Luke 1 - BAEBELE e e BoitshepoKetapele 1 Go Motlotlegi Theofila: E re ka batho ba le bantsi ba ineetse go kwala ka thulaganyo polelo ya dilo tse di nang le tlhomamo ruri mo go rona, 2 fela jaaka re di neilwe ke ba ba di bonyeng ka matlho, le ba e neng e le badiredi ba lefoko mo tshimologong; 3 le nna, ka ke tlhotlhomisitse ruri dilo tsotlhe le tsa tshimologo, ke ntse ke ikaeletse fa go ka nna molemo go go kwalela ka thulaganyo, 4 gore o itse tlhomamo ya dilo tse o rutilweng mo go tsone. Kitsiso ya botsalo jwa ga Johane wa Mokolobetsi 5 E rile mo metlheng ya ga Herote kgosi ya Jutea, ga bo go le moperesiti mongwe go twe Sakaria, wa lekoko la phapaano ya ga Abija; mosadi wa gagwe le ene a bo a le wa bomorwadia Arone, leina la gagwe e le Elisabethe. 6 Ba bo ba le tshiamo fa pele ga Modimo ka bobedi jwa bone, ba tsamaya mo ditaolong tsotlhe le mo ditaong tsa Morena ba se na molato. 7 Ba bo ba se na ngwana, ka Elisabethe a le moopa, ba bile ba setse ba tsofetse thata boo babedi. 8 Jaana ga dirala ya re a dira tiro ya gagwe ya boperesiti fa pele ga Modimo ka fa phapaanong ya lekoko la gagwe, 9 ka fa tlwaelong ya boperesiti, ga bo go tla letsatsi la gagwe la go tsena mo tempeleng ya Modimo ka lone, a ya go fisa maswalo. 10 Bontsi jotlhe jwa batho ba bo ba rapela ba le ka fa ntle ka lobaka lwa go fisa maswalo. 11 Mme ga bonala kwa go ene moengele wa Morena, a eme ka fa ntlheng ya letsogo le le siameng la sebeso sa maswalo. 12 Ya re Sakaria a mmona a fuduega, le poifo ya mo wela. 13 Mme moengele a mo raya a re: “Sakaria, o se ka wa boifa gonne thapelo ya gago e utlwilwe; mme mosadi wa gago Elisabethe o tlaa bona ngwana wa mosimane nao; mme o tlaa mo raya leina o re, Johane. 14 O tlaa nna le boitumelo le boipelo; le batho ba le bantsi ba tlaa itumelela go tsalwa ga gagwe. 15 Gonne o tlaa nna mogolo mo ponong ya Morena; ga a ketla a nwa bojalwa jwa mofine, le fa e le bojalwa jo bo loileng; mme o tlaa tlala Mowa o o Boitshepo le a sa tswa sebopelong sa ga mmaagwe. 16 Bana ba le bantsi ba Iseraele o tlaa ba sokololela mo go Morena Modimo wa bone. 17 O tlaa mo etelela pele ka mowa le ka nonofo ya ga Elija, go sokololela dipelo tsa borara mo baneng, le ba ba sa utlweng go sepela mo botlhaleng jwa basiami; go baakanyetsa Morena sešaba se o se etleeleditsweng.” 18 Jalo Sakaria a raya moengele a re: “Golo mo ke tlaa go itse ka eng, ka ke le monnamogolo le mosadi wa me a tsofetse thata?” 19 Moengele a mo fetola a re: “Ke nna Gaberiele, yo ke emang fa pele ga Modimo; ke romilwe go tla ke bua nao, le go go bolelela mafoko a, a boitumelo. 20 Bona, o tlaa nna semumu, o retelelwe ke go bua, go tle go tsamaye letsatsi le tle, le dilo tse di tlaa dirafalang ka lone, ka o sa dumele mafoko a me, a a tlaa dirafalang mo lobakeng lwa one.” 21 Mme batho ba bo ba lebeletse Sakaria; mme ba gakgamalela tiego ya gagwe e e kalo mo tempeleng. 22 Mme ya re a tswa, a retelewa ke go bua nabo; mme ba lemoga fa a bonye ponatshegelo mo tempeleng; mme a nna a ba gwetlha, mme a fela a ntse semumu fela. 23 Ga dirala, ya re malatsi a tirelo ya gagwe a sena go feta, a tsamaya a ya kwa ga gagwe. 24 E rile morago ga malatsi ao, Elisabethe mosadi wa gagwe a nna moimana, mme a iphitlha ka dikgwedi di le tlhano, a re: 25 “Morena o ntiretse jalo mo metlheng e o ntebileng ka yone go ntlosa kgobo mo bathong.” Kitsiso ya botsalo jwa ga Jesu 26 Jaana e rile ka kgwedi ya borataro, moengele Gaberiele a rongwa ke Modimo kwa motseng wa Galilea, o o bidiwang Nasaretha. 27 A ya kwa kgarebaneng e e beeletsweng ke monna yo o bidiwang Josefe, wa ntlo ya ga Dafite; leina la kgarebane e ne e le Maria. 28 Moengele a tsena kwa go ene, a mo raya a re: “Dumela wena yo o sego thata, Morena o na nao: (O sego mo basading).” 29 Maria a fuduiwa thata ke lefoko la gagwe, mme a akanya tumediso e, gore e ka ne e le e e ntseng jang. 30 Moengele a mo raya a re: “O se ka wa boifa Maria; gonne o bonye lesego mo Modimong. 31 Bona, o tlaa nna moimana, mme o tlaa bona ngwana wa mosimane, o tlaa mo raya leina o re, Jesu. 32 O tlaa nna mogolo, mme o tlaa bidiwa Morwa Mogodimodimo; Morena Modimo o tlaa mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafite rraagwe. 33 O tlaa busa ntlo ya ga Jakobe ka bosakhutleng; bogosi jwa gagwe ga bo ketla bo nna le bokhutlo.” 34 Mme Maria a raya moengele a re: “Mo go tlaa nna jang, ka ke sa itse monna?” 35 Mme moengele a mo fetola a re: “Mowa o o Boitshepo o tlaa tla mo go wena, le nonofo ya Mogodimodimo e tlaa go tshutifalela; ke gone le sone seo se se boitshepo se o tlaa se belegang, se tlaa bidiwa boitshepo, Morwa Modimo. 36 Bona, Elisabethe wa losika lwa gago, le ene o ithwele ngwana wa mosimane mo botsofeng jwa gagwe; mme e, ke yone kgwedi ya borataro mo go ene yo o neng a bidiwa moopa. 37 Gonne ga go na lefoko lepe le le tswang Modimong le le ka tlhokang nonofo.” 38 Mme Maria a re: “Bona, lelata la Morena; a go ntirafalele jaaka lefoko la gago.” Mme moengele a mo tlogela. Maria o etela Elisabethe 39 E rile mo metlheng eo Maria a tloga, a itlhaganelela kwa lefatsheng la makgabana, kwa motseng mongwe wa Juta. 40 Mme a tsena mo ntlong ya ga Sakaria, a dumedisa Elisabethe. 41 Ga dirala ya re Elisabethe a utlwa tumediso ya ga Maria, ngwana a tlola mo sebopelong sa gagwe; Elisabethe a tlala Mowa o o Boitshepo; 42 mme a bua ka lentswe le legolo a re: “O sego mo basading, go bile go sego loungo lwa sebopelo sa gago. 43 Mme mo, go ntswela kae, fa e bo jaana mma Morena wa me a ka tla mo go nna jaana? 44 Gonne bona, e re lentswe la tumediso ya gago le tsena fela mo ditsebeng tsa me, ngwana a bo a tlola ka boitumelo mo sebopelong sa me. 45 Go sego ene mosadi, yo o dumetseng; gonne dilo tse o di boleletsweng ke Morena di tlaa dirafala.” Sefela sa ga Maria sa kgalaletso 46 Foo Maria a re: “Mowa wa me o godisa Morena, 47 mowa wa me o bile o itumetse mo Modimong Mmoloki wa me. 48 Gonne o lebile bobotlanyana jwa lelata la one; gonne bona, jaana ditshika tsotlhe di tlaa mpitsa mosegofadiwa. 49 Gonne one o o leng thata o ntiretse dilo tse dikgolo; mme leina la one le boitshepo. 50 Boutlwelobotlhoko jwa one bo mo go ba ba o boifang, mo tshikatshikeng. 51 O supile nonofo ka letsogo la one; o faladitse ba ba pelompe mo ditlhatlhanyong tsa dipelo tsa bone. 52 O digile dikgosana mo ditulong tsa tsone tsa bogosi; mme o godisitse ba ba leng babotlana fela. 53 Ba ba bolawang ke tlala o ba kgorisitse ka dilo tse di molemo; bahumi o ba tsamaisitse ba iphotlhere fela. 54 O thusitse Iseraele motlhanka wa one, gore a gakologelwe boutlwelobotlhoko jwa one. 55 Jaaka o buile le borraetsho, ka ga Aberahame le losika lwa gagwe ka bosakhutleng.” 56 Maria a nna nae e ka ne e le ka dikgwedi di le tharo, a ba a boela kwa ga gagwe. Botsalo jwa ga Johane wa Mokolobetsi 57 Jaana lobaka lwa ga Elisabethe lwa fitlha, lo o tlaa belegang ka lone; mme a bona mosimane. 58 Bankane le ba ga gabo ba utlwa jaaka Morena a mo godiseditse boutlwelobotlhoko jo bogolo; ba itumela nae. 59 Ga dirala ya re ka letsatsi la bo 8 ba tla go rupisa ngwana, ba bo ba re ba mo raya leina, ba re, Sakaria, leina la ga rraagwe. 60 Mme mmaagwe a ba fetola, a re: “Nnyaa, ga go a nna jalo; o tlaa bidiwa Johane.” 61 Ba mo raya ba re: “Ga go na ope wa losika lwa gago yo o bidiwang ka leina leo.” 62 Jalo ba gwetlha rraagwe, go itse ka fa o ratang a bidiwa ka teng. 63 Mme a lopa sematla se se kwalelang, mme a kwala a re: “Leina la gagwe ke Johane.” Ba gakgamala botlhe. 64 Molomo wa gagwe wa momologa ka bonako, le loleme lwa gagwe lwa hunologa, mme a bua, a baka Modimo. 65 Poifo ya wela botlhe ba ba agileng mo tikologong ya bone; dipolelo tse tsotlhe, tsa bolelwa thata mo lefatsheng lotlhe la makgabana la Jutea. 66 Botlhe ba ba utlwang, dilo tse, ba di tsaya ka pelo ba re: “Kana ngwana yo, e tlaa nna yo o ntseng jang!” Gonne seatla sa Morena sa bo se nna nae. Leboko la ga Sakaria 67 Foo Sakaria, rraagwe, a tlala Mowa o o Boitshepo, mme a perofesa, a re: 68 “A go bakwe Morena Modimo wa Iseraele, gonne o lekotse batho ba one, o bile o ba diretse thekololo. 69 O re emiseditse lonaka lwa poloka mo ntlong ya ga Dafite motlhanka wa one. 70 Jaaka o buile ka melomo ya baperofeti ba one ba ba boitshepo, ba ba ntseng ba le yo e sa le ka tshimologo ya lefatshe; 71 gore re gololwe mo babeng ba rona, le mo diatleng tsa botlhe ba ba re ilang; 72 gore o dirafaletse borraetsho boutlwelobotlhoko, le gore o gakologelwe kgolagano e e boitshepo ya one; 73 le maikano a o ikanetseng rraetsho Aberahame ka one. 74 Fa o tlaa re naya gore e tle e re re golotswe mo diatleng tsa baba ba rona, re o direle re se na poifo, 75 mo boitshepong le mo tshiamong fa pele ga one, ka malatsi otlhe a botshelo jwa rona. 76 Ee, le wena ngwana, o tlaa bidiwa moperofeti wa Mogodimodimo; gonne o tlaa tsamaya fa pele ga sefatlhogo sa Morena go baakanya ditsela tsa gagwe; 77 go naya batho ba gagwe kitso ya poloko ka boitshwarelo jwa dibe tsa bone. 78 Ka ntlha ya boutlwelobotlhoko jo bonana jwa Modimo wa rona; jo bophepa jwa moso jo bo tswang godimong bo re lekotseng ka jone, 79 go phatsimela ba ba dutseng mo lefifing le mo moriting wa loso, go siamisetsa dinao tsa rona mo tseleng ya kagiso.” 80 Jalo ngwana a gola, a nonofa mo moweng; mme a nna mo dinageng go ya go fitlha mo lobakeng lwa go itshupa ga gagwe mo go Iseraele. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa