Mike 6 - BAEBELE e e BoitshepoJehofa o kgatlhanong le Iseraele 1 Utlwang jaana se Jehofa o se buang; “Nanoga, o ganele fa pele ga dithaba, mme a makhubu a utlwe lentswe la gago. 2 Utlwang, lona dithaba kgang ya ga Jehofa, le lona metheo ya lefatshe e e sa onaleng; gonne Jehofa o na le kgang le batho ba gagwe, mme o rata go ganetsanya le Iseraele. 3 Ao, lona batho ba me, ke lo dirileng? ke lo lapisitse ka eng? Supang ka ga me. 4 Gonne ke lo ntshitse kwa lefatsheng la Egepeto, ka lo rekolola mo ntlong ya botlhanka; ka roma Moše fa pele ga lona, le Arone, le Miriame. 5 Ao, lona batho ba me, a ko lo gakologelwe jaana se Balake kgosi ya Moabe o ne a se gopotse, le ka fa Balaame morwa Beore o ne a mo fetola ka teng; lo gakologelwe go tswa Shitime go ya Gilegale, gore lo itse ditiro tse di siameng tsa ga Jehofa.” Se Jehofa o se batlang 6 Ke tlaa ya fa pele ga Jehofa ka eng, ke ikoba fa pele ga Modimo wa Bogodimo? A ke tlaa ya fa pele ga one ka ditshupelo tse di fisiwang, ka dinamane tse di ngwaga o le mongwe fela? 7 A Jehofa o tlaa itumelela dikete tsa diphelefu, kgotsa dinoka tsa lookwane di le dikete di le some? A ke tlaa ntshetsa tlolo ya me ngwana wa me yo mogolo, loungo lwa mmele wa me ka ga boleo jwa mowa wa me? 8 O go supeditse se se molemo motho ke wena; gape Jehofa o lopang mo go wena, fa e se gore o dire ka tshiamo, le go rata boutlwelobotlhoko, le go sepela ka boikokobetso le Modimo wa gago? 9 Lentswe la ga Jehofa le biletsa kwa motseng, mme motho yo o botlhale o tlaa boifa leina la gago. “Reetsang thupa le ene yo o e laotseng. 10 A go sa ntse go na le dikhumo tsa tshiamololo mo ntlong ya basiamolodi, le selekanyo se se tlhaelang, se se tlhoesegileng? 11 A ke tlaa bo ke itshekile ke na le selekanyo sa pego sa tshiamololo, le kgetse ya makete a dilekanyo tsa bokete tsa tsietso? 12 Gonne bahumi ba teng ba tletse thubakanyo, le banni ba teng ba buile maaka, le loleme lwa bone lo tsietso fela mo molomong wa bone. 13 Ke gone ka moo le nna ke go iteileng ka ntho e e botlhoko; ke go swafaditse ka ntlha ya maleo a gago. 14 O tlaa ja, mme ga o ketla o kgora; mme lolea lwa gago lo tlaa nna mo gare ga gago; mme o tlaa huduga, mme ga o ketla o rora sentle, le se o se rorang ke tlaa se neela tšhaka. 15 O tlaa jala mme ga o ketla o roba; o tlaa gata ditlhware, mme ga o ketla o tlola lookwane; o tlaa gata difine, mme ga o ketla o nwa bojalwa. 16 Gonne ditao tsa ga Omeri di a tshegediwa, le ditiro tsotlhe tsa ntlo ya ga Ahabe; lo bile lo sepela mo dikgakololong tsa bone, gore ke tle ke go dire tshwafalo, le banni ba gone kotso; mme lo tlaa belega kgobo ya batho ba me.” |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa