Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Moreri 1 - BAEBELE e e Boitshepo


Tsa lefatshe ga di na tiro

1 Mafoko a Moreri morwa Dafite, kgosi mo Jerusalema.

2 Boithamako jwa maithamako, go bua Moreri; boithamako jwa maithamako, gotlhe fela ke boithamako.

3 Motho o bona thuso yang mo tirong yotlhe ya gagwe e o dirang mo go yone tlase ga letsatsi?

4 Kokomana nngwe e fetela koo, mme go tle e nngwe; mme lefatshe le nnetse ruri ka bosakhutleng.

5 Letsatsi le lone le tle le tlhabe, le tloge gape le phirime, mme le itlhaganelele felong kwa le tlhabang gone.

6 Phefo e ye ntlheng ya borwa mme e retologele ntlheng ya botsheka; e tlhole e ntse e retologa fela mo tsamaong ya yone, mme phefo e boele gape kwa dipotologong tsa yone.

7 Dinoka tsotlhe di thelegela mo lewatleng, le fa go ntse jalo lewatle ga le a tlala; felong kwa dinoka di yang gone, di be di ye gone gape.

8 Dilo tsotlhe di tletse letsapa; motho ga a kake a le bolela; leitlho ga le kgore ka go bona, le tsebe ga e tlale ka go utlwa.

9 Selo se se neng se ntse se leyo, ke sone se se tlaa nnang; le se se ntseng se dirilwe, ke se se tlaa dirwang; ga go na sepe se seša tlase ga letsatsi.

10 A go na le sengwe se batho ba buang ka ga sone, ba re: “Bonang, se ke se seša?” Se ne se ntse se le gone mo metlheng e e fetileng pele ga rona.

11 Ga go na kgakologelo epe ya dikokomana tse di fetileng pele; le gone ga go ketla go nna kgakologelo epe ya dikokomana tsa morago tse di sa ntseng di tlaa tla, mo go bone ba ba tlaa tlang kwa morago.


Maitemogelo a Moreri

12 Nna Moreri ke ne ke le kgosi ya Iseraele mo Jerusalema.

13 Mme ka ineela ka pelo go batla, le go tlhotlhomisa ka botlhale, ka ga tsotlhe tse di dirwang tlase ga legodimo; ke letsapa le le botlhoko le Modimo o le neileng bana ba batho go lekisiwa ka lone.

14 Ke bonye ditiro tsotlhe tse di dirwang tlase ga letsatsi; mme gotlhe fela ke boithamako le go belebetlela phefo fela.

15 Se se sokameng ga se kake sa siamisiwa; le se se tlhokafalang ga se kake sa balwa.

16 Ka bua le pelo ya me, ka re: “Bona, ke ipapaletse botlhale jo bogolo go feta botlhe ba ba neng ba le pele ga me mo Jerusalema; ee, pelo ya me e na le tlwaelano e kgolo le botlhale le kitso.”

17 Mme ka ineela ka pelo go itse botlhale, le go itse botsenwa le bosilo; ka lemoga fa mo, le gone e le go belebetlela phefo fela.

18 Gonne mo bogolong jwa botlhale go na le bogolo jwa mahumapelo; le gone yo o kokotletsang kitso o kokotletsa bohutsana.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan