Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 99 - BAEBELE e e Boitshepo


Modimo ke kgosi e e busang gotlhe

1 Jehofa o a busa; a ditšhaba di rorome; o ntse mo ditšherubeng; a lefatshe le tshikinyege.

2 Jehofa o mogolo mo Sione; mme o kwa godimo, godimo ga ditšhaba tsotlhe.

3 A ba bake leina la gago le legolo, le le boitshegang; go boitshepo ene.

4 Nonofo ya kgosi le yone e rata katlholo; o tle o tlhomamise tekatekanyo, o dirafatse katlholo le tshiamo mo go Jakobe.

5 Lona, goletsang Jehofa, Modimo wa rona, lo obame fa sebeong sa dinao tsa gagwe; go boitshepo ene.

6 Moše le Arone mo baperesiting ba gagwe, le Samuele mo go ba ba bitsang leina la gagwe; bone ba ba neng ba bitsa Jehofa, mme a ba araba.

7 A bua nabo a le mo mosepuring wa leru; ba ne ba boloka ditshupo tsa gagwe, le molao o o emeng, o o o ba neileng.

8 O ne wa ba araba Jehofa, Modimo wa rona: O ne o le Modimo o o ba itshwarelang, le fa o tsaya tefetso mo madirong a bone.

9 Goletsang Jehofa, Modimo wa rona, mme lo obame kwa thabaneng ya gagwe e e boitshepo; gonne Jehofa Modimo wa rona o boitshepo.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan