Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Luke 22 - BAEBELE e e Boitshepo


Ba rera go oka Jesu
( Math 26:1-5 , 14-16 ; Mar 14:1-2 , 10-11 ; Joh 11:45-53 )

1 Jaana modiro wa senkgwe se se sa bedisiwang, o o bidiwang Tlolaganyo, wa bo o atamela.

2 Mme ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi ba senka ka fa ba ka mmolayang ka teng; gonne ba boifa batho.


Jutase o raela Jesu
( Math 26:14-16 ; Mar 14:10-11 )

3 Satane a tsena mo go Jutase yo o bidiwang Isekariote, e le mongwe wa ba ba 12.

4 A ya a loganya le ditlhogo tsa baperesiti le dikgosana, ka fa o ka mo ba neelang ka teng.

5 Mme ba itumela; ba golagana nae gore ba tlaa mo naya madi.

6 A dumalana nabo; mme a batla lobaka lo o tlaa mo ba neelang ka lone, kwa bontsing jwa batho bo tlaa bong bo seyo teng.


Jesu o baakanyetsa go ja moletlo wa Tlolaganyo le barutwa ba gagwe
( Math 26:17-25 ; Mar 14:12-21 ; Joh 13:21-30 )

7 Ga fitlha letsatsi la senkgwe se se sa bedisiwang, le Tlolaganyo e nang le go tlhajwa ka lone.

8 Mme a roma Petere le Johane a re: “Yang, lo re baakanyetse Tlolaganyo gore re e je.”

9 Ba mo raya ba re: “O rata ra e baakanya kae?”

10 A ba raya a re: “Bonang, e tlaa re lo sena go tsena mo motseng, lo tlaa kgatlhana le monna a rwele nkgwana ya metsi; lo mo sale morago, lo ye nae mo ntlong e o tsenang mo go yone.

11 Lo reye mong wa ntlo, lo re: ‘Moruti o a go botsa a re: Ntlo ya bojelo ya baeng e kae e ke tlaa jelang Tlolaganyo mo go yone le barutwa ba me?’

12 O tlaa lo supetsa ntlwana e kgolwane e e kwa godimo, e e adilweng, lo baakanye teng.”

13 Mme ba ya ba fitlhela go ntse jaaka a ba boleletse; mme ba baakanya Tlolaganyo.


Selalelo sa bofelo sa Morena
( Math 26:26-30 ; Mar 14:22-26 ; 1 Bakor 11:23-25 )

14 E rile nako e sena go fitlha, a dula le baaposetole ba ba 12 ba na nae.

15 Mme a ba raya a re: “Ke tlhologeletswe ka tlhologelelo go ja Tlolaganyo e le lona ke ise ke swe.

16 Gonne ke a lo raya, ga nketla ke tlhola ke e ja go tle go tsamaye e dirafale mo bogosing jwa Modimo.”

17 Mme a tsaya senwelo, ya re a sena go leboga, a re: “Tsholang se, lo se hupalane;

18 gonne ke a lo raya, ga nketla ke tlhola ke nwa loungo lwa mofine, go tle go tsamaye bogosi jwa Modimo bo tle pele.”

19 A tsaya senkgwe, mme ya re a sena go leboga, a se ngathoganya, a se ba naya a re: “Se ke mmele wa me o o ntshediwang lona; dirang mo, lo nkgopole ka gone.”

20 Senwelo le sone, a se tsaya jalo, morago ga go sena go jewa, a re: “Senwelo se, ke kgolagano e ntšha mo mading a me, e bong a a tshololelwang lona.

21 “Mme, bonang, seatla sa yo o nkokang se na le nna mo lomating lwa bojelo.

22 Gonne ruri Morwa Motho o tsamaya jaaka go ikaeletswe; mme go latlhega monna yo o okwang ke ene!”

23 Ba simolola go botsanya gore, e ka nna ofe wa bone yo o ka dirang selo se.


Kgang ka ga yo mogolo

24 Le gone ga tsoga kgang mo go bone ya gore, ke ofe wa bone yo o kaiwang yo mogolo.

25 Mme a ba raya a re: “Dikgosi tsa Baditšhaba di dira ka bogoma mo go bone, le ba ba ba busang ba bidiwa Badiramolemo.

26 Mme lona, ga lo a nna jalo; ene yo e leng yo mogolo mo go lona, a a nne jaaka yo mmotlana; le yo e leng tlhogo, a a nne jaaka yo o direlang.

27 Gonne yo mogolo ke ofe? A ke yo o dutseng a ja, kgotsa ke yo o direlang? A ga se yo o dutseng a ja? Mme nna, ke ntse mo go lona jaaka yo o direlang.

28 “Mme lona, ke lona ba ke ntseng ke na le lona mo ditekong tsa me;

29 ke lo baya bogosi jaaka Rre a bo mpeile.

30 Gore lo je lo nwe fa lomating lwa me lwa bojelo, mo bogosing jwa me; mme lo tlaa dula mo ditulong tsa bogosi, lo atlhola ditso tse 12 tsa Iseraele.


Jesu o bolela fa Petere a tlaa mo itatola
( Math 26:31-35 ; Mar 14:27-31 ; Joh 13:36-38 )

31 “Simone, Simone, bona, Satane o lopile gore lo mo neelwe, gore a tle a lo fefere jaaka mabele;

32 mme ke go rapeletse gore tumelo ya gago e se tlhaele; le wena o re o sena go sokologa, o tle o thatafatse bakaulengwe ba gago.”

33 Mme a mo raya a re: “Morena, fa ke na nao ke iketleeditse go ya ntlong ya kgolegelo, le mo losong.”

34 Mme a re: “Ke a go bolelela Petere, koko e tona ga e ketla e lela gompieno o ise o intatole gararo, o re ga o nkitse.”


Tlhagiso ka patana ya madi, kgetsana le tšhaka

35 Mme a ba raya a re: “E rile ke lo roma jale, lo se na patana ya madi, le fa e le kuana, le fa e le ditlhako, a lo ile lwa tlhoka sengwe?” Ba re: “Nnyaa.”

36 A ba raya a re: “Mme jaanong, yo o nang le patana ya madi, a e tseye, le yone kuana; le yo o se nang tšhaka, a a rekise kobo ya gagwe, a reke nngwe.

37 Gonne ke a lo raya, selo se, se se kwadilweng, se na le go dirafala mo go nna, jaaka go twe: ‘O baletswe le batlodi;’ gonne dilo tse di kwadilweng ka ga me, di a dirafala.”

38 Mme ba re: “Morena, bona, ditšhaka ke tse, di pedi.” Mme a ba raya a re: “Go lekanye.”


Jesu o rapela kwa Thoteng ya Lotlhware
( Math 26:36-46 ; Mar 14:32-42 )

39 A tswa, a ya kwa Thoteng ya Lotlhware jaaka a tlwaetse; barutwa ba gagwe le bone ba mo sala morago.

40 Ya re a fitlha teng, a ba raya a re: “Rapelang, gore lo se tsene mo thaelong.”

41 Mme a katogana nabo, e ka ne e le jaaka kwa lentswe le ka konopelwang teng; mme a khubama, a rapela

42 a re: “Rra, fa e le go rata ga gago, tlosa senwelo se mo go nna; le fa go ntse jalo, e seng go rata ga me, mme a go rata ga gago go dirale.”

43 Mme ga bonala moengele kwa go ene, a tswa legodimong, a mo thatafatsa.

44 Mme ka a le mo tlalelong e e mahehe, a rapela ka tlhoafalo e kgolo; mme mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a magolo a madi, a rothela fa fatshe.

45 Ya re a khubamologa mo morapelong wa gagwe, a tla barutweng ba gagwe, mme a ba fitlhela ba robaditswe ke bohutsana,

46 mme a ba raya a re: “Lo robaletseng? Tsogang, lo rapele gore lo se tsene mo thaelong.”


Jesu o a tshwarwa
( Math 26:47-56 ; Mar 14:43-50 ; Joh 18:3-11 )

47 Mme a re a sa ntse a bua, bonang, bontsi jwa batho, ba eteletswe pele ke mongwe yo o bidiwang Jutase, e le wa ba ba 12, a atamela Jesu go mo atla.

48 Mme Jesu a mo raya a re: “Jutase, a o oka Morwa Motho ka katlo?”

49 Ya re ba o nang nabo ba bona se se tlaa dirafalang, ba mo raya ba re: “Morena, a ke re reme ka tšhaka?”

50 Mme mongwe wa bone a rema motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe ya ka fa letsogong le legolo.

51 Jesu a bua a re: “Iketleng! Go ntse!” Mme a ama tsebe ya gagwe, a e fodisa.

52 Jesu a raya ditlhogo tsa baperesiti, le dikgosana tsa tempele, le bagolwane ba ba mo tshologetseng, a re: “A lo tsile ka ditšhaka le melamu jaaka e kete lo tshologetse senokwane?

53 E ne ya re ke sa ntse ke na le lona ka malatsi otlhe mo tempeleng, ga lo a ka lwa nkotlololela mabogo; mme lono ke lobaka lwa lona, le thata ya lefifi.”


Petere o itatola Jesu
( Math 26:57-58 , 69-75 ; Mar 14:53-54 , 66-72 ; Joh 18:12-18 , 25-27 )

54 Ba mo tshwara, ba mo goga, ba mo isa kwa ntlong ya moperesiti yo mogolo. Petere a mo latela ka go mo gwalalela.

55 Ya re ba sena go gotsa molelo fa gare ga lolwapa, ba dutse mmogo, Petere a dula fa gare ga bone.

56 Mme lelata lengwe ya re le mmona a dutse fa molelong, a mo leba thata a re: “Monna yo le ene o ne a nna nae.”

57 Mme a itatola a re: “Mosadi, ga ke mo itse.”

58 Ga feta lobakanyana, mme yo mongwe le ene a mmona a re: “Le wena o mongwe wa bone.” Mme Petere a re: “Monna, ga se nna.”

59 Ga feta lobaka e ka ne e le lwa nako e le nngwe fela, mme yo mongwe a tlhomamisa thata a re: “Ammaaruri, monna yo le ene o ne a nna nae; ka e le Mogalilea.”

60 Petere a re: “Monna, ga ke itse se o se buang.” Fela ka bonako a sa ntse a bua, koko e tona ya lela.

61 Mme Morena a retologa, a leba Petere. Mme Petere a gakologelwa lefoko la Morena, jaaka a mo reile a re: “E tlaa re koko e tona e ise e lele gompieno, o tlaa bo o intatotse gararo.”

62 Mme Petere a tswela kwa ntle, a lela mo go botlhoko.


Jesu o a sotlwa a ba a itewa
( Math 26:67-68 ; Mar 14:65 )

63 Banna ba ba tshwereng Jesu, ba mo sotla, ba mo itaaka.

64 Ba mo fapa matlho ba re: “Bolela, e mang yo o go tlhantseng?”

65 Le dilo tse dingwe di le dintsi ba di bua ka ga gagwe, ba mo kgala ka tsone.


Jesu o fa pele ga lekgotla
( Math 26:59-66 ; Mar 14:55-64 ; Joh 18:19-24 )

66 E rile bosa bo sena go sa, bagolwane ba batho, le ditlhogo tsa baperesiti, le bakwadi, ba phuthega, ba mo goga ba mo isa mo tshekong ya bone, ba re:

67 “Fa o le ene Keresete re bolelele.” Mme a ba raya a re: “Fa ke lo bolelela ga lo ketla lo dumela;

68 le gone fa ke lo botsa ga lo ketla lo mphetola.

69 Go tloga fano jaana, Morwa Motho o tlaa dula ka fa letsogong le legolo la nonofo ya Modimo.”

70 Ba bua botlhe ba re: “A o Morwa Modimo?” A ba raya a re: “Lona lwa re, ke nna ene.”

71 Mme ba re: “Re sa ntse re dirang ka tshupo? Ka re mo ikutlwetse a bua ka molomo wa gagwe.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan