Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 26 - BAEBELE e e Boitshepo


Thapelo ya mokopa thuso yo o senang molato
Pesalema ya ga Dafite.

1 Nkatlhola, Jehofa, gonne ke ntse ke tsamaya mo go tlhokeng molato ga me; ke bile ke ikantse Jehofa, ke sa kabakanye.

2 Nkeleka, Jehofa o mphukutse; leka diphilo tsa me, le pelo ya me.

3 Gonne bopelonomi jwa gago jwa lorato bo fa pele ga matlho a me; mme ke ntse ke tsamaya mo boammaaruring jwa gago.

4 Ke ntse ke sa dule le batho ba boithamako; le gone ga nketla ke tsenatsena le baitimokanyi.

5 Ke ila phuthego ya badira dibe, ke gana go dula le baikepi.

6 Ke tlaa tlhapa diatla tsa me mo bophepeng fela; jalo ke tlaa dikanyeletsa sebeso sa gago, Jehofa.

7 Gore ke tle ke utlwatse lentswe la tebogo, ke be ke bolele ka ga ditiro tsotlhe tsa gago tse di gakgamatsang.

8 Jehofa, ke rata boago jwa ntlo ya gago le felo fa kgalalelo ya gago, e agileng gone.

9 O se ka wa gogobela mowa wa me le baleofi, le fa e le botshelo jwa me le batsholodi ba madi;

10 ba bosenyi bo mo diatleng tsa bone, le ba seatla sa bone se segolo se tletseng dituelo tsa phaposo.

11 Ka ga me ke tlaa nna ke tsamaya mo go tlhokeng molato ga me; nthekolola, mme o nne kutlwelobotlhoko mo go nna.

12 Lonao lwa me lo eme fa go papannweng; ke tlaa baka Jehofa mo diphuthegong.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan