Luke 23 - BAEBELE e e BoitshepoJesu o fa pele ga Pilato ( Math 27:1-2 , 11-14 ; Mar 15:1-5 ; Joh 18:28-38 ) 1 Lekoko lotlhe la bone la ema, mme ba mo isa fa pele ga Pilato. 2 Ba simolola go mmaya molato ba re: “Re fitlhetse monna yo, a sokamisa morafe, a itsa gore Kaesare a se ka a newa lekgetho, a re le ene ka esi ke Keresete, Kgosi.” 3 Pilato a mmotsa a re: “A ke wena Kgosi ya Bajuta?” A mo fetola a re: “O a bolela.” 4 Pilato a raya ditlhogo tsa baperesiti le matshutitshuti a batho a re: “Ga ke bone molato mo monneng yo.” 5 Mme bone ba gakala bogolo ba re: “O fudua setšhaba, o simolotse kwa Galilea, a ruta mo Jutea yotlhe go tla go fitlha fano.” Jesu o fa pele ga Herote 6 Ya re Pilato a utlwa ka ga Galilea, a botsa fa monna yo e le Mogalilea. 7 Ya re a sena go tlhaloganya fa a le wa puso ya ga Herote, a mo isa kwa go ene Herote, yo le ene ka esi o neng a le mo Jerusalema ka lobaka loo. 8 Jaana e rile Herote a bona Jesu, a itumela thata; ka a sa bolo go eletsa go mmona, ka a bile a utlwile dilo di le dintsi ka ga gagwe; le gone a solofela fa a tlaa bona tiro nngwe e e gakgamatsang e dirwa ke ene. 9 Mme a mmotsa ka mafoko a le mantsi; mme ene a se ka a mo fetola ka lepe. 10 Ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi, ba ema ba mmaya molato, ba gaketse thata. 11 Le Herote le batlhabani ba gagwe ba mo nyatsa, ba mo sotla, ba mo apesa seaparo se se manyedinyedi, ba mmusetsa gape kwa go Pilato. 12 Herote le Pilato ba tloga ba tsalana fela ka letsatsi leo; ka e rile pele ba bo ba tlhoanye. Jesu o atlholelwa loso ( Math 27:15-26 ; Mar 15:6-15 ; Joh 18:39 – 19:16) 13 Pilato a phutha ditlhogo tsa baperesiti le balaodi, le batho, a ba raya a re: 14 “Lo tlisitse monna yo kwa go nna, jaaka mongwe yo o sokamisang setšhaba, bonang, ke mmoditse fa pele ga lona, mme ke se ka ka bona molato ope mo monneng yo, ka ga dilo tse lo reng o molato ka ga tsone; 15 nnyaa, le fa e le ene Herote; gonne o mmuseditse kwano go rona; mme bonang, ga go na sepe se o se dirileng se se tshwanetseng loso. 16 Ke gone ke tlaa mo kgwathisa, ke mo golole.” 17 (Le gale o ne a tshwanetse go ba gololela mongwe ka lobaka lwa modiro.) 18 Mme ba goeleletsa gongwe ba re: “Monna yo, a a tlosiwe, re gololelwe Barabase;” 19 e le motho yo o rileng ka ntlha ya pheretlho e o e dirileng mo motseng, le go bolaya batho, a bo a tsentswe mo ntlong ya kgolegelo. 20 Pilato ka a eletsa go golola Jesu, a ba a bua nabo gape; 21 mme ba thela lošalaba ba re: “A a bapolwe, a a bapolwe.” 22 A ba a bua nabo lwa boraro a re: “Ka ntlha yang? Monna yo o dirile bosula bofe? Ga ke a bona molato ope o o tshwanetseng loso mo go ene; ke gone ke tlaa mo kgwathisang, ke itse go mo golola.” 23 Ba mo kgaupetsa ka mantswe a magolo, ba lopa gore a bapolwe. Mme mantswe a bone a fenya. 24 Mme Pilato a atlhola ka go re, go dirwe ka fa topong ya bone. 25 A golola ene yo o tsenyeditsweng pheretlho le polao ya batho mo ntlong ya kgolegelo, ene yo ba mo eleditseng; mme Jesu ene a mo neela mo go rateng ga bone. Papolo ya ga Jesu ( Math 27:32-44 ; Mar 15:21-32 ; Joh 19:17-27 ) 26 Ya re ba mo gogela koo, ba tshwara mongwe yo go tweng Simone wa Kurene, a tswa kwa nageng, mme ba baya mokgoro mo go ene, gore a o sikare fa morago ga Jesu. 27 A salwa morago ke bontsi jo bogolo jwa batho, le jwa basadi, ba ba bileng ba gala, ba mo lelela. 28 Jesu a retologela kwa go bone a re: “Bomorwadia Jerusalema, se nteleleng, lo itelele, lo bo lo lelele bana ba lona. 29 Gonne bonang, metlha e etla, e ba tlaa buang mo go yone ba re: ‘Go sego meopa le dipopelo tse di iseng di ke di belege, le mabele a a iseng a ke a amuse.’ 30 Foo ba tlaa simolola go raya dithaba ba re: ‘Re weleng godimo;’ le makgabana ba re: ‘Re khurumetseng!’ 31 Gonne fa ba dira dilo tse mo setlhareng se setala, go tlaa dirwa eng mo go se se omeletseng?” 32 Le gone ga bo go le ba bangwe ba le babedi, e le basenyi, ba gogwa nae ba ya go bolawa. 33 E rile ba sena go fitlha felong fa go bidiwang Logata, ba mmapolela teng, le basenyi, mongwe ka fa letsogong le le siameng, yo mongwe ka fa go la molema. 34 Mme Jesu a re: “Rra, ba itshwarele; gonne ga ba itse se ba se dirang.” Mme ba kgaogana diaparo tsa gagwe, ba di laola ka bola. 35 Batho ba ema ba leba. Le balaodi le bone ba mo gobolola ba re: “O ne a boloka ba bangwe; a jaana a ipoloke, fa e le ene Keresete wa Modimo, moitshenkedwi wa one.” 36 Batlhabani le bone ba tla fa go ene, ba mo sotla, ba re ba mo nosa bojalwa jo bo botšarara, 37 ba re: “Fa e le wena Kgosi ya Bajuta, ipoloke.” 38 Le gone ga bo go le sekwalo fa godimo ga gagwe se se reng: “YO, KE KGOSI YA BAJUTA”. 39 Mme mongwe wa basenyi ba ba pegilweng nae a mo kgala, a re: “A ga o ene Keresete? Ipoloke le rona o re boloke.” 40 Yo mongwe a mo fetola, a mo kgalemela a re: “A le Modimo ga o o boife, e tswa le wena o le mo tshekisong e ka yosi? 41 Mme rona ruri, e re tshwanetse; ka re bona tuelo e e tshwanetseng ditiro tsa rona; mme monna yo, ga a a dira sepe se se sokameng.” 42 Mme a re: “Jesu, a ko o nkgopole mogang o tlang mo bogosing jwa gago.” 43 Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri, ke a go raya, o tlaa nna le nna kwa Parataise gompieno.” Loso lwa ga Jesu ( Math 27:45-56 ; Mar 15:33-41 ; Joh 19:28-30 ) 44 Ya bo e setse e ka ne e le nako ya borataro ya motshegare o mogolo; mme ga nna lefifi mo lefatsheng lotlhe, go ya go fitlha mo nakong ya 9. 45 Lesedi la letsatsi le ntse le fifala; mme sesiro sa tempele sa fatoga ka bogare. 46 E rile Jesu a sena go goa ka lentswe le legolo a re: “Rra, ke neela mowa wa me mo diatleng tsa gago;” mme a re a sena go bua jalo a neela mowa. 47 E rile molaodi wa mophato a bona se se dirafetseng a galaletsa Modimo a re: “Ruri motho yo e ne e le mosiami.” 48 Matshutitshuti otlhe a batho ba ba phuthegetseng pono e, ba re ba bona dilo tse di dirafetseng, ba boa ba ititaya dihuba. 49 Botlhe ba ba itsanyeng nae, le basadi ba ba mo setseng morago ba tswa Galilea, ba emela kgakala, ba bona dilo tse. Phitlho ya ga Jesu ( Math 27:57-61 ; Mar 15:42-47 ; Joh 19:38-42 ) 50 Mme bonang, monna yo o bidiwang Josefe wa lekgotla, e le monna yo o molemo le tshiamo; 51 ene yo, ga a ka a dumalana le kgakololo le tiro ya bone, e le motho wa Arimathea, motse wa Bajuta, yo o bileng a ne a lebeletse bogosi jwa Modimo. 52 Monna yo, a ya kwa go Pilato a lopa setoto sa ga Jesu. 53 A se pagolola, a se phutha ka letsela la leloba, mme a se baya mo phupung e e gabilweng mo lefikeng, e go iseng go ko go bewe motho ope mo go yone. 54 Mme ya bo e le letsatsi la Iketleetso, mme Sabata o ne a atamela. 55 Le basadi, ba ba duleng nae kwa Galilea, ba mo sala morago, ba bona phupu, le ka fa setoto se bewang ka teng. 56 Mme ba boa, ba baakanya malao le ditlotso; mme ba ikhutsa ka letsatsi la Sabata, ka fa taolong. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa