Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Luke 19 - BAEBELE e e Boitshepo


Jesu le Sakaio

1 Mme a tsena, a ralala Jeriko.

2 Bonang, ga bo go le monna yo o bidiwang Sakaio; ya bo e le mokgethisi yo mogolo, a humile.

3 A batla go bona Jesu gore e mang; mme a retelelwa ka ntlha ya bontsi jwa batho, ka gobo a le mokhutshwane.

4 Mme a tabogela kwa pele, a palama setlhare sa mosekamore gore a tle a mmone; ka a tlaa feta ka tsela eo.

5 Ya re Jesu a fitlha felong foo, a lelala, a mo raya a re: “Sakaio, akofa o fologe, gonne ke na le go tlhola kwa ntlong ya gago gompieno.”

6 A akofa a fologa, mme a mo tshola ka boitumelo.

7 Ya re batho ba bona jalo, ba ngongorega botlhe ba re: “O ile go tlhola kwa goo rra monna yo e leng moleofi.”

8 Sakaio a ema, a raya Morena a re: “Bona, Morena bontlhanngwe jwa dilo tsa me ke bo naya bahumanegi; mme fa ke tseetse mongwe selo sengwe ka patiko, ke mo rebolela di le nne.”

9 Jesu a mo raya a re: “Gompieno poloko e tsile mo ntlong e, gonne le ene ke morwa Aberahame.

10 Gonne Morwa Motho o tsile go batla le go boloka se se neng se latlhegile.”


Setshwantsho sa diponto tse di some
( Math 25:14-30 )

11 Ya re ba sa ntse ba reeditse dilo tse, a oketsa, a bua setshwantsho ka gobo a le gaufi le Jerusalema, le gone ka ba itlhoma bogosi jwa Modimo bo tlaa akofa bo bonala.

12 Ke gone a re: “Mogolwane mongwe o kile a etela kwa lefatsheng le le kgakala, a ya go ikamogelela bogosi, le go ba a boa.

13 A bitsa batlhanka ba gagwe ba ba some, a ba neela diponto di le some; a ba raya a re: ‘Bapalang ka tsone, go tsamaye ke be ke tle.’

14 Ba motse wa ga gabo ba bo ba mo tlhoile, mme ba roma batho ba ya go mo latela ba re: ‘Ga re rate monna yo a re busa.’

15 “Ga dirala e rile a sena go boa, bogosi jone a bo amogetse, a laola gore batlhanka bao ba bilediwe kwa go ene, e bong ba o ba neetseng madi, gore a tle a itse ka fa ba bapetseng ka teng.

16 Wa ntlha a tla fa pele ga gagwe a re: ‘Morena, ponto ya gago e bapetse diponto di le some kwa ntle.’

17 Mme a mo raya a re: ‘O dirile sentle motlhanka yo o molemo; e re ka o ne o ikanyega mo go se sennye, amogela thata ya go laola metse e le some.’

18 Wa bobedi, a tla a re: ‘Morena, ponto ya gago e bapetse diponto di le tlhano kwa ntle.’

19 Le ene a mo raya a re: ‘Le wena o laole metse e le metlhano.’

20 “Yo mongwe a tla a re: ‘Morena, bona, ponto ya gago ke e; ke e bolokile ka go e bofelela ka letsela.

21 Gonne ke go boifile, ka o le monna yo o se nang mafoko; o tsaya se o sa se bayang; o robe se o sa se jalang.’

22 A mo raya a re: ‘Ke tlaa go sekisa ka molomo wa gago, motlhanka yo o bosula ke wena. O itsile fa ke le monna yo ke se nang mafoko, ke tsaya se ke sa se bayang, ke robe se ke sa se jalang;

23 ke gone, o ne o sa tsenyetseng madi a me mo polokelong ya baatisi ba one? E ne e tlaa re ke tla, ke be ke a batle le kokeletso ya one?’

24 “A raya ba ba emeng teng a re: ‘Mo tseeleng ponto eo, lo e neye yo o nang le lesome la diponto.’

25 Ba mo raya ba re: ‘Morena, o na le diponto di le some.’

26 Ke a lo raya ka re: ‘Mongwe le mongwe yo o nang le sengwe, o tlaa newa; mme yo o se nang sepe, go tlaa tsewa mo go ene le se o nang naso.’

27 Le fa go ntse jalo baba bao ba me, ba ba ganneng, ba re, ke se ka ka ba busa, ba lereng kwano, lo ba bolaele fa pele ga me.”


Jesu o tsena ka megolokwane mo Jerusalema
( Math 21:1-11 ; Mar 11:1-11 ; Joh 12:13-22 )

28 E rile a sena go bua jalo, a fetela kwa pele, a tlhatlogela kwa Jerusalema.

29 Ga dirala e rile a atamela Bethefage le Bethania, fa thoteng e e bidiwang ya Lotlhware, a roma barutwa ba gagwe ba le babedi.

30 A re: “Yang mo motsaneng o lo lebaganyeng nao; o e tlaa reng lo tsena mo go one lo fitlhele eselana e golegilwe, e e iseng e ke e pagangwe ke ope; e gololeng lo tle nayo.

31 Mme fa mongwe a lo botsa a re: ‘Lo e gololelang?’ Lo mo reye lo re: ‘Morena o a e batla.’ ”

32 Ba ba romilweng ba ya, mme ba fitlhela fela jaaka a ba boleletse.

33 Ya re ba sa golola eselana, beng ba yone ba ba raya ba re: “Lo gololelang eselana?”

34 Mme ba re: “Morena o a e batla.”

35 Ba e isa kwa go Jesu; ba latlhela diaparo tsa bone mo eselaneng, ba palamisa Jesu mo go yone.

36 Ya re a tsamaya, ba ala diaparo tsa bone mo tseleng.

37 Ya re jaana a atamela, a le fela fa phologong ya Thota ya Lotlhware, bontsi jotlhe jwa barutwa jwa simolola go duduetsa, le go baka Modimo ka lentswe le legolo, ka ntlha ya ditiro tsotlhe tsa nonofo tse ba di bonyeng;

38 ba re: “Go bakwe Kgosi e e tlang ka leina la Morena; kagiso kwa legodimong le kgalalelo kwa bogodimodimong.”

39 Bafarisai bangwe ba ba mo bontsing jwa batho, ba mo raya ba re: “Moruti, kgalemela barutwa ba gago.”

40 Mme a ba fetola a re: “Ke a lo bolelela gore fa ba, ba ka didimala, maje a tlaa akofa a goa.”


Jesu o lelela Jerusalema

41 Ya re a atamela, a bona motse, a o lelela a re:

42 “Ao! O ka bo o itsile, ee, e leng wena, mo tsatsing leno le la gago, o ka bo o itsile dilo tse e leng tsa kagiso! Mme jaanong di subetswe matlho a gago.

43 Gonne metlha e tlaa tla mo go wena ya gore baba ba gago ba tlaa tlhatlosa lomota tikologong ya gago, ba tlaa go dika, ba go kganelela ka ntlha tsotlhe.

44 Ba tlaa go piriganyetsa fa fatshe le bana ba gago ba le mo teng ga gago; mme ga ba ketla ba tlogela mo go wena lentswe lepe le tlhatlaganye le le lengwe; gonne o ne o sa itse motlha wa go lekolwa ga gago.”


Phepafatso ya tempele
( Math 21:12-17 ; Mar 11:15-19 ; Joh 2:13-22 )

45 A tsena mo tempeleng; a simolola go kgoromeletsa ntle ba ba rekisang;

46 a ba raya a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Ntlo ya me e tlaa bidiwa ntlo ya borapelelo,’ mme lona lo e ntshitse mongobo wa dinokwane.”

47 A ruta ka letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng. Mme ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi, le bagolwane ba batho, ba senka go mmolaya;

48 ba bo ba sa ka ke ba bona ka fa ba ka dirang ka teng, gonne batho botlhe ba mo kgomareletse go mo reetsa.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan