Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Luke 4 - BAEBELE e e Boitshepo


Thaelo ya ga Jesu
( Math 4:1-11 ; Mar 1:12-13 )

1 Jesu a ntse a tletse Mowa o o Boitshepo, a boa kwa Joretane, a nna a tsamaisiwa ke Mowa mo gare ga naga,

2 a ntse a raelwa ke diabolo ka malatsi a 40. A se ka a ja sepe mo malatsing ao; mme a sena go feta, morago a bolawa ke tlala.

3 Mme diabolo a mo raya a re: “E re fa o le Morwa Modimo, raya lentswe le, gore le fetoge senkgwe.”

4 Jesu a mo fetola a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a ketla a tshela ka senkgwe se le sosi.’ ”

5 Diabolo a mo tlhatlosa, a mmontsha magosi otlhe a lefatshe ka ponyo ya leitlho.

6 Diabolo a mo raya a re: “Ke tlaa go naya thata yotlhe e, le kgalalelo ya magosi a, gonne mo go neetswe nna, mme ke ka go naya yo ke ratang go go mo naya.

7 Ke gone fa o ka nkobamela, gotlhe e tlaa nna ga gago.”

8 Jesu a mo fetola a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘O obamele Morena Modimo wa gago, mme o direle one o le osi fela.’ ”

9 Foo a mo isa kwa Jerusalema, a mmaya mo setlhoeng sa tempele, a mo raya a re: “E re fa o le Morwa Modimo, o le fano o itigele kwa tlase;

10 gonne go kwadilwe ga twe: ‘O tlaa laya baengele ba one ka ga gago gore ba go dibele;

11 ba tlaa go legelela ka diatla gore e se re kgotsa motlhamongwe lonao lwa gago lwa sugakanngwa ke lentswe.’ ”

12 Jesu a mo fetola a re: “Go tulwe: ‘O se ka wa leka Morena Modimo wa gago.’ ”

13 E rile diabolo a sena go swetsa thaelo yotlhe, a mo tlogela ka lobaka.


Jesu o simolola tirelo ya gagwe kwa Galilea
( Math 4:12-17 ; Mar 1:14-15 )

14 Jesu a boela kwa Galilea ka thata ya Mowa; mme tumo ka ga gagwe ya tswela mo tikologong yotlhe ya lefatshe.

15 A ruta mo matlong a bone a thuto, a galalediwa ke botlhe fela.


Jesu o lelekwa mo Nasaretha
( Math 13:53-58 ; Mar 6:1-6 )

16 Mme a fitlha mo Nasaretha kwa o goletseng teng; mme a tsena mo ntlong ya thuto ka letsatsi la Sabata jaaka a tlwaetse, a ema gore a bale.

17 Mme a neelwa lokwalo lwa moperofeti Isaia. A re a sena go menolola lokwalo, a bona felo fa go kwadilweng teng ga twe:

18 “Mowa wa Morena o mo go nna, gonne o ntloleditse go rerela bahumanegi Mafoko a a Molemo; o nthomile (go fodisa ba ba pelo di phatlogileng), go rerela bagolegwi kgololo, le phoufologo ya ba ba foufetseng, go golola ba ba teketilweng,

19 go bolela ngwaga o o lebosegang wa Morena.”

20 Mme a mena lokwalo, a ba a lo neela motlhanka, mme a dula. Matlho a botlhe ba ba mo ntlong ya thuto a bo a tlhomilwe mo go ene.

21 A simolola go ba raya a re: “Gompieno, lokwalo lo, lo dirafetse, mo ditsebeng tsa lona.”

22 Mme botlhe ba supa ka ga gagwe, ba gakgamalela mafoko a a monate a a tswang mo molomong wa gagwe. Ba re: “Yo, a ga se morwa Josefe?”

23 A ba raya a re: “Ruri, lo a bo lo tlaa mpolelela setshwantsho se, lo re: ‘Ngaka, iphodise; tsotlhe tse re di utwileng di dirilwe kwa Kaperenaume, o di dire le mono lefatsheng la gaeno.’ ”

24 A re: “Ruri ke o lo raya, ga go moperofeti ope yo o lebosegang mo lefatsheng la ga gabo.

25 “Ke lo bolelela boammaruri ka re, go ne go le basadi ba batlholagadi ba le bantsi mo go Iseraele, mo metlheng ya ga Elija, jale, ka legodimo le tswadilwe ka dinyaga di le tharo le dikgwedi di le thataro, mme ga nna leuba le legolo mo lefatsheng lotlhe;

26 Elija ga a ka a rongwa kwa go ope wa bone, fa e se kwa Sarepete mo lefatsheng la Sitone, kwa mosading yo e neng e le motlholagadi.

27 Gape go ne go le balepero ba le bantsi mo Iseraele mo metlheng ya moperofeti Eliša; mme ope wa bone a se ka a ntlafadiwa fa e se Naamane wa Mosiria.”

28 Botlhe ba ba mo ntlong ya thuto ba re ba utlwa dilo tse, ba tlala bogale.

29 Ba nanoga ba mo kgoromeletsa kwa ntle ga motse, ba mo gogela kwa tlhoreng ya thota e motse wa bone o agilweng mo go yone, gore ba mo piriganyetse ka kwa tlase.

30 Mme ene a ba ralala, a tswa a itsamaela fela.


Monna yo o neng a na le mowa o o maswe
( Mar 1:21-28 )

31 A fitlha kwa Kaperenaume, motse wa Galilea. A bo a ba ruta ka letsatsi la Sabata.

32 Mme ba gakgamalela thuto ya gagwe; ka gonne lefoko la gagwe le ne le na le thata.

33 Mo ntlong ya thuto ga bo go le motho yo o nang le mowa o o maswe, mme a goa ka lentswe le legolo.

34 A re: “Hee! Re go dirang wena Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re senya? Ke a go itse yo o leng ene; o Moitshepi wa Modimo.”

35 Mme Jesu a o kgalemela a re: “Didimala, o tswe mo go ene,” ya re mowa o o maswe o sena go mo piriganya fa gare ga bone, wa tswa mo go ene, mme wa se ka wa mo utlwisa botlhoko.

36 Botlhe ba welwa ke kgakgamalo, ba raana ba re: “Ana lefoko le ke la eng? Gonne o laola mewa e e maswe ka thata le ka nonofo, mme e tswe.”

37 Tumedi ka ga gagwe ya tswela kwa mafelong otlhe mo tikologong ya lefatshe.


Jesu o fodisa mogwagadia Petere le balwetse ba bangwe
( Math 8:14-17 ; Mar 1:29-34 )

38 Mme a ema a tswa mo ntlong ya thuto, a ba a tsena mo ntlong ya ga Simone. Mme mogwagadia Simone wa mosadi a bo a tshwerwe ke bolwetse jo bogolo jwa letshoroma; mme ba mo mo rapelela.

39 Mme a ya a mo okama, a kgalemela bolwetse jwa letshoroma; mme jwa mo tlogela; mme a akofa a ema, a ba direla.

40 Jaana e rile letsatsi le kotlomela, botlhe ba ba nang le ba ba bobolang malwetse mangwe le mangwe, ba ba isa kwa go ene; mme a baya diatla mo go mongwe le mongwe wa bone, a ba fodisa.

41 Le mewa e e maswe le yone ya tswa mo bathong ba le bantsi, ya goa ya re: “O Morwa Modimo.” Mme a e kgalemela, a se ka a e leseletsa go bua; ka e mo itse fa e le ene Keresete.


Jesu o rerela metse ya Galilea
( Mar 1:35-39 )

42 E rile bosigo bo sena go sa a tsamaya a ya kwa gare ga naga fela; mme batho ba mmatla, ba fitlha kwa go ene, ba re ba a mo kganela gore a se ba tlogele.

43 A ba raya a re: “Ke na le go rerela le metse e mengwe Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo, gonne ke romilwe go dira jalo.”

44 Mme a nna a rera mo matlong a thuto a Galilea.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan