Lipesalema 3 - BAEBELE e e BoitshepoThapelo ya moso ya boikanyo mo Modimong Pesalema ya ga Dafite ya jale ka a tshaba Abesalome morwawe. 1 Jehofa, ana baganetsi ba me ba ntsifetse jang! Bone ba ba ntsogologelang ba bantsi. 2 Ba bantsi ba ba buang ka ga mowa wa me ba re: “Ga a na go thusiwa gope ke Modimo.” Sela. 3 Wena Jehofa, o thebe ka ntlha tsotlhe tsa me; o kgalalelo ya me le motsholetsa tlhogo ya me. 4 Ke tle ke bitse Jehofa ka lentswe la me, mme a nkarabe a le mo thabaneng ya gagwe e e boitshepo. Sela. 5 Ka rapama, mme ka robala; ka tsoga; ka go bo Jehofa o a nkokotletsa. 6 Ga nketla ke boifa makgolokgolo a batho ba ba inkemiseditseng ka ntlha tsotlhe. 7 Tloga o eme, Jehofa; o mpoloke, Modimo wa me; gonne o iteile baba ba me botlhe lesama; o robile meno a baikepi. 8 Poloka ke ya ga Jehofa; tshegofatso ya gago a e nne mo bathong ba gago. Sela. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa