Luke 21 - BAEBELE e e BoitshepoKabelo ya motlholagadi ( Mar 12:41-44 ) 1 A tsholetsa matlho, a bona bahumi ba latlhela dineo tsa bone mo letloleng la dikhumo. 2 Mme a bona mosadi mongwe wa motlholagadi, e le mohumanegi, a latlhela gone madinyana a le mannye a le mabedi. 3 Mme a re: “Ammaaruri ke a lo raya, motlholagadi yo wa mohumanegi, o latlhetse segolo go feta bone botlhe; 4 gonne bao botlhe ba latlhetse ga letlotlo la bone mo dineong; mme ene o latlhetse ga khumanego ya gagwe gotlhe mo o tshelang ka gone.” Jesu o bolela fa tempele e tlaa senngwa ( Math 24:1-2 ; Mar 13:1-2 ) 5 Ya re bangwe ba ntse ba bua ka ga tempele, jaaka e kgabisitswe ka maje a mantle, le ka dineo, a re: 6 “Ka ga dilo tse lo di bonang, metlha e tlaa tla e go se ketlang go tlogelwa lentswe lepe fa, le tlhatlaganye le le lengwe, le le se ketlang le digwa.” Matshwenyego le dipogisego ( Math 24:3-24 ; Mar 13:3-13 ) 7 Ba mmotsa ba re: “Moruti ana dilo tse di tlaa dirafala leng? Le sesupo e tlaa nna sefe sa fa dilo tse di tloga di dirafala?” 8 Mme a re: “Itiseng gore lo se timediwe; gonne batho ba le bantsi ba tlaa tla ka leina la me, ba ikaya ba re: ‘Ke nna ene;’ ba ba ba re: ‘Motlha o atametse.’ Ka re: Lo se ka lwa ba sala morago. 9 Mogang lo utlwang ka ga dintwa le dikudumedi tsa batho, lo se ka lwa rerega, gonne dilo tse di tshwanetse go dirala pele; mme bokhutlo bo bo bo ise bo nne gaufi.” 10 Foo a ba raya a re: “Morafe o tlaa tsogologela morafe, le bogosi bo tsogologele bogosi; 11 mme go tlaa nna dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe, le mo mafelong mangwe le mangwe go nne mebopamo, le dikgogodi tsa bolwetse; go tlaa nna dilo tse di rerisang fa di bonwa, le ditshupo tse di tswang legodimong. 12 E tlaa re pele ga dilo tsotlhe tse, ba tlaa lo tsenya diatla, ba tlaa lo bogisa, ba tlaa lo isa tshekong mo matlong a thuto, ba lo tsenya mo matlong a kgolegelo, ba lo isa fa pele ga dikgosi le balaodi, ka ntlha ya leina la me. 13 Mo go tlaa lo dirafalela gore lo itshupe. 14 Ke gone lo itlhomamise mo dipelong tsa lona fa lo se ketla lo akanya pele ka fa lo tlaa fetolang ka teng. 15 Gonne ke tlaa lo naya molomo, le botlhale jo baba botlhe ba lona ba se ketlang ba nonofa go bo ganetsa, le fa e le go emalana najo. 16 Lo tlaa okwa le ke batsadi ba lona, le ke bana ba borraalona, le ba losika lwa lona, le ditsala, mme bangwe ba lona ba tlaa bolawa ka bone. 17 Lo tlaa tlhoiwa ke botlhe ka ntlha ya leina la me. 18 Le fa e le moriri mongwe fela wa ditlhogo tsa lona ga o ketla o nyelela. 19 Lo tlaa ipoloka mewa ya lona ka bopelotelele jwa lona. Jesu o bolela fa Jerusalema a tlaa thubiwa ( Math 24:15-28 ; Mar 13:14-23 ) 20 “E tlaa re lo bona Jerusalema o dikilwe ke dintwa, lo bo lo itse fa tshwafalo ya one e le gaufi. 21 Foo, ba ba mo Jutea a ba tshabele kwa dithabeng; le ba ba mo gare ga one a ba tswe; le ba ba kwa nageng, a ba se ye go tsena mo go one. 22 Gonne metlha eo ke ya pusoloso, gore dilo tsotlhe tse di kwadilweng di dirafale. 23 A bo go tla latlhega bone ba ba baimana le ba ba amusang mo metlheng eo! Gonne go tlaa nna pitlagano e kgolo mo lefatsheng, le bogale jo bogolo mo sešabeng se. 24 Ba tlaa wa ka bogale jwa tšhaka, ba tlaa isiwa e le ditshwarwa mo merafeng yotlhe; Jerusalema o tlaa katakwa ke Baditšhaba, go tle go tsamaye metlha ya Baditšhaba e dirafale. Go tla ga Morwa Motho ( Math 24:29-31 ; Mar 13:24-27 ) 25 “Mme go tlaa nna ditshupo mo letsatsing, le mo kgweding, le mo dinaleding; le mo lefatsheng pitlagano ya merafe, e raraanngwa ke lewatle le dintelo go suma ka kgwaso e kgolo; 26 le batho ba idibadiwa ke poifo le tebelelo ya dilo tse di tlang mo lefatsheng; gonne dinonofo tsa legodimo di tlaa reketlisiwa. 27 E dira gone ba tlaa bonang Morwa Motho a tla ka leru, ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo. 28 E tlaa re dilo tse di simologa go dirala, foo lo lelale, lo tsholetse ditlhogo tsa lona; gonne thekololo ya lona e tlaa bo e atamela.” Thuto ya setlhare sa mofeige ( Math 24:32-35 ; Mar 13:28-31 ) 29 A bua nabo setshwantsho a re: “Bonang setlhare sa mofeige, le ditlhare tsotlhe; 30 e re fa jaanong di tlhoga, lo a se bona, mme lo a itse ka losi fa letlhabula le setse le atametse. 31 Fela jalo le lona, fa lo bona dilo tse di dirafala, itseng fa bogosi jwa Modimo bo atametse. 32 “Ammaaruri ke a lo raya, losika lo, ga lo ketla lo feta go tsamaye dilo tsotlhe di dirafale pele. 33 Go tlaa feta legodimo le lefatshe; mme mafoko a me ga a ketla a feta. Ga go na ope yo o itseng nako 34 “Lo itlhokomele, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imelelwa ke go kgora bobe, le go tagwa, le ke ditlhodiego tsa botshelo jono, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganetso jaaka seru; 35 gonne le tlaa wela jalo botlhe ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe fela. 36 Lona lebelelang ka metlha yotlhe, lo rapele gore lo kaiwe fa lo tshwanetse go falola mo dilong tse tsotlhe tse di tlaa diralang, le go ema fa pele ga Morwa Motho.” 37 Mme e ne e tle e re go le motshegare a tlhole a ruta mo tempeleng; e re bosigo a tswe a ye kwa thoteng e e bidiwang ya Lotlhware. 38 E re ka moso batho botlhe ba phakelele kwa go ene mo tempeleng, ba ye go mo utlwa. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa