Lipesalema 81 - BAEBELE e e BoitshepoTshiamo ya Modimo le ditoro tsa bonyana tsa Iseraele Pesalema ya ga Asafe. Ya moopedi yo mogolo; e laeletswe Gititha. 1 Opelelang Modimo, thata ya rona, ka mantswe a a tsholetsegileng; dudueletsang Modimo wa ga Jakobe ka boitumelo. 2 Tlhabeletsang pesalema, lereng kwano moropana, harepe e e natefang le saletare. 3 A go lediweng lonaka mo thogong ya kgwedi, fa kgwedi e le tshweu, mo letsatsing la modiro wa rona o o masisi. 4 Gonne ke tao mo go Iseraele, ke mo go laotsweng ke Modimo wa ga Jakobe. 5 O go tlhomile mo go Josefe go nna tshupo, jale ka a ralala lefatshe la Egepeto, kwa ke utlwileng puo gone, e ke neng ke sa e itse. 6 “Ka tlosa lerudi la gagwe mo morwalong; diatla tsa gagwe tsa gololwa mo serotong. 7 E rile o le mo tlalelong wa bitsa, mme ka go golola; ka go araba mo felong ga boiphitlhelo ga tumo ya maru; ka go leka fa metsing a Meriba. Sela. 8 “A ko o utlwe, tšhaba ya me, mme ke tlaa go supetsa; wena Iseraele, fa o ka bo o ne o ka ntheetsa! 9 A go se nne modimo ope wa seeng mo go wena; le gone o se ka wa obamela modimo ope wa seeng. 10 Ke nna Jehofa, Modimo wa gago, yo ke go tlhatlositseng mo lefatsheng la Egepeto; atlhamolosa legano la gago, mme ke tlaa le tlatsa. 11 “Mme batho ba me ga ba a ka ba reetsa lentswe la me; Iseraele ga a ka a nthaya sepe. 12 Jalo ka ba lesa ba latela kgwalalo ya pelo tsa bone, gore ba tle ba tsamaye mo dikgakololong tsa bone fela. 13 Ao, a bo batho ba me ba ka bo ba ntheetsa, Iseraele le ene o kabo a tsamaya mo ditseleng tsa me! 14 Ke ne ke tlaa akofa ke fenya baba ba bone, ke phetsolela letsogo la me kwa baganetsing ba bone. 15 Baidi ba ga Jehofa ba ne ba tlaa ineela mo go ene; mme lobaka lwa bone lo ne lo tlaa nna ka bosakhutleng. 16 Le gone o ne a tlaa ba jesa mabele a mantlentle bogolo; ke ne ke tlaa go kgorisa ka dinotshe tse di tswang mo lefikeng.” |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa