Lipesalema 4 - BAEBELE e e BoitshepoThapelo ya maitseboa ya boikanyo mo Modimong Pesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo; ka diletso tse di ditlhale. 1 A e re ke bitsa o nkarabe Modimo wa tshiamo ya me; o nkatlhamoloseditse bonno ke le mo pitlaganong; nkutlwela botlhoko mme o utlwe morapelo wa me. 2 Lona bomorwa batho, ana kgalalelo ya me e tlaa fetolwa tlotlologo goleele go le kaye? Lo tlaa rata dinyana lo latela maaka goleele go le kaye? Sela. 3 Itseng fa Jehofa a ipeetse ene yo e leng moetsa Modimo fa thoko; Jehofa o tlaa utlwa mogang ke tlhaeleletsang kwa go ene. 4 Emang ka poifo, mme lo se leofe; buabuang ka dipelo tsa lona mo malaong a lona, mme lo tuulale. Sela. 5 Isang ditlhabelo tsa tshiamo, lo ikanye Jehofa. 6 Go na le bantsi ba ba reng, e mang yo o tlaa re bontshang sengwe se se molemo? Jehofa, re tsholeletse lesedi la sefatlhogo sa gago. 7 O tsentse boitumelo mo pelong ya me, go gaisa jwa bone jwa motlha o mabele a bone le bojalwa jwa bone jwa mofine di totileng. 8 Ke tlaa rapama ke ba ke robala mo kagisong; gonne Jehofa ke wena wesi yo o nkagisang mo polokegong. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa