Lipesalema 105 - BAEBELE e e BoitshepoDikgakgamatso tsa Modimo ka ga Iseraele 1 A ko lo ntshetseng Jehofa malebogo, bitsang leina la gagwe; madiro a gagwe lo a itsefatse mo ditšhabeng. 2 Mo opeleleng, mo opeleleng dipako; buang ka ga ditiro tsa gagwe tsotlhe tse di gakgamatsang. 3 Kgantshang ka leina la gagwe le le boitshepo; a dipelo tsa ba ba batlang Jehofa di itumele. 4 Batlang Jehofa le thata ya gagwe; batlang sefatlhogo sa gagwe ka bosakhutleng. 5 Gakologelwang ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang tse o di dirileng; dikgakgamatso tsa gagwe, le dikatlholo tsa molomo wa gagwe; 6 lona losika lwa ga Aberahame, motlhanka wa gagwe; lona bana ba ga Jakobe, baitshenkedwi ba gagwe. 7 Ke ene Jehofa Modimo wa rona; dikatlholo tsa gagwe di mo lefatsheng lotlhe fela. 8 O ntse a gakologetswe kgolagano ya gagwe ka bosakhutleng, e bong lefoko le o le laoletseng dikokomana di le makgolo a some; 9 e bong kgolagano e o neng a e dira le Aberahame, le ikano ya gagwe le Isake; 10 mme ikano e, a e tlhomamisetsa Jakobe gore e nne molao o o emeng, le mo go Iseraele gore e nne kgolagano e e sa khutleng. 11 Ka a re: “Ke tlaa go naya lefatshe la Kanana, go nna kabelo ya boswa jwa lona.” 12 E le jale ba sa ntse ba se kaye mo palong; ee, ba se kayenyana, ba bile ba le bajaki fela mo go lone; 13 ba kgarakgatshega ka go nna ba tlhomaganya merafe fela, ba tswe mo bogosing bongwe ba ye mo tšhabeng e nngwe. 14 Ga a ka a leseletsa motho ope go ba direla tshiamololo; ee, o ne a kgalemela dikgosi ka ntlha ya bone; 15 a re: “Se ameng batlodiwa ba me, lo se ka lwa utlwisa baperofeti ba me botlhoko bope.” 16 A biletsa leuba mo lefatsheng; a roba seikokotlelo sotlhe sa senkgwe. 17 A roma monna yo o neng a ba etelela pele; Josefe a rekisiwa, a nna motlhanka; 18 dinao tsa gagwe ba di utlwisa botlhoko ka tse di golegang; a tsenngwa mo diketaneng tsa tshipi; 19 ga ba ga tla ga fitlha motlha wa go dirafala ga lefoko la gagwe; lefoko la ga Jehofa la mo leka. 20 Kgosi ya roma, ya mo hunolola dikgole; e bong molaodi wa ditšhaba, mme a mo lesa a tswa fela. 21 A mo dira morena wa ntlo ya gagwe, le molaodi wa dithoto tsotlhe tsa gagwe; 22 gore a golege dikgosana tsa gagwe ka fa o ratang ka gone, le gore a rute bagolwane ba gagwe botlhale. 23 Iseraele le ene a tla mo Egepeto; Jakobe a jaka mo lefatsheng la ga Hame. 24 Mme Jehofa a atisa ba gagwe thata, a ba baya go nna thata bogolo go feta baganetsi ba bone. 25 A sokolola pelo ya bone gore ba ile batho ba gagwe, go direla batlhanka ba gagwe ka boferefere. 26 A roma Moše, motlhanka wa gagwe, le ene Arone yo o mo itshenketseng. 27 Ba tlhoma ditshupo tsa gagwe fa gare ga bone, le dikgakgamatso tsa gagwe mo lefatsheng la ga Hame. 28 A tlhoma lefifi, mme a le fifatsa; mme ga ba a ka ba tsuololela mafoko a gagwe. 29 A fetola metsi a bone a nna madi, a bolaya ditlhapi tsa bone. 30 Lefatshe la bone la nna le lesaisai la digwagwa, le mo matlwaneng a dikgosi. 31 A bua, mme ga tla metshitshi ya dintshi le dinta mo melelwaneng yotlhe ya bone. 32 A ba naya sefako mo boemong jwa pula, le molelo o o tutumang mo lefatsheng la bone. 33 A kgemetha mafine a bone le one, le ditlhare tsa mafeige tsa bone; a robakanya ditlhare tsa melelwane ya bone. 34 A bua, mme tsie ya tla le seboko, mme ya bo e le mo go se nang palo, 35 mme tsa ja tsa swetsa merogo yotlhe mo lefatsheng la bone, tsa ba tsa ja tsa bilatsa loungo lwa mmu wa bone. 36 Le gone a gaila batsalwapele botlhe mo lefatsheng la bone, tshimologo ya thata yotlhe ya bone. 37 Mme a ba ntsha ba tswa ba na le selefera le gouta; mme go ne go se na motho ope yo o sekoa mo ditšhabeng tsa gagwe. 38 E rile ba bothologa, Egepeto a itumela; gonne poifo ya bone e ne e ba wetse. 39 A tsharolola leru go nna sesiro; le molelo go sedifatsa bosigo. 40 Ba lopa, mme a lere makwetekwio, a ba kgorisa ka senkgwe sa legodimo. 41 A arola lefika, metsi a tšhabanyetsega; a elela mo mafelong a a lokgere jaaka noka. 42 Gonne a gakologelwa lefoko la gagwe le le boitshepo le ene Aberahame motlhanka wa gagwe. 43 A ntsha batho ba gagwe, ba tswa ka boitumelo, le baitshenkedwi ba gagwe ka go opela; 44 a ba naya mafatshe a merafe; ba tsaya mohuhutso wa ditšhaba; ba o rua; 45 gore ba tle ba boloke ditao tsa gagwe, ba tlhokomele melao ya gagwe. Bakang Jehofa. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa