Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Luke 7 - BAEBELE e e Boitshepo


Jesu o fodisa motlhanka wa molaodi
( Math 8:5-13 )

1 Jaana e rile a sena go swetsa mafoko otlhe a gagwe mo ditsebeng tsa batho, a tsena mo Kaperenaume.

2 Ga bo go le molaodi wa mophato, a na le motlhanka, mme a mo rata thata, a bo a lwala a le gaufi le go swa.

3 O rile a utlwa ka ga Jesu, a roma bagolwane ba Bajuta kwa go ene, ba mo rapela gore a tle go fodisa motlhanka wa gagwe.

4 Bone, ya re ba fitlha kwa go Jesu, ba mo rapela thata ba re: “Ke motho yo o tshwanetseng fa o ka mo direla jalo;

5 gonne o rata morafe wa rona, e bile ene ka esi o re agetse ntlo ya thuto.”

6 Foo Jesu a ya nabo. Ya re jaana a setse a se kgakala le ntlo, molaodi wa mophato a roma ditsala kwa go ene, tsa ya go mo raya tsa re: “Morena, o se ka wa itapisa, ka gobo ga ke a tshwanela fa o ka tsena kwano tlase ga ditlhomeso tsa me.

7 Ke gone ke ikaileng le gone fa ke sa tshwanela go ya koo go wena; mme bua lefoko fela, mme motlhanka wa me o tlaa fodisiwa.

8 Gonne le nna ke monna yo ke beilweng mo taolong, ke bile ke na le batlhabani ba mo taolong ya me; mme ke reye mongwe ke re: ‘Tsamaya,’ mme a tsamaya; ke reye yo mongwe ke re: ‘Ntlo,’ mme a tle; le motlhanka wa me: ‘Dira se,’ mme a se dire.”

9 Jesu ya re a utlwa dilo tse a mo gakgamalela, mme a retologa a raya batho ba bantsi ba ba mo setseng morago a re: “Ke a lo raya, ga ke ise nke ke bone tumelo e kgolo jaana, nnyaa, le fa e le mo Iseraele.”

10 Ba ba romilweng, ya re ba boela kwa ntlong, ba fitlhela motlhanka (yo o neng a ntse a lwala) a fodile.


Jesu o tsosa ngwana wa motlholagadi kwa Naine

11 Ga dirala ya re ka moso, a ya kwa motseng o o bidiwang, Naine; le barutwa ba gagwe ba le bantsi ba ya nae, le bontsi jo bogolo jwa batho.

12 Jaana ya re a atamela kgoro ya motse, bonang, ga bo go rwelwe moswi, a isiwa kwa ntle; ya bo e le morwa mmaagwe yo o esi, mme ene mmaagwe ya bo e le motlholagadi; le batho ba le bantsi ba motse ba bo ba na le mosadi.

13 Ya re Morena a mmona, a mo tlhomogela pelo, a mo raya a re: “Se lele.”

14 Mme a atamela a ama setsholo; ba ba mo rweleng ba ema. Mme a re: “Lekau, ke a go raya, tsoga.”

15 Yo o neng a sule a rapamologa, mme a simolola go bua. Mme a mo neela mmaagwe.

16 Poifo ya ba tshwara botlhe; mme ba galaletsa Modimo ba re: “Go tsogile moperofeti yo mogolo gare ga rona; Modimo o lekotse batho ba one.”

17 Tumedi e ka ga gagwe, ya tswela mo lefatsheng lotlhe la Jutea, le mo tikologong yotlhe ya teng.


Barongwa ba ba tswang kwa go Johane wa Mokolobetsi
( Math 11:2-19 )

18 Barutwa ba ga Johane ba mmolelela dilo tsotlhe tse.

19 Johane a ipiletsa barutwa ba gagwe ba le babedi a ba roma kwa go Jesu, ba ya go re: “A ke wena yo o tlang, kgotsa a re lebelele o sele?”

20 Ya re banna bao ba sena go fitlha kwa go ene ba re: “Re romilwe ke Johane Mokolobetsi kwano go wena, a re: ‘A ke wena yo o tlang, kgotsa a re lebelele o sele?’ ”

21 Ya re e sa ntse e le nako eo a fodisa batho ba le bantsi malwetse le dipobolo, le mewa e e bosula; le difofu di le dintsi a di naya go bona.

22 Jesu a bua, a ba raya a re: “Tsamayang, lo ye lo bolelele Johane dilo tse lo di bonyeng, le tse lo di utlwileng, lo re: Difofu di a bona, batlhotsi ba a tsamaya, balepero ba a ntlafadiwa, basusu ba a utlwa, baswi ba a tsosiwa, bahumanegi ba rerelwa Mafoko a a Molemo.

23 Mme go sego ene yo o se ketlang a fitlhela sekgopi sepe mo go nna.”

24 E rile barongwa ba ga Johane ba sena go tsamaya, a simolola go bua le matshutitshuti a batho ka ga Johane a re: “Kana lo ne lo tswela kwa nageng lo ya go bonang? A lo ne lo solofetse go bona lotlhaka lo lo tshikinngwang ke phefo ne?

25 Kana lo ne lo tswa lo ya go bonang? A lo ne lo re, monna yo o apereng diaparo tse di boleta? Bonang, ba ba apereng dietsela, le ba ba tshelang mo letlepung, ba nna mo malwapeng a dikgosi.

26 Mme kana lo ne lo tswa lo ya go bonang? A lo ne lo re moperofeti? Ee, ke a lo raya e bile ke yo mogolo go feta moperofeti.

27 Yo ke ene go kwadilweng ka ga gagwe ga twe: ‘Bona, ke roma morongwa wa me fa pele ga sefatlhogo sa gago, yo o tlaa baakanyang tsela ya gago fa pele ga gago.’

28 Ke a lo raya ka re, mo go ba ba tsetsweng ke basadi ga go na moperofeti ope yo o mogolo go feta Johane Mokolobetsi; mme ene yo o leng mmotlana mo bogosing jwa Modimo o mogolo go feta ene.”

29 Batho botlhe ba mo utlwa, le bakgethisi, ba atlholela Modimo tshiamo, ka ba kolobeditswe ka kolobetso ya ga Johane.

30 Mme Bafarisai le ba molao ba tsupuetsa boikaelelo jwa Modimo ka ga bone, ka ba se ka ba kolobediwa ke ene.

31 Morena a ba a re: “Ana batho ba losika lo, ke tlaa ba tshwantsha ka eng? Mme ba tshwana le eng?

32 Ba tshwana le banyana ba ba dutseng mo mananeng a motse, ba bitsanya ba re: ‘Re lo leleditse diletso, mme ga lo a ka lwa bina; ra kuruetsa, mme ga lo a ka lwa lela.’

33 Gonne Johane Mokolobetsi o tsile, a sa je senkgwe, a sa nwe bojalwa jwa mofine; mme lwa re: ‘O na le mowa o o bosula.’

34 Morwa Motho o tsile, a ja, a nwa; mme lwa re: ‘Bonang motho yo o tshikiri, le monwa bojalwa, tsala ya bakgethisi le baleofi!’

35 Mme botlhale bo atlholetswe tshiamo ke bana botlhe ba jone.”


Jesu kwa legaeng la ga Simone wa Mofarisai

36 Mongwe wa Bafarisai a mo lopa gore a ye go ja nae. Mme a tsena mo ntlong ya Mofarisai, a dula a ja.

37 Bonang, mosadi mongwe yo o mo motseng, e le moleofi, ya re a tlhaloganya fa Jesu a dutse a ja mo ntlong ya Mofarisai, a lere setlolo ka sedibelwana sa alebasetara.

38 A ema ka fa morago, fa dinaong tsa gagwe, a lela, mme a simolola go kolobetsa dinao tsa gagwe ka dikeledi, a di phimola ka moriri wa tlhogo ya gagwe, a ba a mo atla dinao, a di tlotsa setlolo.

39 Jaana ya re Mofarisai yo o mmiditseng a bona jalo, a ithaya a re: “Monna yo, fa e ka bo e le moperofeti, o ka bo a lemogile mosadi yo o mo amang gore ke mang, le ka fa o ntseng ka teng, ka e le moleofi.”

40 Mme Jesu a mo fetola a re: “Simone, ke na le sengwe se nka se buang nao.” Ene a re: “Moruti, a ko o bue.”

41 “Ga bo go le motho yo go tsewang dilo molato mo go ene, a bo a na le batho ba le babedi ba ba molato nae; mongwe a le molato diponto di le 50, yo mongwe a le molato diponto di le tlhano fela.

42 E rile ka ba se na sepe go lefa ka sone, a ba itshwarela boo babedi. Ka re, mpolelela gore yo o tlaa mo ratang bogolo mo go bone ke ofe?”

43 Simone a mo fetola a re: “Ke a gopola e tlaa nna ene yo o mo itshwaretseng go le gogolo.” A mo raya a re: “O gopotse sentle.”

44 A retologela mosadi, a raya Simone a re: “A o bona mosadi yo? Ke tsile mo ntlong ya gago, ga o a ka wa nnaya metsi a dinao; mme yo o nkolobeditse dinao ka dikeledi, a di phimola ka moriri wa gagwe.

45 Ga o a ka wa nkatla; mme mosadi yo, ke sa le ke tsena, ga a ise a ke a khutle go nkatla dinao.

46 Tlhogo ya me ga o a ka wa e tlotsa lookwane; mme mosadi yo, o ntloditse dinao ka setlolo.

47 Ke gone ke go rayang ke re, dibe tsa gagwe tse di leng dintsi o di itshwaretswe, gonne o ratile go le gogolo; mme yo o itshwaretsweng go le gobotlana, o rata go le gobotlana.”

48 A raya mosadi a re: “Dibe tsa gago o di itshwaretswe.”

49 Ba ba dutseng nae ba ja, ba simolola go ithaya ba re: “E mang yo, yo o itshwarelang dibe le gone?”

50 Mme a raya mosadi a re: “Tumelo ya gago e go bolokile; tsamaya ka kagiso.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan