Liane 13 - BAEBELE e e Boitshepo1 Ngwana wa mosimane yo o botlhale o utlwa thuto ya ga rraagwe, mme mosotli ga a utlwe kgalemelo. 2 Motho o tlaa ja se se molemo ka loungo lwa molemo wa gagwe, mme mowa wa yo o bonongwane o tlaa ja thubakego. 3 Yo o dibelang molomo wa gagwe o ipolokela botshelo, mme yo o atlhamolosang dipounama tsa gagwe thata o tlaa bona tshenyego. 4 Mowa wa serorobe o a eletsa, mme ga o na sepe, mme mowa wa motlhoafadi o tlaa nontshiwa. 5 Motho yo o siameng o ila maaka, mme motho yo e leng moikepi o nkga sebodu, mme o wela mo ditlhonngeng. 6 Tshiamo e dibela ene yo o thokgameng mo tseleng, mme boikepo bo ribegetsa moleofi. 7 Go na le yo o ikhumisang, le fa go ntse jalo ga a na sepe; go na le yo o ikhumanegisang, le fa go ntse jalo a ne le khumo e kgolo. 8 Serekololo sa botshelo jwa motho ke dikhumo tsa gagwe, mme mohumanegi ga a utlwe go bopelwa gope. 9 Lesedi la mosiami le a itumela, mme lobone lwa moikepi lo tlaa tingwa. 10 Go tla komano fela ka boikgodiso, mo go yo o amogetseng kgakololo sentle go na le botlhale. 11 Khumo e e bonyweng ka boithamako e tlaa ngotlafadiwa, mme yo o phuthang ka go dira ka mabogo o tlaa totelwa. 12 Tsholofelo e e diegisiwang e tle e ngodise pelo, mme motlhang seeletso se tlang e be e le setlhare sa botshelo. 13 Le fa e le mang yo o nyatsang lefoko o iteretse tshenyego, mme yo o boifang taolo o tlaa duelwa. 14 Molao wa ba ba botlhale ke motswedi wa botshelo, ke go tlogela diru tsa loso. 15 Tlhaloganyo e e molemo e naya motho botsalano, mme tsela ya yo o bonongwane e makgawekgawe fela. 16 Motho mongwe le mongwe yo o bonokopela o dira ka kitso, mme seeleele se tle se tsharolole bosilo. 17 Morongwa yo o ikepang o wela mo bosuleng, mme morongwa yo o boikanngo ke phodiso. 18 Khumanego le ditlhong di tlaa nna kwa go yo o ganang thuto, mme yo o elang kgalemelo tlhoko o tla tlotlwa. 19 Keletso e e dirafetseng e monate mo moeng, mme go fedise dieleele pelo go tloga mo bosuleng. 20 Tsamaya le batho ba ba botlhale, mme o tlaa nna botlhale, mme monkana wa dieleele o tlaa utlwisiwa botlhoko ke gone. 21 Bosula bo khukhela baleofi, mme basiami ba tlaa duelwa ka molemo. 22 Motho yo o molemo o tlogelela bana ba gagwe boswa, mme khumo ya moleofi e beetswe basiami. 23 Go dijo dikgolo mo temong ya bahumanegi, mme go tle go nne le mo go senngwang ka ntlha ya go faposiwa ga tshiamiso. 24 Yo o rekegelang thupa o ila morwawe, mme yo o mo ratang o tle a mo watlhae go sa le gale. 25 Mosiami o jela go kgorisa mowa wa gagwe, mme mpa ya moikepi e tlaa gabalala. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa