Lipesalema 8 - BAEBELE e e BoitshepoKgalalelo ya Modimo le tlotlo ya motho Pesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo; e laeletswe Gitithe. 1 Jehofa, Morena wa rona, a bo leina la gago le le lentle mo lefatsheng lotlhe! Wena yo o tlhomileng kgalalelo ya gago godimo ga magodimo. 2 O theile nonofo ka a a tswang melomong ya banyana le ba ba anyang, ka ntlha ya baganetsi ba gago, gore o tle o didimatse mmaba le mmusolosi. 3 E a re fa ke akanya magodimo a gago, tiro ya menwana ya gago, kgwedi le dinaledi tse o di baakantseng; 4 kana motho e be e le eng, fa e bo ne ne o mo gopola, le morwa motho, fa e bo ne ne o mo lekola? 5 Gonne o mo fokoditse boemo go le gonnye fela mo Modimong, wa mo rwesa kgalalelo le tlotlo. 6 Wa mo naya taolo mo ditirong tsa diatla tsa gago; o beile dilo tsotlhe tlase ga dinao tsa gagwe; 7 dinku tsotlhe le dikgomo, ee, le tsone ditshedi tsa naga; 8 dinonyane tsa loapi le ditlhapi tsa lewatle, sengwe le sengwe se se ralalang mawatle ka ditsela tsa one. 9 Jehofa, Morena wa rona, ana leina la gago le lentle jang mo lefatsheng lotlhe fela! |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa