Luke 5 - BAEBELE e e BoitshepoBa tshwara ditlhapi di le dintsi ( Math 4:18-22 ; Mar 1:16-20 ) 1 Ga dirala ya re ka batho ba bantsi ba mo pitlaganya, ba utlwa lefoko la Modimo, a bo a eme fa bodibeng jwa Geneserete. 2 Foo a bona mekoro e le mebedi e eme fa bodibeng, mme batshwari ba ditlhapi ba bo ba dule mo go yone, ba tlhatswa ditloa tsa bone. 3 A tsena mo go mongwe wa mekoro, e le wa ga Simone, a mo lopa gore a ke a katoge lefatshe go le gonnye. Mme a dula, a ruta batho a le mo mokorong. 4 Jaana e rile a sena go khutla go bua, a raya Simone a re: “Sutelang kwa go boteng, mme lo digele ditloa tsa lona go tshwara.” 5 Simone a mo fetola a re: “Morena, re letse re leka bosigo jotlhe, ra se ka ra tshwara sepe, le fa go ntse jalo ke tlaa digela ditloa ka lefoko la gago.” 6 Ya re ba sena go dira jalo ba sobokanya bontsi jo bogolo jwa ditlhapi, ditloa tsa bone tsa ba tsa kgaoga. 7 Mme ba gwetlha balekane ba bone ba ba mo mokorong o mongwe, gore ba tle go ba thusa. Ba tla; mme ba tlatsa mekoro yoo mebedi ya ba ya tla ya simolola go nwela. 8 Simone Petere ya re a bona jalo, a wela fa mangoleng a ga Jesu a re: “Ntlogela Morena, gonne ke motho wa boleo.” 9 Gonne go le ene, le botlhe ba o nang nabo, ba bo ba gakgamaletse tshwaro ya ditlhapi tse ba di tshwereng; 10 le bone boJakobe jalo le Johane, bomorwa Sebete, e le balekane ba ga Simone. Jesu a raya Simone a re: “O se ka wa boifa; go simolola ka leno o tlaa tshwara batho.” 11 Ya re ba sena go fitlhisa mekoro ya bone kwa lefatsheng, ba tlogela gotlhe, ba mo sala morago. Jesu o fodisa molepero ( Math 8:1-4 ; Mar 1:40-45 ) 12 Ga dirala e rile le mo motseng mongwe, bonang, monna yo o tletseng lepero; yo e rileng a bona Jesu a wela fa fatshe ka sefatlhogo, a mo rapela, a re: “Morena, fa o rata, o na le thata go nntlafatsa.” 13 Mme a otlolola seatla, a mo ama a re: “Ke a rata, o ntlafale.” Mme fela ka bonako lepero la mo tlogela. 14 Mme a mo laya gore a se ka a bolelela ope; mme a re: “Tsamaya o itshupetse moperesiti, o ntshetse bontlafatso jwa gago ka fa Moše o laotseng ka teng, gore e nne tshupo mo go bone.” 15 Tumedi ka ga gagwe ya tota bogolo bogolo; mme matshutitshuti a batho a phuthegela mmogo go utlwa, le go fodisiwa malwetse a bone. 16 Mme ene a ngongwaelela a tswa a ya kwa gare ga naga go rapela. Jesu o fodisa monna yo o suleng mohama ( Math 9:1-8 ; Mar 2:1-12 ) 17 Ga dirala ya re ka letsatsi lengwe la malatsi ao, ka a ruta, ga bo go le Bafarisai le baruti ba molao ba dutse teng, ba ba tswang mo metseng yotlhe ya Galilea le Jutea, le Jerusalema; mme thata ya Morena ya nna nae go ba fodisa. 18 Mme bonang, banna bangwe ba lere motho yo o tshwerweng ke go tetesela, ba mo tshotse ka bolao, ba batla ka fa ba ka mo isang mo teng ka teng, le go mmaya fa pele ga gagwe. 19 E rile ka ba sa bone ka fa ba ka mo isang mo ntlong ka teng, ka ntlha ya bontsi jwa batho, ba tlhatlogela kwa godimo ga ntlo, ba mo folosa ka bolao jwa gagwe ka fa borulelong, ba mmaya fa gare, fa pele ga Jesu. 20 Ya re a bona tumelo ya bone, a mo raya a re: “Monna, dibe tsa gago o di itshwaretswe.” 21 Bakwadi le Bafarisai ba simolola go akanya go re: “E mang yo, yo o buang ditlhapatso? E mang yo o ka itshwarelang dibe fa e se Modimo osi fela?” 22 Ya re Jesu a lemoga megopolo ya bone, a ba raya a re: “Lo akanya eng mo pelong tsa lona? 23 Mo go bofefo ke gofe, a ke go re: ‘Dibe tsa gago di itshwaretswe;’ le fa e le go re: ‘Tsoga o tsamaye?’ 24 Mme gore lo tle lo itse fa Morwa Motho a na le thata mo lefatsheng, ya go itshwarela dibe,” a raya ene yo o teteselang a re: “Ke a go raya, ‘Tsoga o tseye bolao jwa gago, o ye kwa ntlong ya gago.’ ” 25 Fela ka bonako a tsoga fa pele ga bone, a tsaya se o neng a letse mo go sone, a ya kwa ntlong ya gagwe, a ntse a galaletsa Modimo. 26 Kgakgamalo ya ba tshwara botlhe, mme ba galaletsa Modimo; ba ba ba tlala poifo ba re: “Re bonye dilo di sele gompieno.” Jesu o bitsa Lefi ( Math 9:9-13 ; Mar 2:13-17 ) 27 Morago ga dilo tse a tswela kwa ntle, mme a fitlhela mokgethisi mongwe yo o bidiwang Lefi, a dutse fa go kgethelwang teng; a mo raya a re: “Ntshala morago.” 28 A tlogela gotlhe, a ema a mo sala morago. 29 Lefi a mo direla modiro o mogolo mo ntlong ya gagwe; mme ga bo go le lesomo le legolo la bakgethisi, le la ba bangwe ba ba dutseng ba ja nabo. 30 Bafarisai le bakwadi ba ba mo go bone, ba ngongoregela barutwa ba gagwe ba re: “Lo jelang lo nwa le bakgethisi le baleofi?” 31 Jesu a ba fetola a re: “Ba ba itekanetseng ga ba dire ngaka sepe; fa e se ba ba lwalang fela. 32 Ga ke a tla go bitsa basiami, fa e se baleofi fela, gore ba tle boikwatlhaong.” Tlhaloso ka ga go itima dijo ( Math 9:14-17 ; Mar 2:18-22 ) 33 Ba mo raya ba re: “Ana barutwa ba ga Johane ba ikiletsang go ja gantsi, ba dira mekokotlelo, le ba Bafarisai jalo; mme ba gago ba a ja ba nwa fela?” 34 Jesu a ba raya a re: “A lo ka kgona bagwe go ikitsa go ja fa monyadi a sa ntse a na nabo? 35 Metlha e tlaa tla; e tlaa re monyadi a sena go tlosiwa mo go bone, e dire gone ba tlaa ikitsang go ja mo metlheng eo.” 36 Le gone a bua setshwantsho nabo a re: “Ga go ope yo o gagolang seaparo se seša, a tsaya sebata a bitiela seaparo se se onetseng ka sone; fa a dira jalo, sebata se seša se tlaa gagola se se onetseng, le gone sebata se seša se a bo se sa dumalane le se se onetseng. 37 Le gone ga go ope yo o tshelang bojalwa jwa mofine jo boša bo mo mefalong e e onetseng; fa a dira jalo, bojalwa jwa mofine jo boša bo tlaa phanya mefalo, mme e tshologe le mefalo e senyege. 38 Bojalwa jwa mofine jo boša bo tshwanetse go tshelwa mo mefalong e meša. 39 Le gone ga go ope yo e reng a sena go nwa bojalwa jwa mofine yo bo gologolo a eletse jo boša; ka a tlaa a re: ‘Jo bogologolo bo molemo bogolo.’ ” |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa