Likhutsahalelo 1 - BAEBELE e e BoitshepoKhutsafalo ka ga Jerusalema 1 Ana motse o dutse o ntse matlotla jang, o o neng o ntse o tletse batho! O fetogile mosadi wa motlholagadi jang! Ene yo o ne a le mogolo mo merafeng, e le morwadia kgosi mo dikgaolong tsa lefatshe, o tsile a nna montsha lekgetho jang! 2 O lela mo go botlhoko bosigo, dikeledi tsa gagwe di mo marameng a gagwe; mo baratweng botlhe ba gagwe, ga a na ope yo o mo gomotsang; ditsala tsotlhe tsa gagwe di mo diretse ka bolotsana, di fetogile baba ba gagwe. 3 Juta o ile botshwarong ka ntlha ya patiko, le ka ntlha ya botlhanka jo bogolo; o agile mo merafeng, ga a bone boikhutso. Babogisi botlhe ba gagwe ba mo tshwaretse mo teng ga mogala wa gopo. 4 Ditsela tsa Sione di a hutsafala, ka go bo go sa tle ope phuthegong e e laotsweng; dikgoro tsotlhe tsa gagwe di swafetse; baperesiti ba gagwe ba a fegelwa; makgarebane a gagwe a a patikwa, le ene ka esi o mo bogalakeng. 5 Baganetsi ba gagwe ba fetogile ba nna tlhogo, baba ba gagwe ba a segofala; gonne Jehofa o mo patikile ka ntlha ya bontsi jwa ditlolo tsa gagwe. Banyana ba bannye ba gagwe ba ile botshwarong fa pele ga moganetsi. 6 Mo go morwadia Sione bontle jotlhe jwa gagwe bo tlogile; dikgosana tsa gagwe di fetogile di ntse jaaka dikwalata tse di sa boneng bofulo, mme di tsamaile, di koafetse fa pele ga mokonatedi. 7 Mo metlheng ya patikego ya gagwe, le mo manyobonyobong a gagwe, Jerusalema o gakologelwa dilo tsotlhe tsa gagwe tse di eletsegang tsa metlha ya bogologolo; e rile batho ba gagwe ba wela mo seatleng sa mmaba, mme go se na ope yo o mo thusang, baganetsi ba mmona, ba sotla ka ditshwafalo tsa gagwe. 8 Jerusalema o leofile thata; ke gone o fetogile o ntse jaaka selo se se maswe; botlhe ba ba kileng ba mo tlotla ba a mo nyatsa, ka ba bonye bosaikategang jwa gagwe. Ee, o a fegelwa, mme o retologile kwa morago. 9 Bomaswe jwa gagwe bo ne bo le mo ditswalong tsa gagwe tse di kgokgothang; ga a ka a gakologelwa bokhutlo jwa gagwe; ke gone o ileng kwa tlase mo go gakgamatsang; ga a na mogomotsi. “Jehofa, bona patikego ya me; gonne mmaba o ikgodisitse.” 10 Moganetsi o atlareleditse mo dilong tsotlhe tsa gagwe tse di eletsegang diatla. Gonne o bonye fa merafe e tsenye mo felong ga gagwe ga boitshepo, ba o laotseng ka ga bone, wa re: Ba se ka ba tsena mo phuthegong ya gago. 11 Batho botlhe ba gagwe ba a fegelwa, ba batla dijo; ba ntshitse dilo tsa bone tse di eletsegang ba anantse ka tsone dijo tsa go ikidibolola ka tsone. “Jehofa, a ko o lebe, o bone; gonne ke befile thata.” 12 “A e a bo e se sepe mo go lona lotlhe ba lo fetang ka tsela? Lebang, lo bone bo go na le bohutsana bongwe jo bo tshwanang le bohutsana jwa me, jo ke bo dirwang, jo Jehofa o mpatikileng ka jone mo motlheng wa bogale jwa gagwe jo bo tukang. 13 O tsentse molelo o o tswang godimong mo marapong a me, mme wa a fenya. O aletse dinao tsa me lotloa, o mpuseditse kwa morago; o ntshwafaditse, o nkidibaditse motshegare otlhe. 14 “Jokwe ya ditlolo tsa me e golegilwe ke seatla sa gagwe; di logantswe, di palame mo thamong ya me; o tlhaedisitse thata ya me, Morena o ntsentse mo diatleng tsa batho ba ke se nang thata ya go emalana nabo. 15 Morena o nyaditse banna ba ba diganka botlhe ba me mo gare ga me; o mpileditse phuthego e e masisi go tla go pitla makau a me. Morena o gatakile kgarebana morwadia Juta jaaka e ka bo e le mo kgatisetsong ya bojalwa jwa mofine. 16 “Ke lelela dilo tse; leitlho la me, leitlho la me le tshologa metsi; ka go bo mogomotsi yo o ne a tshwanetse go rudisa mowa wa me o kgakala le nna. Bana ba me ba ntse lore fela, gonne mmaba o fentse.” 17 Sione o atlaretse diatla tsa gagwe; ga go na ope yo o mo gomotsang; Jehofa o laotse ka ga Jakobe, gore ba ba mo tikologong ya gagwe e nne baganetsi ba gagwe. Jerusalema o ntse mo go bone jaaka selo se se maswe. 18 “Jehofa o tshiamo; gonne ke tsuololetse taolo ya gagwe. Ke a lo rapela, utlwang lona ditšhaba tsotlhe, lo bone bohutsana jwa me. Makgarebane a me, le makau a me a ile botshwarong. 19 Ka bitsa baratiwa ba me, mme ba ntsieditse; baperesiti ba me le bagolwane ba me ba gonogela mo motseng, ba sa ntse ba batla dijo tsa go ikidibolola ka tsone. 20 “Jehofa a ko o lebe, gonne ke mo pitlaganong, boteng jwa me bo huduegile; pelo ya me e pitikologile mo teng ga me; gonne ke tsuolotse thata; kwa ntle tšhaka e thukhutha batho bana, le mo gae go ntse jaaka loso fela. 21 Ba utlwile fa ke fegelwa; ga go na ope yo o ka nkgomotsang; baba botlhe ba me ba utlwetse pitlagano ya me; ba itumela ka o go dirile. O tlaa fitlhisa letsatsi le o le boletseng, mme ba tlaa tshwana le nna. 22 “A boikepo jotlhe jwa bone bo tle fa pele ga gago; o ba direle jaaka o ntireletse ditlolo tsotlhe tsa me. Gonne diphegelo tsa me di dintsi, le pelo ya me e idibetse.” |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa