Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mike 5 - BAEBELE e e Boitshepo

1 Jaanong o tlaa iphutha, o nna ditlhopha, wena morwadia ditlhopha; o re tlhasetse, ba tlaa kanya kgosi ya Iseraele mo lesameng ka thupa.


Modimo o solofetsa Baiseraele kgosi e e tswang Bethelehema

2 “Wena Bethelehema Eferatha, yo o leng mmotlana mo go makgolokgolo a Juta, mo go wena go tlaa ntswela mongwe yo o tlaa nnang molaodi mo Iseraele; yo matso a gagwe a sa leng a nna a bogologolo, e bong ka go se nang tshimologo.”

3 Ke gone ka moo o tlaa ba tlhobogang, ene yo o mo metlotseding a ba a tla a belega; foo makunantshane a bana ba ga rraagwe a tlaa boela kwa baneng ba Iseraele.

4 O tlaa ema, mme o tlaa fudisa letsomane la gagwe ka thata ya ga Jehofa, ka tlotlomalo ya leina la ga Jehofa Modimo wa gagwe; mme ba tlaa nna; gonne jaanong o tlaa nna mogolo le go ya dikhutlong tsa lefatshe.

5 Mme monna yoo e tlaa nna ene kagiso ya rona. Mogang Moasiria o tlang mo lefatsheng la rona, le mogang o gatang mo matlong a rona a dikgosi, foo re tlaa mo tsosetsa badisa basupa, le banna ba bagolwane ba ba ferang e le mabedi.


Kgololo le kwatlhao

6 Mme ba tlaa lakaila lefatshe la Asiria ka tšhaka, le lefatshe la Nimerote mo dikgorong tsa lone; mme o tlaa re golola mo Moasirieng, mogang o tlang mo lefatsheng la rona, le mogang o gatang mo teng ga molelwane wa rona.

7 Le masalela a ga Jakobe a tlaa nna mo gare ga ditšhaba di le dintsi, jaaka monyo o o tswang kwa go Jehofa, jaaka medupe mo bojannyeng; e e sa diegeleng motho, le fa e le go leta bana ba batho.

8 Maselela a ga Jakobe a tlaa nna mo merafeng, mo gare ga ditšhaba di le dintsi, jaaka tau mo gare ga diphologolo tsa sekgwa, jaaka tawana mo matsomaneng a dinku, e e a reng e ralala e be e gatake, e gagole, mme go bo go se na ope yo o gololang.

9 A seatla sa gago se tsholelediwe godimo ga baba ba gago, mme a baba botlhe ba gago ba kgaolwe.

10 “Go tlaa dirala mo motlheng oo,” go bua Jehofa, “go re ke tlaa kgaola dipitse tsa gago di tswa mo gare ga gago, ke ba ke senya dikara tsa gago.

11 Ke tlaa kgaola metse ya lefatshe la gago, ke tlaa rutla dikago tsotlhe tsa gago tsa phemelo tse di thata.

12 Ke tlaa kgaola ke tlosa boloi mo seatleng sa gago; mme ga o ketla o tlhola o dira le baswabi ba ditiro.

13 Ke tlaa kgaola ke tlosa ditshwantsho tsa gago tse di setilweng, le maje a a emeng motloutlo a gago mo gare ga gago; mme ga o ketla o tlhola o obamela tiro ya diatla tsa gago.

14 Ke tlaa khumola ke tlosa Medimako ya gago mo gare ga gago, ke tlaa senya metse ya gago.

15 Ke tlaa dirafatsa pusoloso ka bogale le mo merafeng e e se kang ya reetsa.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan