Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Luke 24 - BAEBELE e e Boitshepo


Tsogo ya ga Jesu
( Math 28:1-10 ; Mar 16:1-8 ; Joh 20:1-10 )

1 E rile ka letsatsi la ntlha la beke, go le ka maphakela, ba ya kwa phupung, ba tshotse malao a ba a baakantseng.

2 Ba fitlhela lentswe le pitikolotswe le tlositswe fa phupung.

3 Mme ba tsena mo teng, mme ba se ka ba fitlhela mmele wa Morena Jesu.

4 Ga dirala, ya re ba sa ntse ba akabetse thata ka ga gone, bonang, banna ba le babedi ba ema fa go bone, ba apere diaparo tse di tsabakelang;

5 ka ba boifa, ba ikobela ditlhogo fa fatshe, ba ba raya ba re: “Lo batlelang motshedi mo baswing?

6 Ga a yo fa; o tsogile; gakologelwang ka fa o buileng le lona ka teng, a sa ntse a le kwa Galilea.

7 A re: ‘Morwa Motho o na le go neelwa mo diatleng tsa batho ba boleo, le go bapolwa, le go ba a tsoga ka letsatsi la boraro.’ ”

8 Ba gakologelwa mafoko a gagwe.

9 Ba boa kwa phupung, ba ya ba bolelela ba ba 11, le ba bangwe botlhe dilo tse tsotlhe fela.

10 Jaana e ne e le Maria Magetalene, le Johana, le Maria mma Jakobe; le basadi ba bangwe ba na nabo ba bolelela baaposetole dilo tse.

11 Mafoko a, a nna jaaka ditlhamane fela mo go bone, ba se ka ba a dumela.

12 Petere a nanoga a sianela kwa phupung; mme a inama, a okomela mo teng, a bona matsela a leloba a beilwe a le osi, mme a tsamaya a gakgamaletse se se dirafetseng.


Loeto kwa Emao
( Mar 16:12-13 )

13 Bonang, ya re ka letsatsi leo fela, ba le babedi ba bone ba bo ba ya kwa motsaneng o o bidiwang Emao; bokgakala jwa teng go tswa Jerusalema, e ka ne e le dikilometara di le 11.

14 Ba bua mmogo ka ga dilo tsotlhe tse di dirafetseng.

15 Ga dirala ya re ba ntse ba bua mmogo ba botsanya, Jesu ka esi a atamela, a tsamaya nabo.

16 Matlho a bone a bo a siregile, gore ba tle ba se ka ba mo itse.

17 Mme a ba raya a re: “Dipolelano tse, ke dife tse lo di bolelanang fa lo ntse lo tsamaya?” Ba ema ba tlhontse difatlhogo.

18 Yo mongwe wa bone, yo leina la gagwe e leng Keleopase, a mo fetola a re: “A ke wena wesi o tlhotsetlhotseng mo Jerusalema o sa itse dilo tse di dirafetseng teng mo malatsing ano?”

19 A ba raya a re: “Dilo dife?” Ba mo raya ba re: “Dilo tsa ka ga Jesu wa Nasaretha, yo e neng e le moperofeti yo o nonofileng mo tirong le mo mafokong, fa pele ga Modimo le batho notlhe.

20 Le jaaka ditlhogo tsa baperesiti le balaodi ba rona ba mo neetsa go sekisediwa losong, mme ba bile mmapotse.

21 Re ne re solofetse fa e tlaa bo e le ene yo o tlaa rekololang Iseraele. Bogolo go tsotlhe tse, gompieno ke letsatsi la boraro dilo tse di sena go dirafala.

22 Gape basadi bangwe ba lesomo la rona, le bone ba re gakgamaditse, ka ba ne ba ile ka maphakela kwa phupung;

23 mme e rile ba sa fitlhele mmele wa gagwe, ba tla ba re, ba bile ba bonye ponatshegelo ya baengele ba ba rileng, o tshedile.

24 Bangwe ba bone ba re neng re na nabo ba ya kwa phupung, ba fitlhela go ntse fela jaaka basadi ba boletse; mme ene ba se ka ba mmona.”

25 Mme a ba raya a re: “A batho ba ba se nang tlhaloganyo ke lona, ba lo pelo di bonya go dumela tsotlhe tse baperofeti ba di buileng!

26 A ga e ne e le tshwanelo gore Keresete a boge dilo tse, le go tsena mo kgalalelong ya gagwe?”

27 Mme a simolola ka Moše, le ka baperofeti botlhe, a ba phuthololela mo dikwalong tsotlhe, dilo tse di kwadilweng ka ga gagwe.

28 Ba atamela motsana o ba yang kwa go one; mme ene a dira jaaka e kete o fetela pele.

29 Mme ba mo patelela ba re: “Nna le rona; gonne go maitseboa, le letsatsi le ngotlegile thata.” A tsena a ya go nna nabo.

30 Ga dirala ya re a dutse a ja nabo, a tsaya senkgwe, a se segofatsa, a se ngathoganya, a se ba naya.

31 Mme matlho a bone a sirologa, mme ba mo itse; mme a nyelela a tswa mo ponong ya bone.

32 Ba raana ba re: “A dipelo tsa rona, a ga di a ka tsa tuka mo teng ga rona, fa a ntse a bua le rona mo tseleng, le fa a re rarabololela dikwalo?”

33 Ba nanoga ka nako eo fela, ba boela kwa Jerusalema, mme ba fitlhela ba ba 11 ba phuthegile mmogo, le ba ba nang nabo,

34 ba re: “Ruri Morena o tsogile, mme o bonywe ke Simone.”

35 Mme ba bolela dilo tse di dirafetseng mo tseleng, le ka fa ba mo lemogileng ka teng ka go ngathoganngwa ga senkgwe.


Jesu o iponatsha mo barutweng ba gagwe
( Math 28:16-20 ; Mar 16:14-18 ; Joh 20:19-23 ; Ditiro 1:6-8 )

36 Ya re ba sa ntse ba bua dilo tse, ene ka esi a ema fa gare ga bone a ba raya a re: “Kagiso e nne le lona.”

37 Ba rerega, ba tshoga, ba itlhoma ba bona mowa.

38 A ba raya a re: “Lo huduegelang, le dikabakanyo di tsogelang mo dipelong tsa lona?

39 Lebang diatla tsa me, le dinao tsa me, fa e le nna ka nosi; nkapaapang, lo bone; gonne mowa ga o na nama le marapo, jaaka lo mpona ke na le one.”

40 Ya re a sena go bua jalo, a ba bontsha diatla tsa gagwe le dinao tsa gagwe.

41 Ya re ba sa ntse ba belaetse ka boitumelo, mme ba gakgametse, a ba raya a re: “A lo na le se se jewang fano?”

42 Ba mo naya sebeka sa tlhapi e e besitsweng.

43 A se tshola, a se ja fa pele ga bone.

44 A ba raya a re: “Mafoko a, ke one a nkileng ka a bua le lona fa ke sa na le lona, fa dilo tsotlhe di na le go dirafala, e bong tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moše, le mo baperofeting, le mo dipesalemeng, ka ga me.”

45 Foo a rarabolola tlhaloganyo ya bone gore ba tlhaloganye dikwalo;

46 a ba raya a re: “Go kwadilwe jaana, fa ene Keresete a tlaa swa jalo, mme a ba a tsoge mo baswing ka letsatsi la boraro;

47 le gore go rerelwe merafe yotlhe boikwatlhao, le boitshwarelo jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema.

48 Lona lo basupi ba dilo tse.

49 Bonang, ke tlisa polelo ya tsholofetso ya ga Rre mo go lona; lo name lo sa diegile mo motseng wa Jerusalema, go tle go tsamaye lo apesiwe nonofo e e tswang kwa godimo.”


Tlhatlogo ya ga Jesu
( Mar 16:19-20 ; Ditiro 1:9-11 )

50 Mme a ba gogela kwa ntle, ba ya go fitlha go lebagana le Bethania; mme a tsholetsa mabogo a gagwe, a ba segofatsa.

51 Ga dirala, ya re a sa ntse a ba segofatsa, a kgaogana nabo, a isiwa kwa legodimong.

52 Mme ba mo obamela; ba boela kwa Jerusalema ka boitumelo jo bogolo;

53 ba tlhola ba ntse ba le mo tempeleng ka gale, ba baka Modimo.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan