Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mike 2 - BAEBELE e e Boitshepo


Pheletso ya ba ba gateletseng bahumanegi

1 A bo go latlhega ba ba akanyetsang boikepo, le ba ba dirang bosula ba le mo malaong a bone! E tle e re bosa bo sele ba bo dire, ka go le mo thateng ya seatla sa bone.

2 Ba eletsa matlhagare, ba a tseye fela; le matlo, mme ba a tlose; ba patike monna le ba ntlo ya gagwe, e bong monna le boswa jwa gagwe.

3 Ke gone ka moo, go bua jaana Jehofa a re: “Bonang, ke akanyetsa losika lo bosula bongwe, jo lo se ketlang lo itshomola dithamo tsa lona mo go jone, le gone ga lo ketla lo sepela lo gwanta; ka e tlaa bo e le motlha o o bosula.”

4 E tlaa re ka tsatsi leo ba tlaa lo tlhabeleletsa setshwantsho, ba hutsafala ka selelo se se khutsang, ba re: “Re gapeletswe ruri; o fetola kabelo ya batho ba me; o e tlosa jang mo go nna! O abela batsuolodi matlhagare a rona.”

5 Ke gone ka mo o se ketlang o dira le ope yo o namalatsang lodi go lekanya matlhagare mo phuthegong ya ga Jehofa.

6 “Lo se ka lwa perofesa,” go tlhola go bua bone. “Ga ba ketla ba perofesetsa tsone tse; dikgobo ga di ketla di tloga.”

7 Wena ntlo ya ga Jakobe, a go tlaa buiwa, go twe: “A mowa wa Morena o pitlaganye? Ditiro tse a ke tsa gagwe? Mafoko a me a ga a dire molemo mo go yo o sepelang ka thokgamo?”

8 “Mo metlheng eno ya morago batho ba me ba tsogile jaaka mmaba, lo rutla kobo mo seaparong mo go bone ba ba fetang ba iketlile jaaka batho ba ba ganang ntwa.

9 Basadi ba batho ba me lo ba leleka mo matlong a mantle a bone; lo tlosetsa ruri kgalalelo ya me mo banyaneng ba bone.

10 Nanogang, lo tsamaye; gonne fa ga se felo ga boikhutso jwa lona; ka ntlha ya bomaswe jo bo senyang, e bong ka tshenyo e e botlhoko.

11 “Fa monna yo o sepelang ka mowa wa tsietso a aka, a re: ‘Ke tlaa go perofesetsa ka ga bojalwa jwa mofine le ka ga bojalwa jo bo loileng;’ e bo e le ene yo o tlaa nnang moperofeti wa batho ba.

12 “Wena Jakobe, ruri ke tlaa go phutha gotlhe fela; ruri ke tlaa phutha masalela a Iseraele, ke tlaa ba baya mmogo jaaka dinku tsa Bosera, jaaka letsomane mo gare ga bohulo jwa lone, ba tlaa tsosa modumo o mogolo ka ntlha ya bontsi jwa batho.”

13 Mothobi o ba eteletse pele; ba thobile, ba fetetse kwa kgorong, ba dule ka yone; mme kgosi e ba eteletse pele, le Jehofa o kwa tlhogong ya bone.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan