Mareko 5 - BAEBELE e e BoitshepoGo fodisiwa monna yo o tsenyweng ke mowa o o maswe ( Math 8:28-34 ; Luke 8:26-39 ) 1 Ba fitlha kwa moseja ga lewatle, mo lefatsheng la Bagerasa. 2 Ya re a sena go tswa mo mokorong, a akofa a kgatlhana le monna mongwe yo o nang le mowa o o maswe, a tswa mo diphupung; 3 yo boago jwa gagwe bo leng mo diphupung; mme ga bo go se ope yo o ka tlholang a mo golega, nnyaa, le fa e le ka ketane; 4 gonne o ne a kile a golegwa gantsi ka mefiri le diketane, mme diketane a di komaganye, le mefiri a e thubaganye. Go ne go se ope yo o nonofileng go mo kgwabofatsa. 5 Ka gale le gale, bosigo le motshegare, a le mo diphupung le mo dithabeng, a bo a ntse a goa, a itshegaka ka maje. 6 Mme ya re a bona Jesu a sa le kgakala, a taboga, a ya a mo obamela. 7 A goa ka lentswe le legolo a re: “Ke dirang ka wena, Jesu Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go ikanisa ka Modimo, o se ka wa ntlhokofatsa.” 8 Ka gobo o ne a o reile a re: “Tswa mo monneng yo, mowa o o maswe ke wena!” 9 Mme a mmotsa a re: “Leina la gago ga twe o mang?” A fetola a re: “Leina la me ke Mophato, gonne re bantsi.” 10 Mme a mo rapela thata gore a se ka a e leleka mo lefatsheng leo. 11 Jaana ka fa mofapheng wa thaba ga bo go le serapa se segolo sa dikolobe, di fula. 12 Mme ya mo rapela ya re: “Mma re ye mo dikolobeng gore re tsene mo go tsone.” 13 Mme a e leseletsa. Mewa e e maswe ya tswa, ya tsena mo dikolobeng; mme serapa sa kgokologela ka mapawa mo lewatleng, e ka ne e le di le 2 000; mme tsa betwa ke lewatle. 14 Ba ba di disitseng ba tshaba, ba ya ba bolela mo motseng, le mo lefatsheng. Batho ba ya go bona gore se se diretseng ke eng? 15 Mme ba tla mo go Jesu, ba fitlhela ene yo o neng a tsenywe ke mewa e e maswe a bile a dutse a apere, a ikutlwa sentle, e bong ene yo o neng a na le mophato; mme ba boifa. 16 Ba ba bonyeng ka matlho ba ba kakanyetsa ka fa go dirafaletseng ene yo o ne a tsenywe ke mewa e e maswe ka teng, le ka ga dikolobe. 17 Ba simolola go mo rapela gore a tswe mo lefatsheng la bone. 18 Mme ya re a tsena mo mokorong, yo o neng e tsenywe ke mewa e e maswe a mo rapela gore a nne nae. 19 Mme a se ka a mo leseletsa, a mo raya a re: “Ya kwa gaeno kwa ditsaleng tsa gago, o ba bolelele dilo tse dikgolo tse Morena o di go diretseng, le jaaka a go tlhomogetse pelo.” 20 Mme a tsamaya, a ya a simolola go utlwatsa mo Dekapolise dilo tse dikgolo tse Jesu o di mo diretseng; mme batho botlhe ba gakgamala. Morwadia Jairo le mosadi yo o amileng diaparo tsa ga Jesu ( Math 9:18-26 ; Luke 8:40-56 ) 21 E rile Jesu a sena go ba a tshelela kwa moseja o mongwe ka mokoro, bontsi jo bogolo jwa batho jwa phuthegela kwa go ene, a le fa lewatleng. 22 Mme ga tla mongwe wa balaodi ba ntlo ya thuto, go twe Jairo; mme ya re a mmona a wela fa dinaong tsa gagwe. 23 A mo rapela thata a re: “Morwadiake wa ngwanyana o fela mo losong, ke a go rapela, o tlo o tle, o beye diatla tsa gago mo go ene gore a fodisiwe, a tshele.” 24 Jesu a ya nae; batho le bone ba le bantsi ba mo sala morago, ba mo kgotlhaganyetsa. 25 Mme mosadi yo o sa leng a lwala ka go tshologa madi ka dinyaga di le 12, 26 mme a bogile dilo di le dintsi ka dingaka di le dintsi, a bile a fedisitse dilo tsotlhe tsa gagwe, mme a sa bone thusego epe, bogolo bolwetse bo golela pele fela, 27 ya re ka a utlwa ka ga Jesu, a tla a tsena mo bontsing fa morago, a ama seaparo sa gagwe, 28 gonne o ne a re: “Fa nka ama le fa e ka bo e le diaparo tsa gagwe fela, ke tlaa fola.” 29 Mme ka bonako go elela ga madi mo go ene ga khutla; a ikutlwa mo mmeleng wa gagwe fa a fodisitswe mo petsong ya gagwe. 30 Ka bonako, ka Jesu a itemoga fa thata e dule mo go ene, a retologa mo kgotlhaganyong a re: “Yo o amileng diaparo tsa me e mang?” 31 Barutwa ba gagwe ba mo raya ba re: “O a bona fa bontsi bo go kgotlhaganyeditse, mme wa re o amilwe e mang?” 32 Mme a ba kobakoba go bona ene yo o dirileng selo se. 33 Mme mosadi ka a ikitse se se dirilweng mo go ene, a boifa a roroma, a tla a wela fa pele ga gagwe, a mmolelela boammaaruri jotlhe fela. 34 Mme a mo raya a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse; tsamaya ka kagiso, o fole mo petsong ya gago.” 35 Ya re a sa ntse a bua, bangwe ba tla, ba tswa kwa ntlong ya molaodi wa ntlo ya thuto, ba re: “Morwadio o sule, ana o sa ntse o lapisetsang moruti?” 36 Mme Jesu, a tlhokomologa lefoko le le buiweng, a raya molaodi wa ntlo ya thuto a re: “O se ka wa boifa, dumela fela.” 37 Mme a se ka a leseletsa ope go ya nae, fa e se Petere, le Jakobe le Johane monnawe Jakobe. 38 Ba fitlha kwa ntlong ya molaodi wa ntlo ya thuto; mme a fitlhela go le khuduego, batho ba le bantsi ba lela, ba kurueletsa godimo. 39 Ya re a sena go tsena a ba raya a re: “Lo direlang khuduego jaana, lo lela? Ngwana ga a a swa, o robetse.” 40 Mme ba mo tshega ka tshotlo. Ene ya re a sena go ba ntshetsa botlhe kwa ntle, a tsaya rrangwana le mmaagwe, le bone ba o nang nabo, a tsena kwa ngwana o leng teng. 41 A tshwara ngwana ka seatla, a mo raya a re: “Talitha kumi,” ke go re fa go phuthololwa: “Morweetsana ke a go raya, tsoga.” 42 Ka bonako morweetsana a tsoga, a tsamaya ka dinao, gonne o ne a le dinyaga di le some le bobedi. Ba gakgamala ka kgakgamalo e kgolo. 43 Mme a ba laya thata gore go se itse ope selo se; mme a laola gore a fiwe dijo. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa