Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 102 - BAEBELE e e Boitshepo


Selelo sa yo o hutsafetseng
Pesalema ya mopatikwe, mogang o phikangwang ke bohutsana, mme a gorometsa boitoko jwa gagwe fa pele ga Jehofa.

1 A ko o utlwe morapelo wa me, Jehofa, mme a go goa ga me go ke go fitlhe koo go wena.

2 O se ka wa mphitlhela sefatlhogo sa gago mo letsatsing la pitlagano ya me; o ntshekegele tsebe; e re mo letsatsing le ke bitsang ka lone o nkarabe ka bonako.

3 Gonne malatsi a me a nyelela jaaka mosi; marapo a me le one a a ša jaaka serumola.

4 Pelo ya me e tapetegile jaaka bojang, e swabile; gonne ke lebala go ja sejo sa me.

5 Ka ntlha ya lentswe la go duma ga me, marapo a me a ngaparetse nama ya me.

6 Ke ntse jaaka khukara ya naga; ke fetogile jaaka morubisi wa marotobolo fela.

7 Ke ntse ke lebeletse, mme ke fetogile jaaka thaga e e ntseng e le nosi mo setlhoeng sa ntlo.

8 Baba ba me ba tlhola ba nkgoba ka letsatsi lotlhe; ba ba itirang ditsenwa ka ga me ba hutsakanya ka nna.

9 Gonne ke jele melora jaaka sejo, ka tlhakanya se ke se nwang le dikeledi.

10 Ke ka ntlha ya kgakatsego ya gago, le kgalefo ya gago; gonne o ntsholeditse wa ntatlhela koo.

11 Malatsi a me a tshwana le moriti o o yang go fela; mme ke swabile jaaka bojang.

12 Mme wena, Jehofa, o tlaa nnela ruri ka bosakhutleng; le segopodiso sa gago go ya ditshikatshikeng tsotlhe fela.

13 O tlaa nanoga o utlwela Sione botlhoko; gonne ke lobaka lwa go mo tlhomogela pelo; ee, lobaka lo lo laotsweng lo fitlhile.

14 Gonne batlhanka ba gago ba na le kgatlhego mo majeng a gone, ba tlhomogela lorole lwa gone pelo.

15 Jalo merafe e tlaa boifa leina la ga Jehofa, le dikgosi tsotlhe tsa lefatshe, di tlaa boifa kgalalelo ya gago;

16 gonne Jehofa o tsosolositse Sione go o aga; o bonetse mo kgalalelong ya gagwe.

17 O tlhokometse morapelo wa ba ba hotlhegileng ba se na sepe, ga a ka a nyatsa morapelo wa bone.

18 Moo, go tlaa kwalelwa losika lo lo tlang; mme tšhaba e e tlaa tlholwang e tlaa baka Jehofa.

19 Gonne o okometse a le kwa bogodimong jwa felo ga gagwe ga boitshepo; Jehofa o ne a lebile lefatshe a le kwa legodimong;

20 go utlwa go fegelwa ga mogolegwi; go hunolola ba ba laoletsweng loso;

21 gore batho ba tle ba bolele leina la ga Jehofa mo Sione, le pako ya gagwe mo Jerusalema;

22 mogang ditšhaba di phuthegileng di le mmogo, le magosi, go direla Jehofa.

23 O ne a koafatsa thata ya me mo tseleng; a khutsafatsa malatsi a me.

24 Ke ne ka re: “Modimo wa me we! O se ka wa ntlosa ke le fa gare ga malatsi a me; aitse dinyaga tsa gago tsone, di ya le ditshikatshika tsotlhe fela.

25 O sa le o thaya motheo wa lefatshe bogologolo; le magodimo ke tiro ya diatla tsa gago.

26 Tsone di tlaa nyelela, mme wena o tlaa nna fela; ee, tseo tsotlhe di tlaa onala jaaka seaparo; o tlaa di fetola jaaka morepo; mme di tlaa fetoga;

27 mme wena, o ntse o ntse jaaka o ntse fela; dinyaga tsa gago ga di ketla di dira le bokhutlo.

28 Bana ba batlhanka ba gago ba tlaa nna fela, le losika lwa bone lo tlaa tlhomamisiwa fa pele ga gago.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan