Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mareko 2 - BAEBELE e e Boitshepo


Jesu o fodisa monna yo o suleng mohama
( Math 9:1-8 ; Luke 5:17-26 )

1 E rile malatsi mangwe a sena go feta, a tsena gape mo Kaperenaume; mme ga utlwiwa fa a le mo gae.

2 Batho ba le bantsi ba ne ba phuthegile, ga ba ga tla ga tlhokafala fa ba emang teng, le fa e le fa mojakong, mme a bua lefoko nabo.

3 Bangwe ba tla ba lere mo go ene monna yo o bobolang bolwetse jwa teteselo, a rwelwe ke batho ba le bane.

4 E rile ka ba retelelwa ke go mo atamela ka ntlha ya bontsi jwa batho, ba tlhomesolola ntlo bolebana nae; ya re ba sena go phunya, ba folosa yo o bobolang bolwetse jwa teteselo ka bolao jo o letseng mo go jone.

5 Mme Jesu ka a bona tumelo ya bone, a raya yo o bobolang bolwetse jwa teteselo, a re: “Morwaaka, dibe tsa gago o di itshwaretswe.”

6 Mme ga bo go dutse bangwe ba bakwadi teng, ba akanya mo pelong tsa bone ba re:

7 “Monna yo o buelang jaana? O a tlhapatsa. E mang yo o ka itshwarelang dibe, fa e se a le mongwe fela, e bong Modimo?”

8 Ya re fela ka bonako, ka Jesu a lemoga mo moweng wa gagwe fa ba akanya jalo mo teng ga bone, a ba raya a re: “Ana lo akanyeletsang dilo tse mo dipelong tsa lona?

9 Mo go ka nnang bofefo ke gofe, a e ka nna go raya motho yo o bobolang bolwetse jwa teteselo, go re: ‘Dibe tsa gago o di itshwaretswe;’ kgotsa go re: ‘Tsoga, o tseye bolao jwa gago, o tsamaye’?

10 Mme gore lo itse fa Morwa Motho a na le thata mo lefatsheng go itshwarela dibe,” a raya yo o bobolang bolwetse jwa teteselo, a re:

11 “Ke a go raya, Tsoga o tseye bolao jwa gago, o ye kwa ntlong ya gago.”

12 Mme a tsoga, a tsaya bolao jwa gagwe fela ka bonako, a tswa fa pele ga bone botlhe; ba ba ba gakgamala botlhe, ba galaletsa Modimo ba re: “Ga re ise re ke re bone mo go ntseng jaana gope.”


Go bidiwa ga Lefi
( Math 9:9-13 ; Luke 5:27-32 )

13 A ba a tswa a ya fa lewatleng gape; mme bontsi jotlhe jwa batho jwa nna jwa ya kwa go ene, mme a ba ruta.

14 Mme ya re a feta, a bona Lefi morwa Alefaio a dutse fa go kgethelwang gona, mme o mo raya a re: “Ntshala morago.” Mme a nanoga a mo sala morago.

15 Ga dirala gore, e re a dutse a ja mo ntlong ya ga Lefi, bakgethisi ba le bantsi le baleofi ba bo ba na le Jesu le barutwa ba gagwe, gonne ba ne ba mo setse morago ka bontsi.

16 Mme bakwadi ba Bafarisai ba re ba bona fa a a ja le baleofi le bakgethisi, ba raya barutwa ba gagwe ba re: “O ja a a nwa le bakgethisi le baleofi.”

17 Ya re Jesu a utlwa a ba raya a re: “Ba ba itekanetseng ga ba dire ngaka sepe, fa e se ba ba lwalang fela; ga ke a tlela go bitsa basiami, fa e se baleofi fela.”


Potso ka ga go ikitsa go ja
( Math 9:12-17 ; Luke 5:33-39 )

18 Barutwa ba ga Johane le Bafarisai ba bo ba ikiditse dijo; mme ba tla ba mo raya ba re: “Ana fa e bo ne ne barutwa ba ga Johane le barutwa ba Bafarisai ba ikitsa go ja, mme barutwa ba gago ba sa ikitse go ja, ke ka ntlha yang?”

19 Jesu a ba raya a re: “A bagwe ba ka ikitsa go ja monyadi a sa ntse a na nabo? E a re monyadi a sa ntse a na nabo, boo ba sa ka ke ba ikitsa go ja.

20 Mme metlha e tlaa tla e monyadi o tlaa tlosiwang mo go bone ka yone; foo ba tlaa ikitsa go ja mo motlheng oo.

21 “Ga go na ope yo o ka rokelelang sebata se se kweletlanyeng mo seaparong se se onetseng, ka gobo fa se se bitiela, se tlaa se garola, se seša se garole se segologolo, mme kgagogo e keketsege.

22 Le gone ga go na ope yo o thelang bojalwa jwa mofine jo boša mo mefalong e e onetseng; gonne bojalwa jwa mofine bo tlaa phanya mefalo, mme bojalwa jwa mofine bo senyege, mefalo le yone; mme ba tle ba thele bojalwa jwa mofine jo boša mo mefalong e meša.”


Potso ka ga Sabata
( Math 12:1-8 ; Luke 6:1-5 )

23 Ga dirala ya re a ralala masimo a mabele go le letsatsi la Sabata, mme barutwa ba re ba tsamaya ba simolola go roba diako tsa mabele.

24 Mme Bafarisai ba mo raya ba re: “Bona, e a re go le letsatsi la Sabata ba bo ba direlang se se sa letlelelwang?”

25 Mme a ba raya a re: “A ga lo ise lo ke lo bale gope ka fa Dafite o kileng a dira ka teng, jale ka a tlhoka, mme a bolailwe ke tlala, ene le ba o neng a na nabo?

26 Jaaka a ne a tsena mo ntlong ya Modimo, Abiathare e le moperesiti yo mogolo, mme a ja dinkgwe tsa tshupelo, e le tse di sa tshwanelang go jewa fa e se ke baperesiti fela, mme a ba a fa le ba o nang nabo?”

27 A ba raya a re: “Sabata o diretswe motho, motho ga a a direlwa Sabata;

28 jalo Morwa Motho ke Morena le wa Sabata.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan