Lipesalema 9 - BAEBELE e e BoitshepoMalebogo a tshiamo ya Modimo Pesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo; e laeletswe Muthe-labene. 1 Ke tlaa leboga Jehofa ka pelo yotlhe ya me; ke tlaa bolela ditiro tsotlhe tsa gago tse di gakgamatsang. 2 Ke tlaa ipela ke kgana ka boitumelo mo go wena; ke tlaa opelela leina la gago pako, wena Mogodimodimo; 3 e a re baba ba me ba boela kwa morago, ba kgopiwe, ba nyelele ka sebonalo sa gago. 4 Gonne o emetse tshiamo ya me le go seka ga me; o ne o dutse mo setulong sa bogosi o atlhola ka tshiamo. 5 O kgalemetse merafe, o sentse baikepi, o timeditse leina la bone ka bosakhutleng le ka bosaengkae. 6 Baba ba feletse ruri, ba swafetse ka bosakhutleng; le metse e o e pitikolotseng, le e leng go gopolwa ga yone go nyeletse fela nayo. 7 Jehofa o dutse e le kgosi ka bosakhutleng; setulo sa gagwe sa bogosi o se baakanyeditse katlholo. 8 O tlaa atlhola lefatshe ka tshiamo; o tlaa direla ditšhaba katlholo ka thokgamo. 9 Gape, Jehofa o tlaa nna kago e e godileng ya botshabelo jwa bone ba ba patikwang, kago e e godileng ya botshabelo mo metlheng ya dipitlagano; 10 ba ba itseng leina la gago ba tlaa ikanya mo go wena; gonne wena, Jehofa, ga o a latlha ba ba go batlang. 11 Opelelang Jehofa yo o agileng mo Sione dipako; bolelang mo ditšhabeng ditiro tsa gagwe. 12 Gonne yo o lefetsang tshololo ya madi o a ba gakologelwa; ga a lebale go goa ga bahumanegi. 13 Nkutlwela botlhoko, Jehofa; leba go patikwa ga me ke ba ba nkilang, wena yo o ntlhatlosang mo dikgorong tsa loso; 14 gore ke tle ke bonatse pako yotlhe ya gago; ke tlaa re mo dikgotleng tsa morwadia Sione ke itumele mo polokeng ya gago. 15 Merafe e ribegetse ka lemena le e le dirileng; lonao lwa bone ka bosi lo tshwerwe ke lotloa lo ba lo thaileng mo phitlhong. 16 Jehofa o ipoletse, o dirile tshekiso; moikepi o tshwarisitswe ke tiro ya diatla tsa gagwe ka esi. HIGAIONE. Sela. 17 Baikepi ba tlaa boela Bobipong, e bong merafe yotlhe e e lebalang Modimo. 18 Gonne batlhoki ga ba ketla ba lebalwa ka metlha yotlhe, le fa e le tebelelo ya bahumanegi ga e ketla e nyelela ka bosakhutleng. 19 Tloga o eme, Jehofa, a motho a se fenye; a merafe e atlholwe mo ponong ya gago. 20 Jehofa, ba boifise; a merafe e ikitse fa e le batho fela. Sela. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa