Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 101 - BAEBELE e e Boitshepo


Boitlamo jwa go tshela ka tshiamo
Pesalema ya ga Dafite.

1 Ke tlaa opela ka ga boutlwelobotlhoko le katlholo; Jehofa ke wena ke tlaa go opelelang dipako.

2 Ke tlaa ipaya ka boitlhokomelo mo tseleng e e lekanetseng; ana o tlaa tla leng mo go nna? Ke tlaa tsamaya mo teng ga ntlo ya me ka pelo e e itekanetseng.

3 Ga nketla ke baya sepe se se maswe fa pele ga matlho a me; ke ila tiro ya ba ba fapogang; ga e ketla e nngaparela.

4 Pelo e e lesoko e tlaa ntlogela; ga nketla ke itse sepe se se bosula.

5 Motho yo o pateletsang wa ga gabo kwa ditshebong, ene ke tlaa mo senya; yo o matlho a a pagameng a na le pelo ya boikgodiso, ga nketla ke mo leseletsa.

6 Matlho a me a tlaa nna mo go ba ba ikanyegang ba lefatshe, gore ba tle ba age le nna; yo o tsamayang mo tseleng e e lekanetseng, ene o tlaa ntirela.

7 Yo o dirang tsietso ga a ketla a aga mo teng ga ntlo ya me; yo o buang bolotsana ga a ketla a tlhomama fa pele ga matlho a me.

8 Ka moso le moso ke tlaa nna ke senya baikepi botlhe ba lefatshe, go kgaola badiri botlhe ba boikepo mo motseng wa ga Jehofa.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan