Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 139 - BAEBELE e e Boitshepo


Kitso yotlhe, le tlamelo ya Modimo mo bathong ba one
Pesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo.

1 Jehofa, o mphukuditse, mme o nkitsile.

2 O itse go dula ga me la go nanoga ga me, o tlhaloganyetsa mogopolo wa me kwa kgakala.

3 O hukutsa tselana ya me le go rapama ga me, mme o tlwaetse mekgwa ya me yotlhe fela.

4 Gonne ga go na lefoko lepe mo lolemeng lwa me, fa e se gore, Jehofa o le itse lotlhe fela.

5 O mpotile kwa morago le kwa pele, o beile seatla sa gago mo go nna.

6 Kitso e e ntseng jalo e nkgakgamatsa bobe; e kwa godimo, ga ke ka ke ka fitlha kwa go yone.

7 Kana ke ka bo ke ka ya kae ke tlogela mowa wa gago? Kgotsa sebonalo sa gago nka se tshabela kwa kae?

8 Fa ke tlhatlogela kwa legodimong, o bo o le gone; fa ke ala phate ya me mo Bobipong, bona, o bo o le gone fela.

9 Fa ke tsaya diphuka tsa moso, ke ba ke aga kwa tengteng ga dikhutlo tsa lewatle.

10 Le gone seatla sa gago se tlaa bo se nkgoga, le seatla sa gago se segolo se tlaa ntshwara.

11 Fa ke re: “Ruri lefifi le tlaa mpipa, le lesedi le le ntikologileng le tlaa nna bosigo.”

12 Le e leng lefifi ga le go bipele sepe; mme bosigo bo phatsima jaaka motshegare; lefifi le lesedi ke mo go tshwanang fela mo go wena.

13 Gonne o bopile diphilo tsa me; wa mpipa ke le mo sebopelong sa ga mme.

14 Ke tlaa go ntshetsa malebogo; gonne ke dirilwe ka mo go boitshegang le ka mo go gakgamatsang; di a gakgamatsa, ditiro tsa gago; mme goo mo, mowa wa me o a go itse sentle.

15 Popego ya me ga e a ka ya go fitlhegela jale ka ke dirwa mo bosaitsiweng, ka ke bopiwa ka maatlametlo kwa tlasetlase ga lefatshe.

16 Matlho a gago a ne a bona go nna ga me ke ise ke bopege, mme mo lokwalong lwa gago go ne go kwadilwe ditokololo tsotlhe tsa me, tse di neng di ntse di bopiwa ka letsatsi le letsatsi, le mororo go ise go nne epe ya tsone.

17 Le gone, Modimo, megopolo ya gago e ratega jang mo go nna! Fa e sopaanye, e a bo e le kgolo jang!

18 Fa nka bo ke e bala, e a bo e le mentsi thata, go feta palo ya mošawa; e a re ke kubuga ke be ke ntse ke na nao fela.

19 Ruri, o tlaa bolaya baikepi, Modimo; ke gone ntlogelang, lona batho ba lo nyorelwang madi a batho.

20 Gonne ba bua maswe ka ga gago, le baba ba gago ba umakela leina la gago lefela.

21 Jehofa, a ga ke ile bone ba ba go ilang? A ga ke a tlhokofadiwa ke ba ba go tsogologelang?

22 Ke a ba ila ka kilo e tona thata; ke ba kaya e le baba ba me.

23 Modimo, a ko o mphukutse, o bo o itse pelo ya me; nteka, mme o itse megopolo ya me;

24 o bone fa go na le mokgwa mongwe wa boikepo mo go nna; mme o nkgoge mo tseleng e e sa khutleng.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan