Lipesalema 69 - BAEBELE e e BoitshepoSelelo sa bohutsana Pesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo; e laeletswe Shošanime. 1 Mpoloka Modimo, gonne metsi a tseneletse mowa wa me. 2 Ke roromela mo morageng o o boteng, kwa go se nang boemo; ke fitlhile mo metsing a a boteng, kwa merwalela e nkhurumetsang gone. 3 Ke lapisitswe ke go lela ga me; memetso ya me e phaphaletse; matlho a me a tlhaela ka ke lebeletse Modimo wa me. 4 Ba ba ntlhoileng ka bomo fela ba bantsi bogolo go meriri ya tlhogo ya me; ba ba ratang ba kabo ba nkgaola, e le baba ba me ka go sa siamang, ba thata thata; gone foo, ka rebola se ke sa se tsayang. 5 Modimo o a bo itse boeleele jwa me; le maleo a me ga a go subegela. 6 Ba ba go lebeletseng a ba se tlhajwe ke ditlhong ka nna, Jehofa, Modimo wa masomosomo; ba ba go batlang a ba se tlisiwe mo tlotlologong ka nna, Modimo wa Iseraele. 7 Gonne ke bogisegile kgobo ka ntlha ya gago; ditlhong di bipile sefatlhogo sa me. 8 Ke ntse moeng mo go bomorwa rre; ke motho o sele mo baneng ba ga mme. 9 Gonne tlhoafalelo ya ntlo ya gago e njele; e bile dikgobo tsa ba ba go kgobang di wetse mo go nna. 10 E rile ke lela ke otlhaya mowa wa me ka go ikitsa go ja, ya nna kgobo mo go nna. 11 E rile ke dira letsela la kgetse go nna seaparo sa me, ka tloga ka tswa seane mo go bone. 12 Ba ba tleng ba dule fa kgorong ba bua ka ga me; ke bile ke pina ya matagwa. 13 Ka ga me, morapelo wa me o koo go wena, Jehofa, mo motlheng o o lebosegang; Modimo, mo bontsing jwa boutlwelobotlhoko jwa gago, o nkarabe mo boammaaruring jwa poloka ya gago. 14 Ntshwatola mo morageng, mme o se ka wa ntesa ka roromela; a ke gololwe mo go ba ba ntlhoileng, mme ke tswe mo metsing a a boteng. 15 A morwalela wa metsi o se mphikame; le gone a bodiba jo bo botengteng bo se ka jwa nkometsa, mme molete o se ntswalele molomo ke le mo teng. 16 Nkaraba, Jehofa, ka gobo bopelonomi jwa gago jwa lorato bo molemo, ka fa bontsing jwa mapelonolo a manana a gago, retologela kwa go nna. 17 O se ka wa subela motlhanka wa gago sefatlhogo sa gago; gonne ke mo pitlaganong; nkaraba ka bonako. 18 Atamela mowa wa me, o o golole; nthekolola ka ntlha ya baba ba me. 19 Kgobo ya me o a e itse, le ditlhong tsa me, le tlotlologo ya me; baganetsi ba me botlhe fela ba fa pele ga gago. 20 Kgobo e phatlotse pelo ya me; ke imelesegile pelo, ka senka bangwe ba ba ka tlhomogang pelo; mme go ne go se na ope; le bagomotsi, mme ka se ka ka bona ope. 21 Ba bile ba nnaya santlhokwe go nna sejo sa me; le mo go nyorweng ga me ba nnaya bojalwa jo bo botšarara go bo nwa. 22 A lomati lwa bojelo lwa bone lo tswe serai fa pele ga bone; a e re ba le mo kagisong, lo tle lo nne seru fela. 23 A matlho a bone a fifale gore ba se bone; o bo o roromise ditheka tsa bone ka metlha yotlhe. 24 Ba goromeletse bogale jwa gago, mme a kgakalo ya bogale jwa gago e ba tshware. 25 A boago jwa bone bo nne tshwafalo fela; a go se age ope mo megopeng ya bone. 26 Gonne ba bogisa ene yo o mo iteileng; ba bolele bohutsana jwa ba o ba kwenesitseng. 27 Oketsa boikepo jwa bone ka boikepo, mme ba se tle mo tshiamong ya gago. 28 A ba phimolwe mo lokwalong lwa botshelo, ba se ka ba kwalwa le basiami. 29 Nna ke lehuma fela, le bohutsana fela; a poloka ya gago Modimo e mpeye kwa godimo. 30 Ke tlaa baka leina la Modimo ka sefela; ke tlaa o goletsa ka go ntsha malebogo. 31 Go tlaa kgatlha Jehofa bogolo go kgomo, le fa e le pholo e e nang le dinaka le ditlhako. 32 Bapelonomi ba go bonye, mme ba itumela; lona ba lo senkang Modimo, a pelo tsa lona di tshele. 33 Gonne Jehofa o utlwa batlhoki, o bile a sa nyatse bagolegwi ba gagwe. 34 A legodimo le mmake le lefatshe, le mawatle, le tsotlhe tse di bukunyang mo go one. 35 Gonne Modimo o tlaa boloka Sione, o tlaa aga metse ya Juta; mme ba tlaa nna gone, ba tlaa nna nayo e le boswa jwa bone. 36 Losika lwa batlhanka ba one le lone lo tlaa go rua; le ba ba ratang leina la one ba tlaa aga gone. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa