Luke 18 - BAEBELE e e BoitshepoSetshwantsho sa motlholagadi le moatlhodi 1 A bua setshwantsho nabo, sa gore batho ba tshwanetse go rapela ka metlha yotlhe, ba sa ngosele. 2 A re: “E kile ya re mo motseng mongwe, ga bo go le moatlhodi yo o sa boifeng Modimo, le motho, a sena sepe nae. 3 Ga bo go le mosadi wa motlholagadi mo motseng oo; a nna a ya kwa go ene gantsi a re: ‘Ntsheka mo go yo o mpatikang.’ 4 Mme a nna a gana ka lobaka; mme ya re kwa morago a ithaya a re: ‘Le fa ke sa boife Modimo, le motho ke sa mo re sepe; 5 le fa go ntse jalo, e re ka motlholagadi yo a ntshwenya, ke tlaa mo sekela, gore a se ka a mphatlola tlhogo ka go boaboa ga gagwe.’ ” 6 Morena a re: “Utlwang se moatlhodi yo o sa siamang o se buang. 7 Mme Modimo one, a ga o ketla o sekela ba e leng baitshenkedwi ba one, ba ba goelang kwa go one motshegare le bosigo, mme o bile o pelotelele ka ga bone. 8 Ke a lo bolelela, o tlaa ba sekela ka bonako. Le fa go ntse jalo e tlaa re Morwa Motho a tla, a o tlaa fitlhela tumelo mo lefatsheng?” Setshwantsho sa Mofarisai le mokgethisi 9 Setshwantsho ke se, a se bua le bangwe ba ba ikayang fa e le bone basiami, ba nyatsa ba bangwe botlhe, a re: 10 “Banna ba le babedi ba kile ba ya tempeleng, ba ya go rapela; mongwe e le Mofarisai yo mongwe e le mokgethisi. 11 “Mofarisai a ema a ithapelelela jaana a re: ‘Modimo, ke a go leboga ka gobo ke sa nna jaaka batho ba bangwe, ba le baikgagapeledi, le basiamolodi le ba boaka, kgotsa jaaka mokgethisi yo. 12 Ke tle ke ikitse go ja gabedi ka beke nngwe le nngwe; le sa bosome sa tsotlhe tse ke di bapalang ke se ntshe.’ 13 “Mme mokgethisi ene, a emela kwa kgakala, le e leng matlho a se ka a a lelaletsa legodimong, a ititaya sehuba a re: ‘Modimo, nkutlwela botlhoko, nna yo ke leng moleofi.’ 14 Ke a lo bolelela, monna yo o fologetse kwa ntlong ya gagwe a siamisitswe bogolo go yo mongwe, gonne mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tlaa ngotlafadiwa; mme yo o ingotlafatsang o tlaa godisiwa.” Jesu o segofatsa banyana ( Math 19:13-15 ; Mar 10:13-16 ) 15 Le gone ba lere kwa go ene banyana ba bone ba bannyennyane, gore a ba ame. Ya re barutwa ba bona jalo, ba ba kgalemela. 16 Mme Jesu a ba bitsa gore ba ye kwa go ene, a re: “Lesang banyana, ba tle mo go nna; lo se ka lwa ba itsa; gonne bogosi jwa legodimo ke jwa ba ba ntseng jalo. 17 Ammaaruri ke a lo raya, le fa e le mang yo o se ketlang a tshola bogosi jwa Modimo jaaka ngwanyana, ga a ketla a tsena mo go jone ka gope.” Molaodi wa mohumi ( Math 19:16-30 ; Mar 10:17-31 ) 18 Molaodi mongwe a mmotsa a re: “Moruti yo o molemo, ke tlaa dirang gore ke rue botshelo jo bo sa khutleng?” 19 Jesu a mo raya a re: “O mpiletsang molemo? Ga go ope yo o molemo, fa e se yo mongwe fela, e bong Modimo. 20 Ditaolo o a di itse, di a re: “ ‘O se ka wa dira boaka, o se ka wa bolaya motho, o se ka wa utswa, o se ka wa supa tshupo ya kako, tlotla rraago le mmaago.’ ” 21 Mme a re: “Tsotlhe tse ke sa le ke di tshegetsa le mo bokaung jwa me, nako ke eno.” 22 Ya re Jesu a utlwa, a mo raya a re: “O sa ntse o tlhoka sengwe: Rekisa tsotlhe tse o nang natso, o abele bahumanegi; mme o tlaa nna le lohumo kwa legodimong; mme o tle o ntshale morago.” 23 Ya re a utlwa jalo, a hutsafala thata; ka a ne a humile thata. 24 Jesu ya re a mmona (fa a hutsafetse thata) a re: “Ana go thata jang mo go ba ba nang le mahumo go tsena mo bogosing jwa Modimo! 25 Gonne go ka nna bofefo kamela go tsena ka letshofa la lomao, bogolo go mohumi go tsena mo bogosing jwa Modimo.” 26 Ba ba utlwang jalo ba re: “Fa e le jalo go a bo go ka bolokwa mang?” 27 Ene a re: “Dilo tse di retetseng mo bathong, di ka dirafala mo Modimong.” 28 Petere a re: “Bona, rona re tlogetse magarona, re go setse morago.” 29 A ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya, ga go ope yo o tlogetseng ntlo, kgotsa mosadi, kgotsa bana ba ga rraagwe, kgotsa batsadi, kgotsa bana, ka ntlha ya bogosi jwa Modimo, 30 yo o se ketlang a bona bogolo jo bo feteletseng mo motlheng ono, le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tlang.” Jesu o bolelela pele lwa boraro loso lwa gagwe ( Math 20:17-19 ; Mar 10:32-34 ) 31 A tsaya ba ba some le bobedi, a ba raya a re: “Bonang, re ya kwa Jerusalema, mme dilo tsotlhe tse di kwadilweng ke baperofeti di tlaa dirafalela Morwa Motho. 32 Gonne o tlaa neelwa Baditšhaba, mme o tlaa sotlwa, a gagautlwa ka mo go tlhabisang ditlhong, a ba a kgwelwa mathe. 33 Ba tlaa mo seola, ba mmolaya; mme o tlaa ba a tsoga ka letsatsi la boraro.” 34 Mme ba se ka ba tlhaloganya sepe sa dilo tse; polelo e, ya bo e ba subegetse; ba se ka ba lemoga dilo tse di buiwang. Phodiso ya sefofu sa Jeriko ( Math 20:29-34 ; Mar 10:46-52 ) 35 Ga dirafala, e rile a setse a atametse Jeriko, monna mongwe wa sefofu a bo a dutse fa tseleng, a kopa. 36 Ya re a utlwa go feta ga bontsi jwa batho, a botsa a re: “Selo se ke eng?” 37 Ba mmolelela ba re: “Jesu wa Nasaretha o a feta.” 38 Mme a goa a re: “Jesu Morwa Dafite, nkutlwela botlhoko!” 39 Ba ba eteletseng pele ba mo kgalemela ba re a didimale, mme a nna a goa segolo bogolo a re: “Morwa Dafite, nkutlwela botlhoko!” 40 Jesu a ema, a laola gore a tlisiwe fa go ene; ya re a sena go mo atamela, a mmotsa a re: 41 “O rata ka go direlang?” Mme a re: “Morena, a ke foufologe.” 42 Jesu a mo raya a re: “Foufologa; tumelo ya gago e go fodisitse.” 43 Mme a foufologa fela ka bonako, mme a mo sala morago, a galaletsa Modimo; batho botlhe ba re ba bona jalo ba baka Modimo. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa