Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Luke 6 - BAEBELE e e Boitshepo


Barutwa ba roba diako go le Sabata
( Math 12:1-8 ; Mar 2:23-28 )

1 Jaana ga dirala e rile ka Sabata o mongwe a ralala masimo a mabele; mme barutwa ba gagwe ba roba diako tsa mabele, ba di ja ka go di sosorela mo diatleng.

2 Mme bangwe ba Bafarisai ba ba raya ba re: “Lo direlang se se sa letlelelwang go dirwa ka malatsi a Sabata?”

3 Jesu a ba fetola a re: “A ga lo ise lo bale, ka ga se Dafite o se dirileng jale, ka a bolailwe ke tlala, ene le ba o neng a na nabo;

4 ka fa o neng a tsena mo ntlong ya Modimo ka teng, a tsaya dinkgwe tsa tshupelo, a di ja, a ba a di naya le ba o nang nabo; e le tse di sa letlelelwang go jewa ke ope, fa e se ke baperesiti ba le bosi fela?”

5 A ba raya a re: “Morwa Motho ke Morena wa Sabata.”


Monna yo o seatla se omeletseng
( Math 12:9-14 ; Mar 3:1-6 )

6 Ga dirala ya re ka Sabata o mongwe, a tsena mo ntlong ya thuto, a ruta; ga bo go le monna teng, yo seatla sa gagwe se segolo se omeletseng.

7 Bakwadi le Bafarisai ba mo lepa gore a o tlaa fodisa ka letsatsi la Sabata; gore ba bone ka fa ba ka mo nayang molato ka teng.

8 Mme a itse megopolo ya bone, mme a raya monna yo o seatla se omeletseng a re: “Nanoga, a eme fa gare.” A nanoga a ema fa gare.

9 Jesu a ba raya a re: “Ke a lo botsa ka re, a go letleletswe go dira molemo ka malatsi a Sabata, kgotsa go dira bosula, go boloka botshelo kgotsa go bo senya?”

10 A ba koba botlhe, a raya monna yoo a re: “Otlolola seatla sa gago.” A dira jalo; mme seatla sa gagwe sa fola sa nna jaaka se sengwe.

11 Ba tlala botsenwa; mme ba gakololana ka ga se ba ka se dirang Jesu.


Jesu o tlhopha baaposetole ba le 12
( Math 10:1-4 ; Mar 3:13-19 )

12 Mme ya re mo metlheng eo ga dirala gore a tswa a ya kwa thabeng, a ya go rapela; mme a lala a rapela Modimo bosigo jotlhe.

13 Ya re bosigo bo sena go sa, a bitsa barutwa ba gagwe; mme mo go bone a itshenkela ba le 12, ba o bileng a ba raya leina a re, Baaposetole:

14 Simone, yo o bileng a mo raya leina a re, Petere, le Anterea monnawe, Jakobe le Johane, Filipo le Baretholomea,

15 Mathaio le Thomase, Jakobe morwa Alefaio, le Simone yo o bidiwang Selote,

16 le Jutase oo rra Jakobe, le Jutase Isekariote yo o tlogileng a nna mooki.


Jesu o rerela, a fodisa boidiidi jo bogolo
( Math 4:23-25 )

17 Mme a fologa nabo, a ema mo lobaleng, a na le bontsi jo bogolo jwa barutwa ba gagwe, le batho ba le bantsintsi ba ba tswang mo Jutea yotlhe, le Jerusalema, le kwa lefatsheng le le okameng lewatle la Ture le Sitone, ba tsile go mo utlwa, le go fodisiwa malwetse a bone;

18 le ba ba tshwenngwang ke mewa e e maswe, mme ba fodisiwa.

19 Mme bontsi jotlhe jwa senka go mo ama, ka gonne nonofo e ne e tswa mo go ene, a ba fodisa botlhe.


Masego le dikhutsafalo
( Math 5:1-12 )

20 A tsholeletsa matlho a gagwe barutweng ba gagwe, a re: “Lo sego lona bahumanegi, gonne bogosi jwa Modimo ke jwa lona.

21 Lo sego lona ba lo bolawang ke tlala jaana; gonne lo tlaa kgorisiwa. Lo sego lona ba lo lelang jaana; gonne lo tlaa tshega.

22 Lo sego, mogang batho ba lo ilang, ba ikgaoganya le lona, ba lo kgoba, ba latlha leina la lona jaaka se se bosula, ka ntlha ya Morwa Motho.

23 “Lo itumele mo motlheng oo, lo bo lo ipele, gonne bonang, tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne borraabo ba diretse baperofeti jalo.

24 Go bo go latlhega lona ba lo humileng! Gonne lo amogetse kgomotso ya lona.

25 A bo go latlhega lona ba lo kgotsheng jaana! Gonne lo tlaa bolawa ke tlala. Go latlhega lona ba lo tshegang jaana! Gonne lo tlaa hutsafala lo lela.

26 “Go latlhega lona, mogang batho botlhe ba buang sentle ka ga lona, gonne borraabo ba diretse baperofeti ba tsietso fela jalo!


Go rata baba
( Math 5:38-48 ; 7:12 )

27 “Ke raya lona ba lo utlwang ke re, ratang baba ba lona, ba ba lo ilang lo ba direle molemo.

28 Lo segofatse ba ba lo hutsang, lo rapelele ba ba lo gobololang.

29 Ene yo o go fapholang mo lesameng lengwe, mo neele le le lengwe; le yo o go tseelang kobo, le kojana o se ka wa gana ka yone.

30 Naya mongwe le mongwe yo o go lopang, le yo o go tseelang dilwana tsa gago, o se ka wa ba wa di mo lopa.

31 Fela jaaka lo rata batho ba lo direla, le lona lo ba direle fela jalo.

32 “Fa lo rata ba ba lo ratang, lo bo lo na le tebogo efe, gonne baleofi le bone ba rata ba ba ba ratang?

33 Fa lo direla bone molemo ba ba lo direlang molemo, lo bo lo na le tebogo efe, gonne baleofi le bone ba dira fela jalo?

34 Fa lo adima bone ba lo solofetseng go amogela mo go bone, lo bo lo na le tebogo efe? Gonne baleofi le bone ba tle ba adime baleofi, gore ba amogele mo go kalo gape.

35 Mme lona, ratang baba ba lona, ba direleng molemo, adimang fela, lo sa tlhoboge gope; mme tuelo ya lona e tlaa nna kgolo, mme lo tlaa nna bana ba Mogodimodimo; gonne ene o pelonomi mo go ba ba sa lebogeng, le mo go ba ba bosula.

36 Ke gone lona lo nne kutlwelobotlhoko fela, jaaka Rraalona le ene a le kutlwelobotlhoko.


Go atlhola ba bangwe
( Math 7:1-5 )

37 “Le gone lo se ka lwa sekisa, mme ga lo ketla lo sekisiwa; se boneng batho molato, mme ga lo ketla lo bonwa molato; rebolang, mme lo tlaa rebolwa;

38 nayang, mme lo tlaa newa, selekanyo se se molemo, se se katetsweng, se se tsikitleditsweng, se se penologang, batho ba tlaa se lo naya mo dihubeng tsa lona. Gonne ka selekanyo se lo lekanyang ka sone lo tlaa ba lo lekanyediwa ka sone fela.

39 “Le gone a bua setshwantsho nabo a re: A sefofu se ka goga sefofu? A ga di ketla di wela mmogo mo kgatamping?

40 Morutwa ga a mogolo go feta moruti wa gagwe; mongwe le mongwe mogang o itekanelang o tlaa nna jaaka moruti wa gagwe.

41 “O bonelang selabe se se mo leitlhong la wa gaeno, mme o sa tlhokomele mosipuri o o mo leitlhong le e leng la gago?

42 Kgotsa, o tlaa raya wa gaeno jang o re: ‘Mothoetsho, mma ke ntshe selabe se se mo leitlhong la gago,’ le mororo o sa bone mosipuri o o mo leitlhong le e leng la gago? Moitimokanyi ke wena, ntsha mosipuri o o mo leitlhong la gago pele, e dire gone o tlaa bonang sentle go ntsha selabe se se mo leitlhong la wa gaeno.


Setlhare se itsiwe ka maungo a sone
( Math 7:16-20 ; 12:33-35 )

43 “Gonne ga go na setlhare sepe se se molemo, se se tleng se ungwe loungo lo lo bosula; le gone ga go setlhare se se bosula, se se tleng se ungwe loungo lo lo molemo.

44 Gonne setlhare sengwe le sengwe se itsiwe ka loungo lwa sone. Gonne batho ga ba ke ba hula difeige mo ditlhareng tse di mitlwa, le fa e le loungo lwa mofine mo monganeng.

45 Motho yo o molemo o ntsha se se molemo mo lohumong lo lo molemo lwa pelo ya gagwe; le motho yo o bosula, o ntsha se se bosula mo lohumong lo lo bosula (lwa pelo ya gagwe); gonne go bua ga molomo wa gagwe go tle go tswe mo go se se tletseng mo pelong.


Baagi ba babedi
( Math 7:24-27 )

46 “Lo mpiletsang Morena, Morena, mme lo sa dire tse ke reng lo di dire?

47 Mongwe le mongwe yo o tlang mo go nna, a utlwa mafoko a me a ba a a dira, ke tlaa lo supetsa gore o tshwana le mang.

48 O tshwana le monna yo o kileng a aga ntlo, a epela kwa teng, a thaya motheo mo lefikeng; mme ya re morwalela wa metsi o tla, noka ya itaaka ntlo eo thata, mme ya retelelwa ke go e tshikinya; ka e ne e agilwe sentle.

49 Mme yo o utlwang, a sa dire, o tshwana le monna yo o kileng a aga ntlo fela, e se na motheo, mme noka ya itaaka ntlo eo thata, mme ya akofa ya wa, mme go senyega ga ntlo eo ga nna gogolo.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan