Mike 1 - BAEBELE e e Boitshepo1 Lefoko la ga Jehofa le le tsileng mo go Mika wa Morašete, mo metlheng ya ga Jothame, Ahase, le Hesekia, dikgosi tsa Juta, e le lefoko le o le bonyeng ka ga Samaria le Jerusalema. Selelo ka ga Samaria le Jerusalema 2 Utlwang lona ditšhaba lotlhe fela; a o ke o reetse, wena lefatshe, tsotlhe tse di mo go lone; mme lo mme Morena Modimo a nne mosupi ka ga lona, Morena a le mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo. 3 Gonne bonang, Jehofa o tswa mo felong ga gagwe, mme o tlaa fologa, o tlaa gata mafelo a a godimo a lefatshe. 4 Dithaba di tlaa tlhapolosiwa fa tlase ga gagwe, le melapo e tlaa tsetseregana, jaaka makgafa fa pele ga molelo, jaaka metsi a a thelegang ka fa maphothophothong. 5 Tsotlhe tse ke ka ntlha ya tlolo ya ga Jakobe, le ka ntlha ya maleo a ba ntlo ya Iseraele. Tlolo ya ga Jakobe ke eng? A ga se Samaria? Mafelo a a tlotlometseng a ga Juta ke afe? A ga se Jerusalema? 6 Ke gone ka moo ke tlaa dirang Samaria go nna jaaka mokoa mo nageng, le jaaka matlhomelo a tshimo ya mafine, maje a one ke tlaa a goromeletsa mo molapong, ke senola metheo ya one. 7 Le ditshwantsho tsotlhe tsa gagwe tse di setilweng di tlaa thubaganngwa, le dituelo tsotlhe tsa gagwe di tlaa fisiwa ka molelo, le medimo ya gagwe ya disetwa, ke tlaa di swafatsa tsotlhe fela; gonne o di phuthile ka tuelo ya seaka, mme di tlaa boela mo tuelong ya seaka. 8 Ke tlaa thomeletsa ke bokolela ka ntlha ya moo, ke tlaa tsamaya fela ke itšhaile ke le loforotlho fela; ke tlaa thomeletsa ka selelo jaaka bophokoje, ke khutsa jaaka bontšhe. 9 Gonne dintho tsa gagwe ke tse di sa kakeng tsa fodisiwa, gonne go fitlhile le mo Juta; go fitlhile kwa kgorong ya batho ba me, e bong kwa Jerusalema. Baba ba atamela Jerusalema 10 Lo se ka lwa go bolela mo Gathe, lo se ka lwa lela gope; kwa Bethe-leafera ke ipidikamisitse mo loroleng. 11 Fetang lo yeng koo, wena monni wa Shafire, ka loforotlho le ka ditlhong; monni wa Saanane ga a a tswa; thomeletso ya Betheesele e tlaa lo tlosetsa boemo jwa gone. 12 Gonne monni wa Marothe o lebeletse molemo ka khidiego; gonne bosula bo fologile kwa go Jehofa bo tsile kgorong ya Jerusalema. 13 Wena monni wa Lakiše, a ko o golegele kara mo pitseng e e fadimang; e ne e le ene tshimologo ya boleo mo go morwadia Sione; gonne ditlolo tsa Baiseraele di fitlhetswe mo go wena. 14 Ke gone ka moo o tlaa naya Morešethe-gathe neo ya kgaogano ya lotlhokwa; matlo a ga Akesibe a tlaa nna selo se se tsietsang mo dikgosing tsa Iseraele. 15 Wena monni wa Marešo, ke tlaa nama ke lere mo go wena ene yo o tlaa go ruang; kgalalelo ya Iseraele e tlaa fitlha fela le kwa Adulame. 16 Itsue tlhogo, mme o itšhemole ka ga bana ba natefelo ya gago; atlhamolosa tsuego ya gago jaaka ya lenong; gonne ba dule mo go wena ba ile botshwarong. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa