Luke 3 - BAEBELE e e BoitshepoThero ya ga Johane wa Mokolobetsi ( Math 3:1-12 ; Mar 1:1-8 ; Joh 1:12-28 ) 1 Jaana e rile ka ngwaga wa 15 wa puso ya ga Kaesare Tiberio, ka Ponto Pilato a le molaodi wa Jutea, le Herote a le kgosana ya Galilea, le Filipo monnawe a le kgosana ya Iturea le ya lefatshe la Terakoniti, le Lesaniase a le kgosana ya Abilene, 2 le Anase le Kaiafase ba le baperesiti ba bagolo, lefoko la Modimo la tla kwa go Johane morwa Sakaria, a le mo nageng. 3 Mme a tla mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong ya Joretane, a rera kolobetso ya boikwatlhao jo bo bonang boitshwarelo jwa dibe; 4 jaaka go kwadilwe mo lokwalong lwa mafoko a moperofeti Isaia, a re: “Lentswe la yo o goang kwa nageng a re: Baakanyang mmila wa Morena, siamisang ditsela tsa gagwe. 5 Megogoro yotlhe e tlaa katelwa, le dithaba tsotlhe, le marota a tlaa papanwa; le tse di sokameng di tlaa lolamisiwa, le ditsela tse di magwata di tlaa rethefadiwa; 6 le nama yotlhe e tlaa bona poloka ya Modimo.” 7 Foo a raya batho ba bantsintsi ba ba ileng go kolobediwa ke ene a re: “Lotsalo lwa dinoga ke lona, lo tlhagisitswe e mang go tshaba bogale jo bo tlang? 8 Ke gone ungwang maungo a a tshwanetseng boikwatlhao; mme lo se ka lwa simolola go ithaya lo re: ‘Re na le Aberahame rraetsho;’ gonne ke a lo raya, Modimo o nonofile go tsosetsa Aberahame bana ka maje a. 9 Le jaana selepe se tsepilwe mo metsweng ya ditlhare; ke gone setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo molemo se a rengwa, se latlhelwe mo molelong.” 10 Matshutitshuti a batho a mmotsa a re: “Mme re tlaa dirang?” 11 A ba fetola a re: “Yo o nang le dikobo di le pedi, a a abele yo o se nang sepe; le yo o nang le dijo, a a dire jalo.” 12 Ga tla bakgethisi le bone go kolobediwa, ba mo raya ba re: “Moruti, rona re tlaa dirang?” 13 A ba raya a re: “Se kgethiseng ka thata go fetisa mo lo go laoletsweng.” 14 Le batlhabani le bone ba mmotsa ba re: “Mme rona re tlaa dirang?” A ba raya a re: “Se bogiseng ope, le gone se tseeleng ope sepe ka patiko, mme lo itumelele tuelo ya lona.” 15 Ya re ka batho ba le mo tebelelong, mme botlhe ba akanya mo dipelong tsa bone ka ga Johane, gore a jaana ga e ka ne e le ene Keresete; 16 Johane a fetola, a ba raya botlhe a re: “Nna le gale, ke lo kolobetsa ka metsi; mme go tla yo o thata bogolo go nna, yo kgole ya ditlhako tsa gagwe ke sa tshwanelang go e hunolola; ene o tlaa lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo, le ka molelo; 17 yo loselo lwa gagwe o lo tshotseng ka seatla; mme o tlaa olosetsa ruri mo segotlong sa gagwe, a ba a phuthela mabele mo ntlong ya polokelo; o tlaa tshuba mmoko ka molelo o o sa timeng.” 18 A nna a rerela batho mafoko a a molemo ka dikgakololo di le dintsi di sele; 19 mme kgosana Herote ene, ka a omantswe ke ene ka ntlha ya ga Herodiase mosadi wa ga Filipo monnawe, le ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di bosula tse Herote o di dirileng, 20 a fela a oketsa dilo tsotlhe tse ka go tswalela Johane mo ntlong ya kgolegelo. Jesu o a kolobediwa ( Math 3:13-17 ; Mar 1:9-11 ) 21 Jaana e rile batho botlhe ba sena go kolobediwa, ya re Jesu le ene a kolobediwa, a rapela, legodimo la atlhamologa. 22 Mowa o o Boitshepo wa fologela mo go ene o na le popego e kete ya lephoi, mme ga tswa lentswe mo legodimong, le le reng: “O morwaake yo o rategang; ke itumetse thata mo go wena.” Losika lwa ga Jesu ( Math 1:1-17 ) 23 Jesu ka esi o rile a simolola go ruta, a bo a le e ka ne e le dinyaga di le 30 mme, jaaka go ne go gopolwa, ya bo e le morwa Josefe, morwa Heli, 24 morwa Mathate, morwa Lefi, morwa Meleki, morwa Janai, morwa Josefe, 25 morwa Matathie, morwa Amose, morwa Nahume, morwa Eseli, morwa Nagai, 26 morwa Maathe, morwa Matathiase, morwa Semeine, morwa Joseke, morwa Jote, 27 morwa Joanane, morwa Rese, morwa Serubabele, morwa Shealetiele, morwa Neri, 28 morwa Meleki, morwa Adi, morwa Kosame, morwa Elematame, morwa Ere, 29 morwa Jesua, morwa Eliesere, morwa Jorime, morwa Mathate, morwa Lefi, 30 morwa Simeone, morwa Jutase, morwa Josefe, morwa Joname, morwa Eliakime, 31 morwa Melea, morwa Menne, morwa Matathe, morwa Nathane, morwa Dafite, 32 morwa Jese, morwa Obete, morwa Boase, morwa Salamone, morwa Našone, 33 morwa Aminatabe, morwa Arani, morwa Heserone, morwa Perese, morwa Juta, 34 morwa Jakobe, morwa Isake, morwa Aberahame, morwa Tera, morwa Nahore, 35 morwa Saruge, morwa Reu, morwa Pelege, morwa Ebere, morwa Shela, 36 morwa Kainane, morwa Arefekesate, morwa Sheme, morwa Noa, morwa Lameke, 37 morwa Methusela, morwa Enoke, morwa Jarete, morwa Mahalalele, morwa Kainane, 38 morwa Enose, morwa Sethe, morwa Atame, morwa Modimo. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa