Luke 2 - BAEBELE e e BoitshepoBotsalo jwa ga Jesu ( Math 1:18-25 ) 1 Jaana e rile mo metlheng eo ga tswa taolo kwa go Kaesare Aguseto, gore lefatshe lotlhe le kwalwe. 2 Go kwalwa mo ga ntlha, ke mo go dirilweng ka Kuirinio a le molaodi wa Siria. 3 Mme botlhe ba ya go kwalwa, mongwe le mongwe a ya kwa motseng wa ga gabo. 4 Josefe le ene a tlhatloga kwa Galilea, a tswa motseng wa Nasaretha, a ya kwa Jutea kwa motseng wa ga Dafite, o o bidiwang Bethelehema; ka a le wa kgotla le wa losika lwa ga Dafite; 5 a ya go kwalwa le Maria, mosadi yo o mmeeleditseng, a bile a le moimana. 6 Ga dirala ya re ba sa le gone, ga fitlha malatsi a o tlaa belegang ka one. 7 Mme a bona ngwana wa mosimane wa ntlha wa gagwe, mme a mo phuthela ka matsela, a mmaya mo bojelong jwa dipitse; gonne go ne go se na bonno mo ntlong ya baeti. Badisa le baengele 8 Jaana ga bo go le badisa mo nageng, mo lefatsheng leo, ba disitse letsomane la bone bosigo. 9 Mme moengele wa Morena a ema fa go bone, le kgalalelo ya Morena ya phatsima ntlheng tsotlhe tsa bone; mme ba boifa ka poifo e kgolo. 10 Moengele a ba raya a re: “Se boifeng, gonne bonang, ke lo lereditse mafoko a a molemo, a boitumelo jo bogolo, jo bo tlaa dirafalelang batho botlhe. 11 Gonne gompieno mo motseng wa ga Dafite lo tsaletswe Mmoloki, yo e leng Keresete Morena. 12 Mme se, e tlaa nna sesupo mo go lona; lo tlaa fitlhela ngwanyana a phuthetswe ka matsela, a letse mo bojelong jwa dipitse.” 13 Mme ba tshogana ka moengele a bile a na le bontsintsi jwa lesomosomo la legodimo, ba baka Modimo ba re: 14 “Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimodimong, le kagiso e nne mo lefatsheng, mo batho ba o kgatlhegang thata mo go bone.” 15 Ga dirala e rile baengele ba sena go ba tlogela ba ya legodimong, badisa ba raana ba re: “A re yeng fela jaana kwa Bethelehema, re bone selo se, se se dirafetseng se Morena o se re itsisitseng.” 16 Jalo ba tla ka potlako; ba fitlhela Maria le Josefe, le ngwanyana a letse mo bojelong jwa dipitse. 17 Ya re ba sena go bona, ba itsise mo ntlheng tsotlhe lefoko le ba le boleletsweng ka ga ngwana yo. 18 Mme botlhe ba ba utlwang ba gakgamadiwa ke dilo tse badisa ba di ba bolelelang. 19 Mme Maria a boloka dipolelo tsotlhe tse, a di akanya mo pelong ya gagwe. 20 Badisa ba boa ba galaletsa Modimo, ba o baka ka ntlha ya dilo tsotlhe tse ba di utlwileng le tse ba di bonyeng, fela jaaka ba boleletswe. Thupiso ya ga Jesu 21 E rile malatsi a a 8 a go rupisa ngwanyana a sena go feta, ya bo leina la gagwe le bidiwa JESU, le o le reilweng ke moengele gale a ise a ingwe mo sebopelong. Jesu o isiwa kwa tempeleng 22 E rile malatsi a bontlafatso jwa bone a sena go feta, ka fa molaong wa ga Moše, ba mo isa kwa Jerusalema go mo neela Morena; 23 jaaka go kwadilwe mo molaong wa Morena ga twe: “Mosimane mongwe le mongwe wa ntlha o tlaa bidiwa boitshepelo Morena;” 24 le gore ba ise setlhabelo sa maphoi a le mabedi, le fa e le sa maebana a le mabedi, jaaka go builwe mo molaong wa Morena. 25 Ga bo go le monna mongwe mo Jerusalema, leina la gagwe go twe, Simeone; monna yo a bo a siame, a le morapedi wa Modimo, a lebeletse kgomotso ya Iseraele; mme Mowa o o Boitshepo wa bo o le mo go ene. 26 O ne a senoletswe ke Mowa o o Boitshepo fa a se ketla a swa a ise a bone Keresete wa Morena pele. 27 Mme a tla ka Mowa mo tempeleng; ya re batsadi ba lere ngwana Jesu go mo direla ka fa temalong ya molao, 28 foo a mo tshola ka mabogo a gagwe, a baka Modimo a re: 29 “Morena, jaana o ka mma motlhanka wa gago a tsamaya ka kagiso jaaka lefoko la gago; 30 gonne matlho a me a bonye poloka ya gago, 31 e o e baakantseng fa pele ga sefatlhogo sa ditšhaba tsotlhe; 32 lesedi le le bonesang Baditšhaba, le kgalalelo ya Iseraele batho ba gago.” 33 Rraagwe le mmaagwe ba bo ba gakgamalela dilo tse di builweng ka ga gagwe; 34 mme Simeone a ba segofatsa, a raya Maria mmaagwe a re: “Bona, ngwana yo o beetswe go wa le go tsoga gape ga batho ba le bantsi mo go Iseraele; le gore a nne sesupo se se tlaa ganediwang; 35 ee, le tšhaka e tlaa phololela le one mowa wa gago, gore megopolo ya dipelo di le dintsi e senolwe.” 36 Ga bo go le mongwe go twe, Ana, moperofeti wa sesadi, morwadia Fanuele wa lotso lwa Ašere, a bo a tsofetse thata, mme a kile a nna le monna ka dinyaga di supa go tloga mo bokgarebaneng jwa gagwe. 37 A bo a ntse botlholagadi ka dinyaga e ka ne e le di le 84, yo o sa tlogeleng tempele, a direla Modimo ka go ikitsa go ja le ka mekokotlelo bosigo le motshegare. 38 A tla fela ka lobaka loo, a leboga Modimo, a bua ka ga gagwe le batho botlhe ba ba lebeletseng thekololo ya Jerusalema. Ba boela Nasaretha 39 Ya re ba sena go dira dilo tsotlhe ka fa molaong wa Morena ba boela kwa Galilea, kwa Nasaretha, motse wa ga bone. 40 Ngwana a gola, a nonofa a tlala botlhale; le tshegofatso ya Modimo ya nna mo go ene. Mosimane Jesu mo tempeleng 41 Jaana, batsadi ba gagwe ba ne ba tle ba ya Jerusalema ka dinyaga tsotlhe, ba ya modirong wa Tlolaganyo. 42 E rile a le dinyaga di le 12 ba tlhatlogela kwa Jerusalema jaaka temalo ya modiro. 43 Ya re ba sena go swetsa malatsi, ba boa, mme mosimane Jesu a sala mo Jerusalema, mme batsadi ba gagwe ba bo ba sa itse. 44 Bone ya re ka ba gopotse gore o mo lekokong la bone, ba tsamaya fela ka letsatsi le le lengwe fela; mme ba mmatla mo go ba ga bone, le mo go ba ba itsanyeng nabo. 45 Ya re ba sa mmone ba boela gape kwa Jerusalema ba ntse ba mmatla. 46 Ga dirala ya re malatsi a le mararo a sena go feta, ba mo fitlhela mo tempeleng, a dutse fa gare ga baruti, a ba utlwa, a ba a ba botsa dipotso. 47 Botlhe ba ba mo utlwang ba gakgamadiwa ke tlhaloganyo ya gagwe, le diphetolo tsa gagwe. 48 Mme ya re ba mmona, ba gakgamala; mmaagwe a mo raya a re: “Morwaaka, o ne o re direlelang jalo? Bona, rraago le nna re go batlile ka bohutsana.” 49 Ene a ba raya a re: “Lo ne lo mpatlelang? A lo ne lo sa itse fa ke tshwanetse go nna mo go tse e leng tsa ga Rre?” 50 Mme ba se ka ba tlhaloganya lefoko le o le buang nabo. 51 Mme a fologa nabo, a fitlha mo Nasaretha, mme a nna a ba utlwa, mme mmaagwe ene a boloka dipolelo tsotlhe tse mo pelong ya gagwe. 52 Jesu a tswelela mo botlhaleng le mo go goleng, le mo go ratweng ke Modimo le batho. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa