Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mike 7 - BAEBELE e e Boitshepo


Tshenyego ya Baiseraele

1 A motlho wa mogolo nna! Gonne ke ntse jaaka fa ba sena go phutha maungo a selemo, jaaka maronopo a difine; ga go na lerose le le ka jewang, mowa wa me o eletsa feige ya lebutswapele.

2 Motho yo o moetsa Modimo o fedile o dule mo lefatsheng, ga go na ope yo o thokgameng mo bathong; botlhe fela ba lalela madi go a tsholola; mongwe le mongwe o tsoma ngwana a rraagwe ka lotloa.

3 Diatla tsa bone di mo go sone se se bosula go se dira ka tlhoafalo; kgosana e tle e lope, le moatlhodi o ba a iketleeditse go atlhola ka tuelo; le motho yo mogolo o bua bosenyi jo bo mo moeng wa gagwe, ba bo loga jalo mmogo.

4 Le yo o molemo bogolo mo go bone o ntse jaaka mongana; yo o thokgameng bogolo o gaisa logora lwa mitlwa ka bosula; motlha wa balebedi ba gago, e bong wa kgophololo ya gago, o tsile; jaanong ke gone go tlaa nnang kakabalo ya bone.

5 Lo se ka lwa ikanya tsala, lo se ka lwa ikanya mogogi; o dibele mejako ya molomo wa gago mo go ene mosadi yo o robalang mo sefubeng sa gago.

6 Gonne ngwana wa mosimane o tlotlolola rraagwe, ngwana wa mosetsana o tsogologela mmaagwe, le ngwetsi o tsogologela matsalaagwe, mme baba ba monna e be e le batho ba ntlo ya gagwe.

7 Mme ka ga, me, ke tlaa leba kwa go Jehofa; ke tla lebelela. Modimo wa poloko ya me; Modimo wa me o tlaa nkutlwa.


Jehofa o lere poloko

8 O se ka wa itumela ka ga me, wena mmaba wa me; mogang ke wang, ke tlaa tsoga; mogang ke dulang mo lefifing, Jehofa o tlaa nna lesedi mo go nna.

9 Ke tlaa belega kgakalo ya ga Jehofa ka ke mo leofetse, go tsamaya a ganelela mafoko a me, mme a ntirela tshiamiso. O tlaa nntshetsa mo leseding mme ke tlaa bona tshiamo ya gagwe.

10 Foo mmaba wa me o tlaa go bona, mme ditlhong di tlaa mo khurumetsa yo o ntheileng a re: “Jehofa Modimo wa gago o kae?” Matlho a me a tlaa mmona; jaanong o tlaa gatakwa jaaka seretse sa mebila.

11 A motlha wa go aga dithako tsa gago! Mo motlheng oo molelwane o tlaa katosediwa kgakala.

12 Mo motlheng oo ba tlaa tla mo go wena, ba tswa Asiria le kwa metseng ya Egepeto, go tswa Egepeto go ya fela kwa Nokeng, le go tswa lewatleng, go ya lewatleng le lengwe, le go tswa thabeng go ya thabeng e nngwe.

13 Le fa go ntse jalo lefatshe le tlaa nna tshwafalo ka ntlha ya ba ba agileng mo go lone, ka ntlha ya loungo lwa ditiro tsa bone.


Jehofa o utlwela Iseraele botlhoko

14 Fudisa batho ba gago ka kgoge ya gago, letsomane la boswa jwa gago ba ba agileng ba le bosi, mo sekgweng mo gare ga Karemele: a ba hule mo Bašane le Gileate, jaaka mo metlheng ya bogologolo.

15 “Jaaka mo metlheng ya go tswa ga gago kwa lefatsheng la Egepeto, ke tlaa mo supetsa dilo tse di gakgamatsang.”

16 Merafe e tlaa bona e ba e tlhajwa ke ditlhong ka thata yotlhe ya bone; ba tlaa ipaya seatla mo molomong, ditsebe tsa bone di tlaa kabala.

17 Ba tlaa latswa lorole jaaka noga, jaaka dilo tse di gagabang tsa lefatshe, ba tlaa tswa ba roroma mo mafelong a bone a dikutla; ba tlaa tla mo go Jehofa Modimo wa rona ka poifo, mme ba tlaa boifa ka ntlha ya gago.

18 Ana Modimo o o tshwanang nao ke ofe, o o itshwarelang boikepo, o iphapaanye le tlolo ya masalela a boswa ja one? Ga o tshegetse bogale jwa one ka bosakhutleng, ka o rata boutlwelobotlhoko.

19 O tlaa ba o retologa, o tlaa re tlhomogela pelo; o tlaa gata maikepo a rona ka dinao. O tlaa latlhela maleo otlhe a bone mo botennyeng jwa lewatle.

20 O tlaa tlhomamisetsa Jakobe boammaaruri, le Aberahame boutlwelobotlhoko, jo o bo ikanetseng borraetsho mo metlheng ya bogologolo.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan