa ba mamatlelela tema e nngwe, bolebagana le kago e e godileng e kgolo e e katoganyeng le tse dingwe, go ya lorakong lwa ga Ofele. 28 Baperesiti ba mamatlelela fa godimo ga kgoro ya dipitse, mongwe le mongwe bolebagana le ntlo ya gagwe. 29 Morago ga bao ga mamatlelela Satoke morwa Imere bolebagana le ntlo ya gagwe. Morago ga yoo ga mamatlelela Shemaia morwa Shekania, molebedi wa kgoro ya botlhabatsatsi. 30 Morago ga yoo ga mamatlelela Hanania morwa Shelemia, le Hanune morwa wa borataro wa ga Salafe tema e nngwe. Morago ga yoo ga mamatlelela Mešulame morwa Berekia bolebagana le ntlwana ya gagwe. 31 Morago ga yoo ga mamatlelela Malakia mongwe wa bathudi ba gouta, go ya kwa ntlong ya Banethinime, le ya barekisi, bolebagana le kgoro ya ga Hamifakate, go ya botlhatlogong jwa kgokgotsho. 32 Mme gare ga botlhatlogo jwa kgokgotsho le kgoro ya dinku ga mamatlelela bathudi ba gouta le barekisi. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa