Mike 4 - BAEBELE e e BoitshepoPuso ya Morena ( Isaia 2:1-4 ) 1 Mo metlheng ya morago go tlaa dirala go re, thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlaa tlhomamisiwa mo tlhoreng tsa dithaba, e tlaa golediwa mo godimo ga makhubu; mme ditšhaba di tlaa sailela kwa go yone. 2 Merafe e le mentsi e tlaa fitlha, e re: “Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa le kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; o tlaa re ruta ditsela tsa one, mme re tlaa sepela mo ditselaneng tsa one; gonne molao o tlaa tswa mo Sione, le lefoko la ga Jehofa mo Jerusalema.” 3 O tlaa atlhola fa gare ga ditšhaba di le dintsi, o tlaa kgalemela merafe e e thata e e kwa kgakala; mme ba tlaa thula ditšhaka tsa bone megoma, le marumo a bone dithipa tse di segang mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe o mongwe tšhaka, le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta ntwa gope. 4 Mongwe le mongwe wa bone o tlaa dula fa tlase ga mofine wa gagwe, le fa tlase ga mofeige wa gagwe; ope ga a ketla a ba boifisa; gonne molomo wa ga Jehofa wa masomosomo o se buile. 5 Gonne batho ba ditšhaba tsotlhe ba tlaa sepela, mongwe le mongwe ka leina la modimo wa gagwe, mme rona re tlaa sepela ka leina la ga Jehofa Modimo wa rona, ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Baiseraele ba tlaa boa mo botshwarong 6 “E tlaa re mo motlheng oo,” go bua Jehofa: “Ke tlaa kokoanya ene yo o tlhotsang, ke phutha ene yo o lelekilweng, le ene yo ke mo patikileng. 7 Ene yo o ne a tlhotsa ke tlaa mo dira masalela, le ene yo o ne a latlhetswe kwa kgakala ke tlaa mo dira morafe o o thata; Jehofa o tlaa ba busa mo thabeng ya Sione go tloga fano le go ya bosakhutleng. 8 Wena kago e e goletseng godimo ya letsomane, lekhubu la morwadia Sione, go tlaa tla mo go wena; ee, mmuso wa pele o tlaa tla, bogosi jwa morwadia Jerusalema.” 9 Ana o kuelelang godimo? A ga go na kgosi mo go wena, ee, a mogakolodi wa gago o sule, fa e bo ne ne metlotsedi e go tshwere jaana jaaka ekete ya mosadi yo o mo pelegong? 10 O nne botlhoko, mme o leke go belega, wena morwadia Sione, jaaka mosadi yo o mo pelegong; gonne jaanong o tlaa tswa mo motseng o aga mo nageng, o tlaa fitlha le kwa Babilone; o tlaa falodisiwa teng koo; Jehofa o tlaa go rekolola teng mo seatleng sa baba ba gago. 11 Jaana merafe e le mentsi e go phuthegetse, e e reng: “A a leswefadiwe, mme a leitlho la rona le bone keletso ya lone mo Sione.” 12 Mme ga ba itse megopolo ya ga Jehofa, le gone ga ba tlhaloganye kgakololo ya gagwe; gonne o ba kokoanyeditse mo seboping jaaka dingata tsa mabele. 13 “Nanoga, o phothe, wena morwadia Sione, gonne ke tlaa dira lonaka lwa gago tshipi, le ditlhako tsa gago kgotlho, mme o tlaa thubaganya ditšhaba di le dintsi;” mme tlhwatlhwa ya bone o tlaa e naya Jehofa, le thoto ya bone o tlaa e naya Jehofa wa lefatshe lotlhe. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa