Luke 16 - BAEBELE e e BoitshepoSetshwantsho sa molaodi yo o sa ikanyegeng 1 Le gone a raya barutwa a re: “Go ne go le monna mongwe e le mohumi, a na le molebedi wa dilo tsa gagwe; ene yo a newa molato kwa go mong wa gagwe, ga twe, o senya dilo tsa gagwe. 2 Mme a mmitsa, a mo raya a re: ‘Eng se ke se utlwang ka ga gago? Bolela ka thulaganyo ka ga tebalebelo ya gago; gonne ga o ka ke wa tlhola o nna molebedi.’ 3 Molebedi a ithaya a re: ‘Ke tlaa dirang, ka e le fa morena wa me a ntlosa mo tebalebelong? Ga nka ke ka lema; mme go kopa go ntlhabisa ditlhong. 4 Ke a itse ka fa ke tlaa dirang ka teng, gore e tle e re ke sena go ntshiwa mo tebalebelong ba tle ba ntsholele mo matlong a bone.’ 5 “Mme a bitsa mongwe le mongwe wa batho ba ba molato le morena wa gagwe, a raya wa ntlha a re: ‘O molato o kae le morena wa me?’ 6 A re: ‘Dithatholelo tsa lookwane di le lekgolo.’ A mo raya a re: ‘Tsaya lokwalo o nne fa fatshe ka bonako, o kwale o re, di 50.’ 7 Foo a raya yo mongwe a re: ‘Wena o molato o kae?’ A re: ‘Dikgetse tsa mabele di le lekgolo.’ A mo raya a re: ‘Tsaya lokwalo lwa gago o kwale o re, di 80.’ 8 “Mme morena wa gagwe a faka molebedi yo o sa siamang, ka a dirile ka botlhale; gonne bana ba lefatshe leno ba tlhalefetse losika lwa bone go gaisa bana ba lesedi. 9 “Ke lo raya ke re: Itireleng ditsala ka mahumo a a sa siamang; gore e tle e re a tlhaela, di lo tsholele mo maagong a a sa khutleng. 10 Yo o ikanyegang mo go se sennye, o okanyega le mo go se segolo; yo o sa siamang mo go se sennye, ga a a siama le mo go se segolo. 11 Ke gone fa lo se ka lwa ikanyega ka ga mahumo a a sa siamang, lo tlaa neelwa e mang dikhumo tsa boammaaruri? 12 Fa lo se ka lwa ikanyega mo go tsa yo mongwe, lo tlaa newa e mang se e leng sa lona? 13 “Ga go motlhanka ope yo o ka direlang beng ba le babedi; gonne o tlaa ila mongwe, a rate yo mongwe; kgotsa a ngaparele mongwe, a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le mahumo.” Molao le bogosi jwa Modimo ( Math 11:12-23 ; 5:31-32 ; Mar 10:11-12 ) 14 Bafarisai le bone, ba e neng e le barati ba khumo ya madi, ba utlwa dilo tsotlhe tse, mme ba mo sotla. 15 Mme a ba raya a re: “Ke lona ba lo itshiamisang fa pele ga batho; mme Modimo o itse dipelo tsa lona; gonne se se tlotlegang thata mo bathong, se bo se le makgapha fa pele ga Modimo. 16 “Molao o ntse o le teng le baperofeti go tla go fitlha mo go Johane; e sa le ka lobaka loo Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo a ntse a rerwa, mme mongwe le mongwe o tsena mo go lone ka go ikeka. 17 Go ka nna bofefo legodimo go feta le lefatshe, bogolo go tlhakanyana nngwe ya molao go tlhaela. 18 “Mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe, a nyala o sele, o dira boaka; le yo o nyalang mosadi yo o tlhadilweng ke monna wa gagwe, le ene o dira boaka. Monna wa mohumi le Lasaro 19 “Jaana ga bo go le monna mongwe, a humile, a apere bohibidu le leloba le le boleta, a tshela fela ka malatsi otlhe mo letlepung le mo bontlentleng. 20 Ga bo go le mokopi mongwe yo o bidiwang Lasaro, a beilwe fa kgorong ya gagwe a tletse dintho. 21 A eletsa go otlwa ka matlhotlhora a a wang mo lomating lwa bojelo lwa mohumi; ee, dintša le tsone tsa tla tsa latswa dintho tsa gagwe. 22 “Ga dirala gore mokopi a swa, mme baengele ba mmelegela kwa sehubeng sa ga Aberahame, mohumi le ene a swa, a fitlhwa. 23 O rile a le mo Bobipong, a tsholetsa matlho a gagwe, a le mo ditlhokofatsong tse ditona, mme a bona Aberahame kwa kgakala, le Lasaro a le mo sefubeng sa gagwe. 24 Mme a goa a re: ‘Aberahame, Rra, nkutlwela botlhoko, o rome Lasaro, gore a tle a ine ntlha ya monwana wa gagwe mo metsing, a ntsidifatse loleme, gonne ke tlhokofadiwa mo gogolo mo kgabong e.’ 25 “Aberahame a re: ‘Morwaaka, gopola jaaka e rile mo botshelong jwa gago o ne o amogetse dilo tse di molemo tsa gago, le jaaka Lasaro le ene a ne a na le dilo tse di bosula; mme jaanong, ene o a gomodiwa, mme wena o tlhokofadiwa mo gogolo. 26 Bogolo go tsotlhe tse, fa gare ga rona le lona, go tlhomilwe phatlha e kgolo e e se nang bogato; gore ba ba kwano, ba ba ratang go fetela koo go lona, ba retelelwe; le koo ba ba ratang go tla kwano go rona, ba retelelwe.’ 27 Mme a re: ‘Rra, ke gone ke go rapelang ka re, a ko o mo rome kwa ntlong ya ga rre; 28 ka ke na le bana ba ga rre ba le batlhano; gore a ye go ba itsise gore e se re kgotsa le bone ba tla felong fano ga tlhokofatso e kgolo.’ 29 “Aberahame a mo raya a re: ‘Ba na le Moše le baperofeti; a ba utlwe bone.’ 30 Mme a re: ‘Nnyaa, Aberahame, Rra; fa mongwe a tswa mo baswing a ya kwa go bone, ba tlaa ikwatlhaya.’ 31 Mme a mo raya a re: ‘Fa ba sa utlwe Moše le baperofeti, le gone ga ba ketla ba rapelesega, le fa mongwe a ka tsoga mo baswing.’ ” |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa