Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Levitiko 4 - BAEBELE e e Boitshepo


Ditshupelo tsa boleo

1 Jehofa a bua le Moše a re:

2 “Bua le bana ba Iseraele o re: E tlaa re fa motho a ka leofa a sa itse, mo go sengwe sa dilo tse Jehofa o laotseng gore di se ka tsa dirwa, mme a dira sengwe sa tsone:

3 “E tlaa re fa moperesiti yo o tloditsweng a leofa, a ba a leretse batho molato; foo, a a isetse boleo jwa gagwe jo o bo leofileng kgongwana e tona e e se nang bogole, a e isetse Jehofa, e le tshupelelo ya boleo.

4 A a ise kgongwana fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo fa pele ga Jehofa, a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya kgongwana, a tlhabe kgongwana fa pele ga Jehofa.

5 Moperesiti yo o tloditsweng a tseye ga madi a kgongwana, a a ise mo mogopeng wa bophuthegelo.

6 Moperesiti a ine monwana wa gagwe mo mading, a kgatshe madi gasupa fa pele ga Jehofa, fa pele ga sesiro sa felo ga boitshepo.

7 A moperesiti a beye madinyana mo dinakeng tsa sebeso sa maswalo a a nkgang monate, se se mo mogopeng wa bophuthegelo, fa pele ga Jehofa; mme madi otlhe a kgongwana a tshololelwe fa tlase ga sebeso sa tshupelo e e fisiwang, se se fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo.

8 Mafura otlhe a kgongwana ya tshupelelo ya boleo a a tlose mo go yone; lomipi le mafura otlhe a boteng;

9 le diphilo tsoo pedi le matlhaname a tsone a a fa dinokeng, le lotswalo lo lo ntseng sebete godimo lo na le diphilo, dilo tse tsotlhe a a di tlose,

10 jaaka go tlosiwa mo kgomong ya tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti a di fisetse mo sebesong sa tshupelo e e fisiwang.

11 Letlalo la kgongwana le nama yotlhe ya yone, le tlhogo ya yone, le ditlhako tsa yone, le diteng tsa yone, le moswang wa yone,

12 e bong kgongwana e le mmogo, a a e ise kwa ntle ga bothibelelo kwa felong fa gontle, kwa molora o tle o thelwe gone, a e fise ka molelo e le mo godimo ga dikgong; kwa molora o thelwang gone, e fisediwe teng.

13 “Fa phuthego yotlhe ya Iseraele e timela, mme selo se, se fitlhegetse matlho a phuthego, mme ba dirile sengwe sa dilo tse Jehofa o laotseng gore di se ka tsa dirwa, mme ba le molato;

14 e tlaa re mogang boleo jo ba bo leofileng bo itsiwe, foo phuthego yotlhe e ise kgongwana e tona tshupelelo ya boleo, ba e ise fa pele ga mogope wa bophuthegelo.

15 A bagolwane ba phuthego ba beye diatla tsa bone mo tlhogong ya kgongwana, fa pele ga Jehofa, mme a kgongwana e tlhajwe fa pele ga Jehofa.

16 Moperesiti yo o tloditsweng a ise ga madi a kgongwana mo mogopeng wa bophuthegelo;

17 moperesiti a ine monwana wa gagwe mo mading, mme a a kgatshe gasupa fa pele ga Jehofa, fa pele ga sesiro.

18 A a tshase madi mo dinakeng tsa sebeso se se fa pele ga Jehofa, se se mo mogopeng wa bophuthegelo, mme madi a otlhe, a a tshololele fa tlase ga sebeso sa tshupelo e e fisiwang, se se fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo.

19 Mafura otlhe a yone a a a tlose mo go yone, a a fisetse mo sebesong.

20 A a dire jalo ka kgongwana, jaaka a dirile ka kgongwana ya tshupelo ya boleo, a a dire jalo ka yone e; moperesiti o tlaa bo a ba direla tetlanyo, mme ba tlaa itshwarelwa.

21 Kgongwana a a e ise kwa ntle ga bothibelelo a e fise jaaka a fisitse kgongwana ya ntlha; ke tshupelo ya boleo ya phuthego.

22 “Fa molaodi a leofa a sa itse, a dira sengwe sa dilo tse Jehofa Modimo o laotseng gore di se ka tsa dirwa, a a nne molato;

23 e re fa a itsisitswe boleo jwa gagwe jo o leofileng ka jone, a a ise podi seromololo, e le e tona e e se nang bogole.

24 A a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya podi, a e tlhabe mo felong fa ba tleng ba tlhabele tshupelo e e fisiwang teng fa pele ga Jehofa; ke tshupelo ya boleo.

25 Moperesiti a tseye madinyana a tshupelelo ya boleo ka monwana wa gagwe, a a tshase mo dinakeng tsa sebeso sa tshupelo e e fisiwang, madi a yone a a tshololele fa tlase ga sebeso sa tshupelo e e fisiwang.

26 Mafura otlhe a yone a a fisetse mo sebesong, jaaka mafura a tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo ka ga boleo jwa gagwe, mme o tla itshwarelwa.

27 “E tlaa re fa mongwe wa ba ba leng batho fela a leofa a sa itse, ka go dira sengwe sa dilo tse Jehofa o laotseng gore di se ka tsa dirwa, mme a le molato;

28 fa a itsisitswe boleo jwa gagwe jo o bo leofileng, foo a a ise podi seromololo, e le e namagadi e e se nang bogole, a e isetse boleo jo o bo leofileng.

29 A a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya tshupelo ya boleo, a tlhabele tshupelelo ya boleo mo felong ga tshupelo e e fisiwang.

30 Moperesiti a tseye madinyana ka monwana wa gagwe, a a beye mo dinakeng tsa sebeso sa tshupelo e e fisiwang, madi otlhe a yone a a tshololele fa tlase ga sebeso.

31 Mafura otlhe a yone a a tlose jaaka go tlosiwa mafura a tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti a a fisetse mo sebesong, e le monko o o monate mo go Jehofa; mme moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo, mme o tlaa itshwarelwa.

32 “Fa a isa kwanyana e le seromololo sa gagwe sa tshupelo ya boleo, a e ise e le e namagadi e e se nang bogole.

33 A a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya tshupelelo ya boleo, a e tlhabe e le tshupelelo ya boleo mo felong fa ba tleng ba tlhabele tshupelo e e fisiwang gone.

34 Moperesiti a tseye madinyana a tshupelelo ya boleo ka monwana a a tshase mo dinakeng tsa sebeso sa tshupelo e e fisiwang, mme madi otlhe a yone a a tshololele fa tlase ga sebeso.

35 Mafura otlhe a yone a a tlose, jaaka go tlosiwa mafura a kwanyana mo tlhabelong ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti a a fisetse mo sebesong, mo godimo ga ditshupelo tsa ga Jehofa, tse di dirwang ka molelo; moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo ka ga boleo jwa gagwe jo o bo leofileng, mme o tlaa itshwarelwa.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan